1 BATHESALONIKA 3

1 Ka moo e rile re sa tlhole re kgona go itshoka, ra utlwanela go sala mo Athene re le rosi,

2 mme ra roma Timotheo mokaulengwe wa rona, modiredi wa Modimo, modiri-ka-rona mo Efangeleng ya ga Keresete, gore a lo tiise le go lo kgothatsa mo tumelong ya lona

3 gore go se nne ope yo o tshikinngwang ka dipitlagano tseno; gonne lo itse ka losi gore re di beetswe.

4 Gonne e rile re sa ntse re na le lona, ra lo bolelela pele gore re tla pitlaganngwa, fela jaaka go dirafetse, e bile lo a itse.

5 Jaanong ya re ke palelwa ke go tlhola ke itshoka, ka roma motho ka ntlha ya moo gore ke tle ke itse tumelo ya lona, e se re gongwe moraedi a bo a lo raetse, mme tiro ya rona ya nna lefela.

6 Mme jaanong Timotheo o bile a tla, a tswa koo go lona, a re tsholetse mafoko a a itumedisang ka ga tumelo ya lona le lorato lwa lona le a gore lo ntse lo re gopola ka molemo, lo tlhologeletswe go re bona jaaka le rona re tlhologeletswe go bona lona;

7 ka moo bakaulengwe, re gomotsegile ka ga lona ka tumelo ya lona mo tlalelong yotlhe ya rona le mo pitlaganong ya rona;

8 gonne jaanong re a phela, fa lona lo eme ka tlhomamo mo Moreneng.

9 Mme re ka leboga Modimo ka eng ka ntlha ya lona, ra lebogela boitumelo jotlhe jo re lo itumeletseng ka jona fa pele ga Modimo wa rona?

10 Re ntse re rapela thata thata bosigo le motshegare gore re bone difatlhego tsa lona le go tlatsa tse di tlhaelang mo tumelong ya lona.

11 Mme a Modimo Rraetsho ka esi le Jesu, Morena wa rona, a re siamisetse tsela ya go tla koo go lona.

12 A Morena a lo godise, a ba a lo totise loratong lwa go ratana le lwa go rata botlhe jaaka le rona re lo rata,

13 gore dipelo tsa lona di tiisiwe, di se nne molato, di nne mo boitshepong fa pele ga Modimo Rraarona, mogang Jesu, Morena wa rona, a tlang gape le baitshepi botlhe ba gagwe.