Molemo wa neo ya go ruta
1 Latelelang lorato, lo tlhoafalele dineo tsa mowa, mme bogolo gore lo rute.
2 Gonne yo o buang ka lolemega a bue le batho, o bua le Modimo; gonne ga a utlwiwe ke ope, mme o bua masaitsiweng ka mowa.
3 Mme yo o rutang ene o bua le batho tse di agang le tsa kgothatso le tsa nametso.
4 Yo o buang ka loleme o a ikaga; mme yo o rutang o aga phuthego.
5 Ke rata gore lo bue lotlhe ka diteme, mme ke rata gore bogolo lo rute; gonne yo o rutang o gaisa yo o buang ka loleme, fa e se gore a phutholole gore phuthego e agege.
6 Jaanong, ba ga etsho, fa nka tla koo go lona, ka bua ka loleme, ke sa bue le lona ka tshenolo gongwe ka kitso gongwe ka polelelopele gongwe ka thuto, nka bo ke lo thusa eng?
7 Le diletso tse di sa pheleng, e ka nna lotlhaka gongwe lengope, fa di sa farologanye medumo, go ka lemosega jang se se lediwang ka lotlhaka gongwe ka lengope?
8 Kana fa lonaka lo ka ntsha modumo o o sa utlwaleng, ke mang yo o ka iketleeletsang go ya ntweng?
9 Le lona jalo, fa lo sa bolele mafoko ka diteme a a utlwegang sentle, go tla tlhaloganngwa jang se se buiwang? Kana lo tla bo lo bolela tse di tsewang ke phefo!
10 Le fa go na le mefuta e e kana kang ya dipuo mo lefatsheng, ga go na epe e e sa utlwaleng.
11 Fa jaanong ke sa itse se puo e se rayang, ke tla bo ke tshwana le moeng mo go ene yo o buang, le ene yo o buang o tla bo a ntse jaaka moeng mo go nna.
12 Le lona jalo, e re ka lo tlhoafaletse dineo tsa Mowa, tlhokomelang gore di lo atele, phuthego e tle e agege ka tsona.
13 Ka moo, a ene yo o buang ka loleme a rapele gore a kgone go phutholola!
14 Gonne fa ke rapela ka loleme, go tla bo go rapela mowa wa ka, mme tlhaloganyo ya me e tla bo e sa thuse ope.
15 Jaanong go ka tweng? Ke tla rapela ka mowa, e bile ke tla rapela ka tlhaloganyo; ke tla opela ka mowa, mme le gona ke tla opela ka tlhaloganyo.
16 Fa go sa nne jalo, e ka re fa o leboga ka mowa fela, mophuthego yo o sa go tlhaloganyeng o tla itse jang go bua a re: “Amen!” mo tebogong ya gago, ka a sa itse se wena o se buang?
17 Le gale wena o leboga sentle, mme yo mongwe ene ga a agiwe.
18 Ke leboga Modimo wa me, ka ke ka bua ka loleme bogolo go lona lotlhe.
19 Mme mo phuthegong ke rata go bua mafoko a le matlhano fela ka tlhaloganyo ya me gore le ba bangwe ke ba rute, bogolo go go bua mafoko a le dikete di le some ka loleme.
20 Ba ga etsho, se nneng bana mo tlhaloganyong, mme nnang masea mo bosuleng; mo tlhaloganyong gona lo nne banna.
21 Mo molaong go kwadilwe ga twe:
“Ke tla bua le batho ba
ka dipuo di sele
le ka melomo ya ba sele;
mme le ka mokgwa o o ntseng
jalo ga ba nke ba nkutlwa,
go bua Morena.”
22 Ke ka moo go bua ka loleme e leng sesupo go ba ba sa dumeleng, e seng go ba ba dumelang; mme thuto ke sesupo go ba ba dumelang, e seng go ba ba sa dumeleng.
23 Fa jaanong phuthego yotlhe e phuthegetse felong go le gongwe, mme botlhe ba bua ka diteme, mme go tsena ba ba sa tlhaloganyeng gongwe ba ba sa dumeleng, a ga ba nke ba re: “Lo a tsenwa!”?
24 Mme fa botlhe ba ka senola Lefoko la Modimo, mme go tsena yo o sa dumeleng gongwe yo o sa tlhaloganyeng, o tla lemosiwa molato ke botlhe le go atlholwa ke botlhe.
25 Foo sephiri sa pelo ya gagwe se tla bonatsega; o tla itigela fa fatshe, a obamela Modimo, a bolela a re: “Ka nnete, Modimo o mo go lona.”
Thulaganyo e batlega mo tirelong-Modimo
26 Jaanong go ka tweng, ba ga etsho? E re fa lo phuthega, mongwe a na le sefela, yo mongwe a na le thuto, yo mongwe a na le tshenolo, yo mongwe a na le puo ya loleme, yo mongwe a na le phuthololo (ya yona); a tsotlhe tseo e nne tsa go aga phuthego.
27 Fa go buiwa ka loleme, a e nne ka tatelano ya ba le babedi gongwe ba le bararo, mme e seng go feta moo; yo mongwe ene a phutholole.
28 Mme fa go se na mophutholodi, a ba didimale mo phuthegong, ba ipuele ka bosi, ba bue le Modimo ka pelo.
29 Baporofeti bone a go bue ba le babedi gongwe ba le bararo, ba bangwe ba atlhole.
30 Mme fa yo mongwe a ka tlelwa ke tshenogelo, a ntse a ntse fa fatshe, a wa pele a didimale;
31 gonne lo ka ranola lotlhe Lefoko la Modimo ka tatelano gore botlhe ba ithute, botlhe ba kgothadiwe.
32 Mewa ya baporofeti e ikobela boporofeti.
33 Gonne Modimo ga se wa tlhakatlhakanyo, ke wa kagiso jaaka go ntse mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi.
34 A basadi ba lona ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a letlelelwa go bua, mme a ba ikokobetse jaaka molao le ona o bua.
35 Mme fa ba rata go ithuta, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne go a rona, fa mosadi a bua mo phuthegong.
36 A kampo Lefoko la Modimo le simologile mo go lona, gongwe a le ne la tla kwa go lona lo le losi?
37 Fa motho a ikutlwa a le moporofeti gongwe a le wa mowa, a a itse gore tse ke di lo kwalelang ke ditaolo tsa Morena.
38 Mme fa mongwe a sa utlwisise, a a nne a sa utlwisise!
39 Ka moo he, ba ga etsho, tlhoafalelang go ranola Lefoko la Modimo, mme lo se iletse go bua ka loleme.
40 A tsotlhe di dirwe ka maitsholo le ka thulaganyo!