Kgalemelo ka ntlha ya go sa utlwaneng ga bakaulengwe
1 Fa mongwe wa lona a na le kgang le yo mongwe, a ka beta pelo jang go e seka fa pele ga baheitane, mme e se fa pele ga baitshepi?
2 A kampo ga lo itse gore baitshepi ba tla atlhola lefatshe? Mme fa lefatshe le tla atlholwa ke lona, a ga lo a tshwanela go atlhola dilo tse dipotlana bogolo tsa tsheko?
3 A ga lo itse gore re tla atlhola baengele? Bogolo jang dilo tsa bophelo jono!
4 Jaanong ke eng? E a re fa lo seka dilo tsa botshelo jono, lo di batlele bone ba ba sa kaiweng sepe mo phuthegong gore ba di atlhole.
5 Ke bua jalo go lo tlhabisa ditlhong. A ruri ga go na ope yo o botlhale mo go lona, le fa e le a le mongwe fela, yo o ka atlholang fa gare ga modumedi le mongwe-ka-ene?
6 Mme mo go lona modumedi o a tle a seke le mongwe-ka-ene, e bile e le fa pele ga ba ba sa dumeleng!
7 Kana e setse e le molato tota, fa lo sekisanya. Ga lo ineeleleng bogolo go siamololelwa? Ga lo itshokeleleng bogolo go thukhuthiwa?
8 Mme jaanong ke lona ba lo siamololelang ba bangwe, lo a ba thukhutha, e bile e le badumedi-ka-lona!
9 A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna
10 gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.
11 Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo; mme jaanong lo tlhapisitswe, lo itshepisitswe, lo siamisitswe ka leina la Morena Jesu Keresete le ka Mowa wa Modimo wa rona.
Mebele ya rona ke ditokololo tsa ga Keresete
12 Ke letleletswe tsotlhe, mme ga di thuse tsotlhe; ke letleletswe tsotlhe, mme ga ke leseletse sepe sa tsona go ntaola.
13 Dijo ke tsa mpa, mpa ke ya dijo; mme Modimo o tla di nyeletsa ka bobedi jwa tsona. Mmele ona ga se wa boaka, mme ke wa Morena, mme Morena ke wa mmele.
14 Kana Morena ke yo Modimo o mo tsositseng; le rona o tla re tsosa ka thata ya ona.
15 A ga lo itse gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? A jaanong nka tsaya ditokololo tsa ga Keresete, ka di dira ditokololo tsa seaka? Le go ka!
16 A kampo ga lo itse gore yo o ngaparetseng seaka, o mmele o le mongwe fela naso? Gonne go a twe: “Ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela.”
17 Mme yo o kgomaretseng Morena ene o mowa o le mongwe fela nae.
18 Tshabang boaka! Maleo otlhe a motho o a dirang a kwa ntle ga mmele; mme yo o akafalang o leofela mmele wa gagwe.
19 A kampo ga lo itse gore mebele ya lona ke Tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo teng ga lona, o lo o amogetseng mo Modimong, e bile ga lo ba lona?
20 Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; galaletsang he Modimo ka mebele ya lona e e leng ya Modimo!