1 BAKORINTHE 10

A re se raeleng Modimo jaaka Baiseraele!

1 Ba ga etsho, ga ke rate lo tlhoka go itse gore borraetsho botlhe ba ne ba le fa tlase ga leru, le gore botlhe ba tshedile lewatle;

2 botlhe ba ne ba kolobediwa ka leru le ka lewatle, gore e nne ba ga Moše;

3 botlhe ba ja sejo se le sengwe fela sa mowa;

4 botlhe ba nwa seno se le sengwe fela sa mowa; gonne ba ne ba nwa se se tswang mo lefikeng la mowa le le ba setseng morago, mme lefika leo e ne e le Keresete.

5 Mme Modimo wa se ka wa kgatlhwa ke bontsi jwa bone; gonne ba bolaetswe mo sekakeng.

6 Mme dilo tseo di dirafetse go nna dikao mo go rona gore re se eletse tse di bosula jaaka bone ba ne ba di eletsa.

7 Le gona se nneng badiredi ba medimo ya diseto jaaka bangwe ba bone; jaaka go kwadilwe ga twe: “Morafe o ne wa nnela go ja le go nwa, ba tloga ba nanoga go tshameka.”

8 Gape, a re se akafaleng jaaka bangwe ba bone ba ne ba akafala, ga ba ga swa ba le 23 000 ka letsatsi le le lengwe.

9 Le gona a re se raeleng Morena jaaka bangwe ba bone ba ne ba mo raela, ba tloga ba nyelediwa ke dinoga.

10 Gape, se ngongoregeng jaaka bangwe ba bone ba ne ba ngongorega, ba be ba nyelediwa ke mmolai.

11 Dilo tsotlhe tseo di ne tsa ba dirafalela go nna dikao; mme di kwaletswe tlhagiso ya rona ba bokhutlo jwa metlha ya lefatshe bo re atametseng.

12 Ka ntlha ya moo he, a e re yo o iponang a eme, a itise gore a se ka a wa!

13 Lona ga lo ise lo tshwarwe ke thaelo epe e e ka palelang motho. Mme Modimo o boikanyo, o o se kitlang o lo lesa lwa raelwa mo go fetang thata ya lona, mme o tla lo direla phatlha mo thaelong gore lo kgone go e itshokela.

Tirelo-Modimo le tirelo ya medimo ya diseto

14 Baratwi ba me, tshabang tirelo ya medimo ya diseto ka ntlha ya moo!

15 Ke bua le lona, lo le ba ba tlhaloganyang ka re: Akanyang se ke se buang!

16 Senwelo sa tshegofatso se re se lebogelang, a ga se go nna le kabelo mo mading a ga Keresete le go kopanngwa nao? Le senkgwe se re se nathoganyang, a ga se go nna le kabelo mo mmeleng wa ga Keresete le go kopanngwa nao?

17 E re ka e le senkgwe se le sengwe fela, rona ba re leng bantsi re mmele o le mongwe fela; ka gonne rotlhe re tlhakanela senkgwe se le sengwe fela.

18 Lebang ba e leng Baiseraele ka fa botsalong: Bone ba ba jang ditlhabelo a ga ba na kabelo mo aletareng?

19 Jaanong ke reng? A nama ya setlhabelo sa modimo wa seseto ke sengwe? A kampo modimo wa seseto ke sengwe?

20 Nnyaya! Mme ka re, tse baheitane ba di tlhabelang ba di tlhabela medemone, e seng Modimo. Mme nna ga ke rate gore lo ikopanye le medemone.

21 Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena le senwelo sa medemone; ga lo ka ke lwa jela mo tafoleng ya Morena le mo tafoleng ya medemone.

22 A kampo re rata go tsosa lefufa la Morena? A re mo feta ka thata?

23 Dilo tsotlhe di letleletswe, mme ga di thuse tsotlhe; dilo tsotlhe di letleletswe, mme ga di age phuthego tsotlhe.

24 A go se nne ope yo o ipatlelang tsa gagwe, mme mongwe le mongwe a a batlele yo mongwe.

Kgololesego ya bokeresete

25 Tsotlhe tse di rekisiwang mo ntlong ya dinama, lo ka di ja, lo sa botsolotse sepe ka ntlha ya segakolodi;

26 gonne lefatshe ke la Morena, le tsotlhe tse di mo go lone.

27 E re fa mongwe wa ba ba sa dumeleng a ka lo laletsa, mme lo rata go ya teng, lo je tsotlhe tse ba di lo bayang pele, lo sa botsolotse sepe ka ntlha ya segakolodi.

28 Mme fa mongwe a ka lo raya a re, se ke nama ya setlhabelo sa medimo, foo lo se ka lwa ja ka ntlha ya yo o lo boleletseng le ka ntlha ya segakolodi.

29 Fela ga ke ree segakolodi sa gago, ke raya sa yo mongwe. Kana kgololesego ya me e ka sekisediwang ke segakolodi sa yo mongwe?

30 Fa ke amogela ka tebogo, ke ka kgalelwang ka ntlha ya se ke se lebogelang?

31 Jaanong le fa lo ja gongwe lo nwa kampo lo dira se sele, dirang tsotlhe go tlotla Modimo ka tsona!

32 Se kgopiseng Bajuta gongwe Bagerika le e seng phuthego ya Modimo,

33 jaaka le nna ke itumedisa botlhe mo go tsotlhe, ke sa batle thusego ya me, mme ke batla ya ba bantsi gore ba pholosiwe.