1 DIKGOSI 10

Salomo e etelwa ke kgosigadi ya kwa Seba

1 E rile kgosigadi ya Šeba e utlwela tumedi ya ga Salomo le ya go tuma ka leina laMorena, ya tla go mo leka ka dipotso tse di thata.

2 Ya tla kwa Jerusalema e na le lekoko le legolo thata le dikammele tse di belesitseng makga le gouta e ntsi thata le majwana a a tlhokegang, ya tla kwa go Salomo, ya mmotsa dilo tsotlhe tse di neng di le mo pelong ya yona.

3 Salomo a e ranolela dipotso tsotlhe tsa yona, go se na sepe se se fitlhegetseng kgosi, se e paletsweng ke go se e tlhalosetsa.

4 Mme ya re kgosigadi ya Šeba e bona botlhale jotlhe jwa ga Salomo le ntlo e o e agileng

5 le dijo tsa lobati lwa gagwe le manno a batlhanka ba gagwe le go itshola ga badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone le bathokedi ba gagwe le ditlhabelo tsa phiso tsa gagwe tse o neng a di dira kwa Ntlong yaMorena, ya felelwa ke kakanyo,

6 ya raya kgosi ya re: “Polelo e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka ga gago le ka ga botlhale jwa gago e ne e le nnete.

7 Mme ga ke a ka ka dumela mafoko ao ga tsamaya ka tla, ka bona ka matlho, ka fitlhela tse ke di boleletsweng di fetwa ke bontlhanngwe jwa tse ke di bonang. O na le botlhale le khumo bogolo go tumo e ke e utlwileng.

8 Go tlhogonolo batho ba gago, go sego batlhanka ba gago ba, ba ba ntseng ba go direla ka metlha, ba utlwa botlhale jwa gago.

9 AMorena, Modimo wa gago, o tumisiwe o o kgatlhilweng ke wena, wa go baya mo sedulong sa bogosi sa Iseraele. E re kaMorenaa rata Iseraele ka bosakhutleng, ke ka moo o go dirileng kgosi go dira ka tshiamo le tshwanelo.”

10 Jaanong ya naya kgosi ditalente di le 120 tsa gouta le makga a mantsi thata le majwana a a tlhokegang. Makga a a kana ka ona a kgosigadi ya Šeba e a neileng kgosi Salomo ga a ise a ke a tlhole a tla gape mo lefatsheng.

11 E bile dikepe tsa ga Hirame tse di neng di tlisa gouta, di e tsaya kwa Ofire, di ne di tlisa le dikgong tsa morukuru tse dintsi thata le majwana a a tlhokegang.

12 Kgosi ya direla Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi maikaego a tshireletso ka dikgong tseo tsa morukuru le dikatara le diharepa tsa baopedi. Dikgong tsa morukuru tse di ntseng jalo ga di ise di ke di tlhole di tla gape mo lefatsheng le e seng go bonwa go fitlha kajeno.

13 Kgosi Salomo a naya kgosigadi ya Šeba tsotlhe tse e neng e di eletsa e di kopa, kwa ntle ga tse a di e nayang fela ka fa seatla sa kgosi Salomo se kgonang ka teng. Jaanong ya hulara, ya boela kwa lefatsheng la yona e na le batlhanka ba yona.

Khumo ya ga Salomo le tumo ya gagwe

14 Bokete jwa gouta e e neng e tsisediwa Salomo ka ngwaga o le mongwe, e ne e le ditalente di le 666 tsa gouta

15 go sa balwe e e tswang mo banneng ba ba kgarakgatshegang go gweba le mo papalong ya barekisi le mo dikgosing tsotlhe tsa Arabia le mo balaoding ba lefatshe.

16 Kgosi Salomo a dira dithebe di le 200 tsa gouta e e papetlilweng; thebe e le nngwe ya dirwa ka dišekele di le 600 tsa gouta,

17 le dithejana di le 300 tsa gouta e e papetlilweng; thejana e le nngwe ya dirwa ka diponto di le tharo tsa gouta; kgosi ya di baya kwa Ntlong-ya-Sekgwa-sa-Lebanone.

18 Le gona kgosi ya dira sedulo se segolo sa bogosi ka dinaka tsa tlou, ya se manega gouta e e sa pekwang.

19 Sedulo seo sa bogosi se ne se na le mapalamo a le marataro le moikaego o o tlhogo e tshekeletsa; manno a sona a ne a na le maikhutso a mabogo; ditau tse pedi tsa bo di eme fa thoko ga maikhutso ao.

20 Ditau di le 12 tsa bo di eme teng mo ntlheng tse pedi tsa mapalamo a marataro. Ga go na bogosi bope jo bo kileng jwa direlwa tse di ntseng jalo.

21 Dinwelo tsotlhe tsa kgosi Salomo e ne e le tsa gouta; dijana tsotlhe tsa Ntlo-ya-Sekgwa-sa-Lebanone le tsona e le tsa gouta e e sa pekwang; go se na selefera mo go tsona, ka e ne e sa kaiwe sepe mo malatsing a ga Salomo.

22 Gonne kgosi e ne e na le dikepe tsa Tharesise mo lewatleng, di tsamaya mmogo le tsa ga Hirame. Dikepe tseo tsa Tharesise di ne di goroga mo gae gangwe mo ngwageng tse tharo, di tla di tshotse gouta le selefera le dinaka tsa tlou le dikgabo le diphikoko.

23 Kgosi Salomo o ne a nna mogolo jalo, a feta dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka khumo le botlhale.

24 Ba lefatshe lotlhe ba ne ba eletsa go bona Salomo gore ba reetse botlhale jwa gagwe jo Modimo o neng o bo mo file mo pelong.

25 Mme mongwe le mongwe wa bone o ne a tla ka neo ya gagwe ka ngwaga le ngwaga, e ka nna dilo tsa selefera gongwe dilo tsa gouta gongwe dikobo gongwe dibolai gongwe makga gongwe dipitse gongwe meboulwe.

26 Le gona Salomo a ikgobokanyetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse; a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 400 le bapalami ba dipitse ba le 12 000; a ba baya mo metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing.

27 Kgosi ya dira gore go nne selefera mo Jerusalema e e kana ka majwe ka bontsi; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane le megokare ya naga e e kwa tlase ka bontsi.

28 Dipitse tsa ga Salomo di ne di tswa kwa Egepeto le kwa Kgoa; barekedi ba kgosi ba di reka kwa Kgoa ka madi.

29 Go rekwa dikoloi kwa Egepeto, e le nngwe e ja dišekele di le 600 tsa selefera; le dipitse, e le nngwe e ja di le 150. Di rekwa jalo ke dikgosi tsotlhe tsa Bahethe le tsa Siria mo diatleng tsa bagwebi.