1 BAKORINTHE 8

Karabo ka ga nama ya ditlhabelo tse di tlhabetsweng medimo

1 Jaanong fa e le nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re a e itse; gonne rotlhe re na le kitso. Kitso e a budulosa, mme lorato lone lo a aga.

2 Mme fa mongwe a ithaya a re, o itse sengwe, yoo ga a ise a lemoge ka fa a tshwanetseng go itse ka teng.

3 Mme fa mongwe a rata Modimo, yoo o itsilwe ke ona.

4 Jaanong fa e le go ja nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re itse gore modimo wa seseto ga o sepe mo lefatsheng le gore ga go Modimo ope o sele, fa e se ona o le mongwe fela.

5 Gonne le fa go ka ne go le teng tse go tweng ke medimo, le fa e le kwa legodimong gongwe mo lefatsheng – jaaka go na le medimo e le mentsi le barena ba le bantsi –

6 le fa go ntse jalo re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene.

7 Mme kitso eo ga e mo go botlhe; bangwe go fitlha jaanong ba sa ntse ba tlwaetse modimo wa seseto, ba ja nama eo ka tumelo ya gore ke setlhabelo sa medimo; jaanong digakolodi tsa bone tse di bokoa di kgotlelege.

8 Mme dijo ga di re atametse Modimo; fa re ja, ga re thusege; fa re sa je, ga re thusologe.

9 Mme itiseng, e se re gongwe kgololesego eo ya lona ya nna sekgopi mo go bone ba ba bokoa!

10 Gonne fa mongwe wa bone a ka go bona, wena yo o nang le kitso, o ntse fa dijong mo tempeleng ya medimo, a segakolodi sa yo o bokoa yoo ga se kitla se tlhotlhelediwa go ja tse di tlhabetsweng medimo ya diseto?

11 Ka go re jalo mokaulengwe yo o bokoa, yo Keresete o mo swetseng, o tla senyega pelo ka kitso ya gago.

12 Mme e re ka lo leofela bakaulengwe jalo le go khutla digakolodi tsa bone tse di bokoa, lo leofela Keresete.

13 Ka moo he, fa dijo di ka kgopisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke ja nama ka bosakhutleng gore ke se kgopise mokaulengwe wa me.