1 BAKORINTHE 13

Loboko lwa go boka lorato

1 Le fa nka bo ke bua ka dipuo tsa batho le tsa baengele, mme ke se na lorato, nka bo ke diregile jaaka kgotlho e e dumang gongwe diphaphatshana tse di opiwang.

2 Le fa nka bo ke na le neo ya boporofeti, ke tlhaloganya masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; kampo ke na le tumelo yotlhe ya go ka sutisa dithaba, mme ke se na lorato, nka bo ke se sepe.

3 Le fa nka bo ke abela bahumanegi di-tsa-me tsotlhe, kampo ke neela mmele wa me gore ke fisiwe, mme ke se na lorato, go ka bo go sa nthuse sepe.

4 Lorato lo bopelotelele, lo bopelontle; lorato ga lo fufege; lorato ga lo ipoke, ga lo ikgogomose,

5 ga lo boatla, ga lo ipatlele, ga lo gakale, ga lo sale bosula jwa motho morago;

6 ga lo itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri.

7 Lo iphapaanya le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.

8 Lorato ga lo nyelele ka bosakhutleng. Fa e le dipolelelopele, di tla nyelela, le dipuo di tla khutla, le kitso e tla nyelela.

9 Gonne re itse ka bontlhanngwe, re bolelela pele ka bontlhanngwe;

10 mme e tla re sa botlalo se sena go tla, sa bontlhanngwe se nyelediwe.

11 E rile ke sa ntse ke le ngwana, ka bo ke bua jaaka ngwana, ke ikutlwa jaaka ngwana, ke akanya jaaka ngwana; mme ya re ke sena go nna monna, ka tlogela tsa bonyana.

12 Gonne gompieno re bona dilo mo seiponing di le letobo, mme ka motlha oo re tla di bona sentle jaaka difatlhego di lebanye; gompieno ke tlhaloganya ka bontlhanngwe, mme ka motlha oo ke tla itse gotlhe, jaaka le nna ke itsilwe gotlhe.

13 Mme jaanong tse di nnelang ruri ke tumelo le tsholofelo le lorato, tse tharo tse; mme se segolo mo go tsona ke lorato.