1 BAKORINTHE 15

Ka ga tsogo ya baswi

1 Bakaulengwe, ke lo gopotsa Efangele e ke e lo reretseng, e lo e amogetseng, e e bileng lo eme mo go yona,

2 e lo pholosiwang ka yona, fa lo ntse lo e dirisa jaaka ke e lo reretse, fa lo sa dumelela lefela.

3 Gonne tse dikgolo tse ke di lo neileng ke tse le nna ke di amogetseng, e bong gore Keresete o ne a swela dibe tsa rona ka fa Dikwalong,

4 le gore o ne a fitlhwa, le gore o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa Dikwalong,

5 le gore o ne a iponatsa mo go Kefa le mo go ba ba 12 morago ga moo.

6 Morago ga moo a iponatsa mo bakaulengweng ba ba fetang 500 ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo sa leng teng, mme bangwe ba robetse.

7 Morago ga moo a iponatsa mo go Jakobo, a ba a iponatsa mo go baapostolo botlhe.

8 Mme morago ga botlhe a iponatsa le mo go nna, ka nna jaaka yo o tsetsweng ka nako e e seng yona.

9 Gonne ke yo mmotlana mo baapostolong, yo ke sa tshwanelang go bidiwa moapostolo, ka ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.

10 Mme ke se ke leng sona ke ka bopelotlhomogi jwa Modimo; mme bopelotlhomogi jwa ona mo go nna e ne e se lefela. Ke dirile bogolo go bone botlhe, mme e se nna, ke bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo nang le nna.

11 Jaanong fa e le nna, kampo e le bone, re rera jalo, e bile lo dumetse jalo.

12 Fa jaanong Keresete a rerwa go twe, o tsogile mo baswing, go ntse jang, fa bangwe ba lona ba re, ga go na tsogo ya baswi?

13 Kana fa go se na tsogo ya baswi, Keresete le ene o tla bo a sa tsoga.

14 Mme fa Keresete a sa tsoga, thero ya rona e tla bo e le lefela, le tumelo ya lona e tla bo e le lefela.

15 Mme foo rona re tla fitlhelwa re le basupi ba maaka ba Modimo, ka re supile ka ga Modimo, gore o tsositse Keresete, etswe o sa mo tsosa, fa e le gore baswi ga ba tsosiwe;

16 gonne fa baswi ba sa tsosiwe, Keresete le ene o tla bo a sa tsosiwa.

17 Mme fa Keresete a sa tsosiwa, tumelo ya lona e tla bo e le lefela, lo tla bo lo sa ntse lo le mo maleong a lona.

18 Foo le bone ba ba swetseng mo go Keresete ba tla bo ba latlhegile.

19 Fa re solofela mo go Keresete tsa botshelo jono fela, re tla bo re tlhomola pelo bogolo go batho botlhe.

20 Mme jaanong Keresete o tsositswe mo baswing, a nna lebutswapele mo go ba ba robetseng.

21 Gonne e re ka loso lo tsile ka motho, le tsogo ya baswi e tsile ka motho.

22 Gonne botlhe ba tla phedisiwa ka Keresete jaaka botlhe ba swa ka Atame;

23 mongwe le mongwe ka fa thulaganyetsong ya gagwe: Keresete e le wa ntlha; morago ga moo ba e leng ba ga Keresete, motlhang a tlang;

24 ke gona go tla tlang bokhutlo, motlhang a tla neelang Modimo Rara bogosi, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo yotlhe le thata yotlhe.

25 Gonne o tshwanetse go busa go ya o be o digele dira tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe.

26 Mmaba wa bofelo yo o tla nyelediwang ke loso.

27 Gonne “o digetse dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Mme kana fa go twe, dilo tsotlhe di digetswe fa tlase ga gagwe, go bonala gore ga go teiwe ona o o digetseng tsotlhe fa tlase ga gagwe.

28 Mme e tla re dilo tsotlhe di sena go digelwa fa tlase ga gagwe, le ene Morwa a ikobele ona o o digetseng tsotlhe fa tlase ga gagwe, gore Modimo e nne wa tsotlhe mo go botlhe.

29 Fa go sa nna jalo, kana bone ba ba kolobelediwang baswi ba tla bo ba dirang? Fa baswi ba sa tsosiwe ka gope, ba tla bo ba kolobelediwang ka ntlha ya bona?

30 Le rona re tla bo re tshelelang mo diphatseng ka dinako tsotlhe?

31 Ba ga etsho, ka poko e ke nang nayo mo go Keresete Jesu, Morena wa rona, ka ntlha ya lona, ka re: Ke swa ka letsatsi le letsatsi!

32 Fa ke lole le dibata kwa Efeso ka mokgwa wa batho, go tla bo go nthusang? Fa baswi ba sa tsosiwe, gona “a re jeng he, re nweng; gonne kamoso re tla tsoga re sule!”

33 Se tsiediweng: “Go tsalana le ba ba bosula go senya mekgwa e e siameng.”

34 Tlhaphogelwang tota lo se leofeng; gonne bangwe ga ba itse Modimo. Ke bua jalo go lo tlhabisa ditlhong.

35 Mme mongwe o ka botsa a re: “Baswi ba tla tsosiwa jang? Ba tla tla ka mebele e e ntseng jang?”

36 Lesilo ke wena! Kana se o se jwalang ga se tshedisiwe, fa se sa swe pele.

37 Le fa o jwala eng, ga o jwale mmele o o tla nnang teng, mme ke tlhaka fela, e ka nna ya mabele gongwe ya peo e sele.

38 Mme Modimo o e naya mmele ka fa o ratileng ka teng, e bong peo nngwe le nngwe mmele wa yona.

39 Dinama ga di tshwane tsotlhe; nama ya batho ke e sele, le nama ya diruiwa ke e sele, le nama ya dinonyane ke e sele, le ya ditlhapi ke e sele.

40 Go na le mebele ya legodimo le mebele ya lefatshe; mme kgalalelo ya yona ya legodimo ke e sele, le ya yona ya lefatshe ke e sele.

41 Kgalalelo ya letsatsi ke e sele, le kgalalelo ya ngwedi ke e sele, le kgalalelo ya dinaledi ke e sele; gonne naledi nngwe e farologanye le e nngwe ka kgalalelo.

42 Tsogo ya baswi le yona e tla nna jalo. Go jwalwa se se bolang, go tsosiwa se se sa boleng;

43 go jwalwa se se tlotlologang, go tsosiwa se se galalelang; go jwalwa se se bokoa, go tsosiwa se se thata;

44 go jwalwa mmele wa nama, go tsosiwa mmele wa mowa. Fa go na le mmele wa nama, go na le le ona mmele wa mowa.

45 Go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa ntlha, e bong Atame, o ne a nna motshedi”; Atame wa bofelo ene o ne a nna mowa o o tshedisang.

46 Mme mmele wa pele ga se wa mowa, ke wa nama; wa morago ke ona wa mowa.

47 Motho wa ntlha o tswa mo mmung, ke wa lefatshe; motho wa bobedi o tswa kwa legodimong.

48 Ba lefatshe ba tshwana le wa lefatshe, mme ba legodimo ba tshwana le ene yo o tswang legodimong.

49 Re tla apara setshwano sa wa legodimo, jaaka re ne re apere setshwano sa wa lefatshe.

50 Mme ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nama le madi ga di ka ke tsa rua puso ya Modimo, le go bola ga go rue bosaboleng.

51 Ke lo bolelela bosaitsweng ke jo: Ga re nke re swa rotlhe, mme re tla fetolwa rotlhe

52 ka nakonyana, ka ponyo ya leitlho, ka lonaka lwa bofelo; gonne lo tla kgelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa feleng, mme rona re tla fetolwa.

53 Gonne tse di felang tse, di tshwanetse go apara bosafeleng; le tse di swang tse, di tshwanetse go apara bosasweng.

54 E tla re tse di felang tse, di sena go apara bosafeleng, le tse di swang tse, di sena go apara bosasweng, ke gona go tla dirafalang lefoko le le kwadilweng le le reng: “Loso lo meditswe ke phenyo.”

55 “Loso, lobolela lo lo botlhole

lwa gago lo kae?

Felo ga baswi,

phenyo ya gago e kae?”

56 Lobolela lwa loso ke boleo, mme thata ya boleo ke molao.

57 Mme a Modimo o lebogwe o o re nayang phenyo ka Morena wa rona Jesu Keresete!

58 Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nnang tlhomamo, lo se tshikinyege, lo nne lo totele pele mo tirong ya Morena, ka lo itse gore matsapa a lona ga se a lefela mo Moreneng.