1 BAKORINTHE 12

Dineo tsa Mowa

1 Ba ga etsho, ga ke rate gore lo tlhoke kitso ka ga dineo tsa Mowa.

2 Lo itse gore e rile lo sa le baheitane, lwa gogelwa kwa medimong ya diseto e e dimumu jaaka lo timeditswe.

3 Ke ka moo ke lo itsiseng gore ga go ope yo e ka reng a bua ka Mowa wa Modimo a re: “A go hutsiwe Jesu!” E bile ga go ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena!” fa e se ka Mowa o o Boitshepo.

4 Go na le dineo tse di sa tshwaneng, mme Mowa o mongwe fela;

5 go na le ditirelo tse di farologanyeng, mme Morena o mongwe fela;

6 go na le dinonofo tsa mefutafuta, mme Modimo o mongwe fela o o dirang tsotlhe mo go botlhe.

7 Mongwe le mongwe o newa ponatshego ya Mowa go nna thusego ya botlhe.

8 Gonne yo mongwe o newa go bua ka botlhale ka Mowa, yo mongwe go bua ka kitso ka ona Mowa oo;

9 yo mongwe o newa tumelo ka ona Mowa oo, yo mongwe dineo tsa go fodisa ka ona Mowa oo;

10 yo mongwe go dira dikgakgamatso, yo mongwe go bua jaaka moporofeti, yo mongwe go farologanya mewa, yo mongwe mefuta ya dipuo tsa loleme, yo mongwe phuthololo ya dipuo tseo.

11 Mme dilo tsotlhe tseo di dirwa ke ona Mowa o mongwe fela oo, o o abelang mongwe le mongwe ka fa o ratang ka teng.

Bongwefela jwa mmele, bontsi jwa ditokololo

12 Gonne go ntse jaaka go le mmele o le mongwe o o nang le ditokololo tse dintsi, mme ditokololo tsotlhe tsa mmele, le fa di le dintsi, e le mmele o le mongwe fela: Keresete le ene o ntse jalo.

13 Gonne le rona rotlhe re kolobeleditswe go nna mmele o le mongwe fela ka Mowa o le mongwe fela, le fa re le Bajuta gongwe Bagerika, le fa re le batlhanka gongwe bagololesegi, rotlhe re nositswe Mowa o le mongwe fela.

14 Kana le ona mmele ga se tokololo e le nngwe fela, ke ditokololo tse dintsi.

15 Fa lonao lo ka re: “E re ka ke se seatla, ga ke wa mmele;” le fa lo ka re jalo, e ntse e le lwa mmele.

16 Fa tsebe e ka re: “E re ka ke se leitlho, ga ke wa mmele;” le fa e ka re jalo, e ntse e le ya mmele.

17 Fa mmele otlhe e ka bo e le leitlho, kutlo e ka bo e le kae? Fa mmele otlhe e ka bo e le kutlo, go dupa go ka bo go le kae?

18 Mme jaanong Modimo o beile ditokololo mo mmeleng, nngwe le nngwe ya tsona ka fa go rateng ga ona.

19 Fa tsotlhe e ka bo e le tokololo e le nngwe fela, mmele o ka bo o le kae?

20 Mme jaanong ditokololo di dintsi, mme mmele ona o mongwe fela.

21 Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: “Ga ke go batle;” gongwe le tlhogo ya raya dinao ya re: “Ga ke lo batle.”

22 Nnyaya; kana ditokololo tsa mmele tse e keteng ke tse di bokoa, ke tsona tse di batlegang bogolo;

23 le ditokololo tsa mmele tse rona re reng di tlhoka tlotlo, ke tsona tse re di tlotlang bogolo; le tse e seng tse dintle tsa rona di kgabisiwa bogolo;

24 kana tse dintle tsa rona ga di batle go kgabisiwa. Mme Modimo o lomagantse mmele ka go naya tokololo e e sa tlotlegeng tlotlo e kgolo bogolo,

25 gore go se nne phapaano mo mmeleng, mme ditokololo di tlamelane ka go utlwana.

26 Fa tokololo e le nngwe e ka boga, ditokololo tsotlhe di boga nayo; kampo fa tokololo e le nngwe e ka tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo.

27 Mme lona lo mmele wa ga Keresete le ditokololo, mongwe le mongwe fa a beilweng teng.

28 La ntlha Modimo o beile bangwe mo phuthegong go nna baapostolo, la bobedi ba bangwe go nna baporofeti, la boraro ba bangwe go nna baruti, morago ga moo badiri ba dikgakgamatso, le ba dineo tsa go fodisa, le bathusi le bagogi le ba dipuo tsa mefutafuta.

29 A botlhe ke baapostolo? A botlhe ke baporofeti? A botlhe ke baruti? A botlhe ke badiri ba dikgakgamatso?

30 A botlhe ba na le dineo tsa go fodisa? A botlhe ba bua ka loleme? A botlhe ke baphutholodi?

31 Tlhoafalelang dineo tse di molemo bogolo!

E bile ke sa ntse ke tla lo supetsa tsela e e siameng go feta.