1 BATHESALONIKA 4

Kaelo ya go batla boitshepiso le go dirisa lorato

1 Bakaulengwe, jaanong re tswelela ka go lo rapela le go lo kaela ka Morena Jesu gore lo nne lo tote bogolo thata, jaaka lo ithutile mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, jaaka lo setse lo sepela.

2 Kana lo itse ditaolo tse re di lo neetseng ka Morena Jesu;

3 gonne se Modimo o se batlang ke boitshepiso jwa lona gore lo tile boaka,

4 gore mongwe le mongwe wa lona a itse go nyala mosadi ka boitshepo le tlotlo,

5 e seng ka go fenngwa ke keletso, jaaka baheitane ba ba sa itseng Modimo.

6 A go se nne ope yo o patikang mokaulengwe wa gagwe, le e seng go mo tsietsa mo thekisanyong; gonne Morena ke mmusolosi mo dilong tsotlhe tseo, jaaka re kile ra lo bolelela, ra lo tlhomamisetsa.

7 Gonne Modimo ga o a re biletsa boitshekologong, o re bileditse boitshepisong.

8 Jalo he, yo o nyatsang ga a nyatse motho, mme o nyatsa Modimo o o lo neileng Mowa o o Boitshepo wa ona.

9 Ka ga go ratana ga bakaulengwe ga go batlege mo go lona gore ke lo kwalele; gonne lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana;

10 kana lo bile lo direla bakaulengwe botlhe jalo ba ba koo Maketonia yotlhe. Mme bakaulengwe, re lo kaela gore lo nne lo tote bogolo thata,

11 lo itlotle ka go tshela ka boiketlo le go dira tsa lona le go sebetsa ka diatla tsa lona jaaka re lo laetse

12 gore lo tsamae ka tlotlego mo go bone ba ba kwa ntle, mme lo se tlhoke sepe sa bone.

Ka ga tsogo ya baswi le go tla gape ga Morena

13 Bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga bone ba ba robetseng, gore lo se hutsafale jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo;

14 gonne fa re dumela gore Jesu o ne a swa, a ba a tsoga, le bone ba ba swetseng mo go Jesu, Modimo o tla ba isa nae.

15 Gonne se re se lo bolelelang ka Lefoko la Morena ke se: Rona ba re phelang, ba re salelang go tla ga Morena, ga re kitla re raka ba ba robetseng.

16 Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi le ka lentswe la moengele yo mogolo le ka phala ya Modimo, mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tla tsoga pele.

17 Morago ga moo rona ba re setseng re sa ntse re tshela re tla tsholelediwa kwa loaping ka maru mmogo le bone go ya go kgatlhantsha Morena. Mme jalo re tla nna le Morena ka gale.

18 Gomotsanyang he ka mafoko ao.