1 Nnang baetsi ba me, jaaka le nna ke le moetsi wa ga Keresete.
Ka ga maitsholo a banna le basadi mo phuthegong
2 Ke a lo boka, ka lo nkgopola mo go tsotlhe, e bile lo tshegeditse ditao, ka fa ke di lo laetseng ka teng.
3 Ke rata lo a itse gore Keresete ke tlhogo ya monna mongwe le mongwe, monna ene ke tlhogo ya mosadi, Modimo ona ke tlhogo ya ga Keresete.
4 Monna mongwe le mongwe, fa a rapela gongwe a bua jaaka moporofeti, a rwele sengwe mo tlhogong, o tlotlolola tlhogo ya gagwe.
5 Mme mosadi mongwe le mongwe, fa a rapela gongwe a bua jaaka moporofeti, a sa bipa tlhogo, o tlotlolola tlhogo ya gagwe; gonne go tshwana fela jaaka fa a beotswe.
6 Gonne fa mosadi a sa ipipe tlhogo, le gona a a beolwe; mme fa e le ditlhong mo mosading go beolwa gongwe go pongwa moriri, a a ipipe tlhogo.
7 Monna ene ga a a tshwanela go ipipa tlhogo, ka e le ene setshwano sa Modimo le tlotlo ya ona; mosadi ene ke tlotlo ya monna;
8 gonne monna ga a a dirwa ka mosadi, mosadi ke ene o dirilweng ka monna.
9 Kana e bile monna ga a a botšwa ka ntlha ya mosadi, mosadi ke ene o bopilweng ka ntlha ya monna.
10 Ke ka moo mosadi o tshwanetseng go nna le sesupo sa go laolwa mo tlhogong ka ntlha ya baengele.
11 Le gale mo Moreneng mosadi ga a ka ke a nna teng kwa ntle ga monna, le monna ga a ka ke a nna teng kwa ntle ga mosadi;
12 gonne monna o teng ka mosadi jaaka le mosadi a tswa mo monneng; mme tsotlhe di tswa mo Modimong.
13 Atlholang ka losi gore a ke tshwanelo, fa mosadi a ka rapela Modimo, a sa bipa tlhogo?
14 A kampo tlhago ga e lo rute ka yosi gore, fa monna a na le moriri o moleele, ke tlotlologo mo go ene?
15 Le gore mosadi ene, fa a na le moriri o moleele, ke tlotlo mo go ene? Gonne o neilwe moriri o moleele go nna sebipo.
16 Mme fa mongwe a rata go ganetsa, a a itse gore rona ga re na mokgwa o sele, le fa e le tsona diphuthego tsa Modimo.
Mokgwa wa go amogela Selalelo sa Morena
17 Se sengwe se ke ratang go se lo laela ke se: Ga ke lo boke; ka gonne go phuthega ga lona ga go lo okeletse molemo, go lo okeletsa bosula.
18 Gonne se segolo ke utlwa go twe: E a re fa lo phuthega mo phuthegong, go nne dikgaogano mo go lona; mme ntlha e nngwe ke a dumela.
19 Gonne dikgaogano di tshwanetse go nna teng mo go lona gore ba ba tlhomameng mo go lona ba bonatsege.
20 Jaanong e a re fa lo phuthegele felong go le gongwe, go bo go pale go ja Selalelo sa Morena.
21 Gonne fa go jewa, mongwe le mongwe o a tle a je dijo tsa gagwe pele, mme yo mongwe a sale ka tlala, yo mongwe ene a tlhapelwe.
22 A ga lo na matlo a go jela le go nwela teng? A kampo lo nyatsa phuthego ya Modimo, a lo swabisa bone ba ba se nang sepe? Ke tla lo raya ke reng? A ke lo boke? Mo go tseo ga ke lo boke.
23 Kana ke amogetse mo Moreneng se ke se lo neileng, gore Morena Jesu o ne a tsaya senkgwe mo bosigong jo o tshwarisitsweng ka jona,
24 a se lebogela, a se nathoganya a re: “Tsayang lo je! Se ke mmele wa me o o neelwang losong boemong jwa lona. Dirang jalo go nkgopola!”
25 A ba a tsaya senwelo jalo morago ga selalelo a re: “Senwelo se ke kgolagano e ntšhwa ka madi a me. E ne e re fa lo nwa ka sona, lo dira jalo go nkgopola!”
26 Gonne ka gale, fa lo ja senkgwe se le go nwa senwelo se, lo a bo lo itsise loso lwa Morena, go ya a ba a tle.
27 Ka moo he, yo o jang senkgwe se, gongwe a nwa senwelo sa Morena ka mokgwa o o sa tshwanelang, o tla bo a leofela mmele wa Morena le madi a gagwe.
28 Mme a motho a itlhatlhobe pele, morago ga moo a je senkgwe se, a ba a nwe ka senwelo se;
29 gonne yo o jang, a ba a nwa ka mokgwa o o sa tshwanelang, o ijela le go inwela petso, ka a sa tlotle mmele wa Morena.
30 Ke gona ka moo go leng ba bantsi mo go lona ba ba bokoa le ba ba lwalang; ba bantsi ba robetse.
31 Gonne fa re ka bo re itshekisa, re ka bo re sa atlholwe.
32 Mme fa re atlholwa, re watlhaiwa ke Morena gore re se ka ra atlholelwa tatlhego mmogo le lefatshe.
33 Jalo he, ba ga etsho, e re fa lo phuthegela go ja, lo letane!
34 Mme fa mongwe a tshwerwe ke tlala, a a je kwa gae gore go phuthega ga lona go se lo tsisetse go atlholelwa molato. Mme dilo tse di setseng ke tla di rulaganya motlhang ke tlang koo.