1 BAKORINTHE 9

Kgololesego le ditshwanelo tsa moapostolo

1 A ga ke mogololesegi? A ga ke moapostolo? A ga ke a bona Jesu, Morena wa rona? Lona a ga lo tiro ya me mo Moreneng?

2 Le fa ke se moapostolo mo go ba bangwe, mo go lona ke ene; gonne lona lo sesupo sa boapostolo jwa me mo Moreneng.

3 Ke jona boikarabelo jwa me mo go bone ba ba mpotsang.

4 A ga re na tshiamelo ya go ja le go nwa?

5 A ga re na tshiamelo ya go tsamaya le basadi ba e leng badumedi, e le bomogatsaarona, jaaka baapostolo ba bangwe le bomonnaa Morena le Kefa?

6 A kampo ke nna le Baranaba fela, ba re sa siamelwang ke go lesa tiro ya diatla?

7 Ke mang yo o ka yang ntweng, mme a itlamele ka esi? Ke mang yo o tlhomang moweine mo tshimong, mme a sa je leungo la ona? Gape, ke mang yo o disitseng letsomane, mme a sa je mašwi a letsomane?

8 A ke bua jalo ka fa mokgweng wa batho fela? A molao le ona ga o bue jalo?

9 Gonne mo molaong wa ga Moše go kwadilwe ga twe: “Kgomo e e phothang o se ka wa e bofa molomo.” A ke go re, Modimo o tlamela dikgomo fela?

10 A kampo ga o bue jalo gagolo ka ntlha ya rona? Kana go kwadilwe ka ntlha ya rona ga twe: “Molemi o tshwanetse go lema ka tsholofelo, le yo o phothang a phothe ka tsholofelo ya go bona kabelo.”

11 Fa jaanong re lo jwaletse tsa mowa, a go a rona, fa re roba tsa mmele mo go lona?

12 Fa ba bangwe ba na le tshwanelo ya gore lo ba abele di-tsa-lona, a rona ga re na nayo bogolo?

Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra dirisa thata eo, mme re itshokela tsotlhe gore re se kgoreletse Efangele ya ga Keresete.

13 A ga lo itse gore bone ba ba direlang kwa Tempeleng, e bile ba ja tsa Tempele; le ba ba direlang fa aletareng ba na le kabelo mo go tsa aletare?

14 Le Morena o laetse jalo gore ba ba rerang Efangele ba tshele ka Efangele.

15 Mme nna ga ke a ka ka ithusa ka sepe sa dilo tseo. E bile dilo tseo ga ke a ka ka di kwala gore ke direlwe jalo. Gonne go swa go molemo mo go nna bogolo go go ka senyediwa ke mongwe poko ya me.

16 Gonne fa ke rera Efangele, ga se se nka se ipokelang; gonne ke patelesegile go dira jalo; mme go ka latlhega nna, fa ke sa rere Efangele!

17 Kana fa ke dira jalo ka boitumelo, ke tla bona tuelo; mme fa e ka nna ka pateletso, kana tiro ya go rera Efangele ke e neetswe.

18 Jaanong tuelo ya me ke efe? Ke ya gore, fa ke rera Efangele ya ga Keresete, ke e rere go se na tuelo, gore ke se dirise tshiamelo ya me mo Efangeleng.

19 Gonne le fa ke ne ke gololesegile mo go botlhe, ke ne ka itira motlhanka wa botlhe gore ke tle ke kgone ba le bantsi.

20 Ke ne ka nna jaaka Mojuta mo Bajuteng gore ke kgone Bajuta; ke ne ka nna jaaka yo o mo taolong ya molao mo go ba ba mo molaong, le fa ke ne ke se fa tlase ga molao ka nosi, gore ke kgone ba ba fa tlase ga molao.

21 Ke ne ka nna jaaka yo o kwa ntle ga molao mo go ba ba kwa ntle ga molao gore ke tle ke kgone ba ba kwa ntle ga molao, le fa ke ne ke se kwa ntle ga molao wa Modimo, mme ke le mo molaong wa ga Keresete.

22 Ke ne ka nna jaaka yo o bokoa mo go ba ba bokoa gore ke kgone ba ba bokoa. Ke ne ka nna tsotlhe mo go botlhe gore ka mekgwa yotlhe ke pholose bangwe.

23 Mme tsotlhe tseo ke di dira ka ntlha ya Efangele gore le nna ke nne le kabelo mo go yona.

Tshiano ya bokeresete

24 A ga lo itse gore ba ba sianang mo lebaleng la tshamekelo ba taboga botlhe, mme yo o bonang sekgele ke a le mongwe fela? Sianang he gore lo se amogele!

25 Mme mongwe le mongwe wa kgaisanyo o ikilela mo dilong tsotlhe. Bao ba dira jalo gore ba bone serwalo se se senyegang, mme rona e le go bona se se sa senyegeng.

26 Ka moo he, ke siana jaaka yo o sa akabaleng; ke lwa jaaka yo o sa iteyeng loapi.

27 Mme ke katisa mmele wa me, ke a o laola, e se re gongwe nna ka latlhega, ke sena go rerela ba bangwe.