Badiredi ba ga Keresete
1 A motho mongwe le mongwe a re kaye jaaka re le batlhanka ba ga Keresete le balebeledi ba masaitsiweng a Modimo.
2 Mme kana go batlega mo go bone balebeledi gore mongwe le mongwe a fitlhelwe a le boikanyo.
3 Mme mo go nna ke selo se sennyennye go ka atlholwa ke lona gongwe ka katlholo ya batho: Ee, le nna ka nosi ga ke ikatlhole;
4 gonne ga ke itemoge sepe, mme ga se gore ke kaiwa mosiami ka go re jalo; yo o nkatlholang ke Morena.
5 Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.
Boikgodiso jwa Bakorinthe, bonolo jwa baapostolo
6 Ba ga etsho, dilo tseo ke di lebisitse mo go nna le Apolo ka ntlha ya lona gore lo ithute ka rona, mme lo se nne le maikutlo a a fetang tse di kwadilweng, gore go se nne ope mo go lona yo o ikgogomosang ka moruti mongwe, a nyatsa yo mongwe.
7 Ke mang yo o go nayang go gaisa ba bangwe? O na le eng se o sa se newang? Mme fa o se neilwe, o ipokelang jaaka e kete ga o a se newa?
8 Lo setse lo kgotshe. Lo setse lo humile. Lo busa kwa ntle ga rona. Mme e kete lo ka busa tota, ra tla ra busa mmogo le lona!
9 Gonne ke bona gore e kete rona baapostolo Modimo o re beile kwa moragorago jaaka ba ba atlholetsweng loso; gonne re diregile tshameko e e lejwang ke lobopo lotlhe, e bong baengele le batho.
10 Rona re masilo ka ntlha ya ga Keresete, mme lona lo matlhale mo go Keresete; rona re bokoa, mme lona lo thata; lona lo batlotlegi, mme rona re banyatsegi.
11 Nako e sa le eno re tshwerwe ke tlala le lenyora, ga re a ikatega, re a itewa, ga re na boago jwa tlhomamo.
12 Re itapisa ka tiro ya diatla tsa rona; fa re omanngwa, rona re a tshegofatsa; fa re bogisiwa, rona re a itshoka.
13 Fa re kgalwa, rona re bua ka molemo; re diregile matlakala a lefatshe le makgobolo a botlhe, nako e sa le eno.
14 Ga ke kwale dilo tseo go lo tlhabisa ditlhong, mme e le go lo kaela jaaka bana ba me ba ba rategang;
15 gonne le fa lo ka bo lo na le balai ba le dikete di le some mo go Keresete, borraeno bone ga ba bantsi; ka gonne ke nna ke lo tsetseng mo go Keresete Jesu ka Efangele.
16 Ke ka moo ke lo layang ke re: Nnang baetsi ba me!
17 Ke gona ka moo ke lo rometseng Timotheo yo e leng morwaake yo o rategang, yo o ikanyegang mo Moreneng. Ke ene yo o tla lo gopotsang ditsela tsa me mo go Keresete, jaaka ke ruta gongwe le gongwe mo diphuthegong tsotlhe.
18 Mme ba bangwe ba ikgogomositse, jaaka e kete ga ke ne ke tla koo go lona.
19 Mme ke tla akofa ke tla koo go lona, fa Morena a rata; foo ke tla itse thata ya bone ba ba ikgogomositseng, e seng mafoko a bone.
20 Gonne puso ya Modimo ga e mo mafokong, mme e mo thateng.
21 Jaanong lo ratang? A ke ke tle go lona ka thupa gongwe ka lorato le ka mowa wa bonolo?