1 DIKGOSI 11

Salomo o fapoga mo Moreneng

1 Kgosi Salomo o ne a rata basadi ba bantsi ba ditšhaba mmogo le morwadia Farao e le ba Bamoabe le Baamone le Baetomo le Basitone le Bahethe;

2 ba tswa kwa ditšhabeng tseMorenao laetseng Baiseraele ka ga tsona a re: “Lo se ka lwa tsena mo go bone, le bone ba se ka ba tsena mo go lona, e se re gongwe ba faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Bone bao Salomo a ba ngaparela ka lorato.

3 O ne a na le basadi ba bahumagadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300, mme basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe.

4 E rile ka sebaka sa botsofe jwa ga Salomo, basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe gore a latele medimo e sele, mme pelo ya gagwe ya se ka ya nna leMorena, Modimo wa gagwe, ka botlalo jaaka pelo ya ga Dafita rraagwe.

5 Salomo a sala Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone morago, a ba a latela Milekome maila a Baamone.

6 Salomo a dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a se ka a latelaMorenaka botlalo jaaka Dafita rraagwe.

7 Kamose, maila a Bamoabe, le Mologe, maila a Baamone, Salomo a ba agela dithota tsa tlhabelo mo thabeng e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerusalema ka sebaka seo.

8 A direla basadi botlhe ba gagwe ba ditšhaba di sele jalo ba ba neng ba tshubela medimo ya bone maswalo, ba e direla ditlhabelo.

9 MmeMorenaa galefela Salomo, ka pelo ya gagwe e fapogile moMoreneng, Modimo wa Iseraele, o o neng o iponaditse gabedi mo go ene,

10 wa mo laela mabapi le tema e gore a se ka a latela medimo e sele, mme ene a se ka a tshegetsa seMorenaa se mo laetseng.

11 Ke ka mooMorenaa reileng Salomo a re: “E re ka o dirile molato o o ntseng jalo, mme o se ka wa tshegetsa kgolagano ya me le melao ya me e ke e go laetseng, ruri, ke tla gagola bogosi mo go wena, ke bo neela motlhanka wa gago.

12 Fela ga ke ne ke dira jalo ka malatsi a gago ka ntlha ya ga Dafita rraago, mme ke tla bo gagola mo diatleng tsa ga morwao.

13 Mme ga nkitla ke gagola bogosi jotlhe mo go ene; ke tla neela morwao lotso lo le longwe ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me le ka ntlha ya Jerusalema yo ke mo tlhophileng.”

Baba ba ga Salomo

14 MmeMorenaa tsosetsa Salomo mmaba, e bong Hatate wa Moetomo; ene e ne e le wa losika lwa kgosi kwa Etomo.

15 E rile Dafita a fenya Baetomo, mme Joabe molaodi wa mephato a bolola go fitlha ba ba bolailweng, a bolaya botlhe ba batonanyana mo Etomo.

16 Gonne Joabe o ne a nna dikgwedi di le thataro teng a na le Baiseraele botlhe, ga tsamaya ba fetsa botlhe ba batonanyana mo Etomo.

17 Mme Hatate a tshaba, ene le banna bangwe ba Baetomo ba batlhanka ba ga rraagwe go ya kwa Egepeto, Hatate e sa le mosimane.

18 Ba nanoga kwa Midiane, ba goroga kwa Pharane, ba tsaya banna ba ba tlogang nabo kwa Pharane, ba be ba fitlha kwa Egepeto fa go Farao, kgosi ya Egepeto; yona ya mo fa ntlo, ya laola gore a fiwe dijo, ya mo naya naga.

19 Hatate a bona bopelotlhomogi jo bogolo mo matlhong a ga Farao mo a bileng a mo naya mosadi, e bong monnaa mosadi wa gagwe monnawe Thagaphenese mohumagadi yo mogolo.

20 Monnaa Thagaphenese a mmelegela ngwana wa mosimane wa gagwe, e bong Genubathe. Thagaphenese a ba a mo godisa mo ntlong ya ga Farao. Genubathe o ne a nna jalo mo ntlong ya ga Farao, a na le bomorwa Farao.

21 Jaanong e rile Hatate a utlwa a le kwa Egepeto gore Dafita o robetse le borraagwe le gore Joabe molaodi wa mephato o sule, Hatate a raya Farao a re: “Mphe tsela, ke boele kwa lefatsheng la ga etsho.”

22 Mme Farao o mmotsa a re: “Kana o tlhoka eng mo go nna, fa o re o rata go boela kwa lefatsheng la ga eno?” A re: “E seng sepe! Fela mphe tsela.”

23 Modimo o bile wa tsosetsa Salomo mmaba yo mongwe, e bong Resone morwa Eliata yo o neng a tshabile mongwagwe Hatatesere kgosi ya Soba.

24 E rile Dafita a ba bolaya, Resone a iphuthela banna, a nna molaodi wa lekoko la dinokwane, ba ya kwa Damaseko ba nna gona, ba busa kwa Damaseko.

25 Ene e ne e le mmaba wa Baiseraele ka malatsi otlhe a ga Salomo, a dira bosula jaaka Hatate, a tenwa ke Baiseraele, a nna kgosi ya Siria.

Modimo o solofetsa Jerobeame bogosi jwa Iseraele

26 Le Jerobeame morwa Nebate Moeferaime wa kwa Sereta, motlhanka wa ga Salomo, a tsholeletsa kgosi letsogo. Leina la ga mmaagwe e ne e le Serua, mosadi wa motlholagadi.

27 Se se dirileng gore a tsholeletse kgosi letsogo ke se: Salomo o ne a aga kago ya phemelo ya Milo, a thiba phatlha ya motse wa ga Dafita rraagwe.

28 Mme Jerobeame yoo e ne e le monna yo o setswerere; ya re Salomo a bona lekau leo le itse tiro sentle, a le laodisa badiri botlhe ba mekuio ba lotso lwa ga Josefa.

29 Jaanong ga dirafala ka sebaka seo ya re Jerobeame a tswa kwa Jerusalema, moporofeti Ahia wa kwa Silo a kgatlhana nae mo tseleng a apere kobo e ntšhwa; ba ne ba le bosi fela kwa nageng boo babedi.

30 Ke fa Ahia a ikapola kobo e ntšhwa e a e apereng, a e gagola dibata di le some le metso e mebedi,

31 a raya Jerobeame a re: “Itseele dibata di le some! GonneMorenaModimo wa Iseraele o bua jaana o a re: ‘Bona, ke tla gagola bogosi mo diatleng tsa ga Salomo, ke go naya ditso di le some.

32 Mme lotso lo le longwe e tla nna lwa gagwe ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me le ka ntlha ya Jerusalema, ona motse o ke o tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele.

33 Ke ka gonne o ntlogetse, a obamela Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone le Kamose modimo wa Bamoabe le Milekome modimo wa Baamone, mme a se ka a sepela mo ditseleng tsa me ka go dira tse di siameng mo matlhong a me, e bong melao ya me le ditshiamelo tsa me jaaka Dafita rraagwe.

34 Legale ga nkitla ke ntsha bogosi jotlhe mo diatleng tsa gagwe, mme ke tla mmaya morena ka malatsi aotlhe a bophelo jwa gagwe ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, yo o tshegeditseng ditaolo tsa me le melao ya me.

35 Mme ke tla ntsha bogosi mo diatleng tsa ga morwawe, ke bo go naya e bong ditso di le some.

36 Fela ke tla naya morwawe lotso lo le longwe gore Dafita motlhanka wa me a nne le lobone ka malatsi aotlhe fa pele ga me mo Jerusalema, ona motse o ke o itlhaoletseng go baya leina la me teng.

37 Mme wena ke tla go tsaya gore o laole tsotlhe tse pelo ya gago e di eletsang, mme o tla nna kgosi ya Iseraele.

38 Jaanong fa o ka utlwa tsotlhe tse ke tla di go laelang, wa sepela mo ditseleng tsa me, wa dira tse di siameng mo matlhong a me ka go tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me jaaka go dirile Dafita motlhanka wa me, foo ke tla nna nao ke go agela ntlo e e tlhomameng jaaka ke e agetse Dafita, ke go naya Iseraele.

39 Ke tla kokobetsa losika lwa ga Dafita ka ntlha ya tseo, fela e seng ka metlha yotlhe.’ ”

40 Mme Salomo a leka go bolaya Jerobeame, fela Jerobeame a nanoga a tshabela kwa Egepeto kwa go Sisake kgosi ya Egepeto, a nna kwa Egepeto go ya losong lwa ga Salomo.

Loso lwa ga Salomo

41 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Salomo le tsotlhe tse o di dirileng le botlhale jwa gagwe kana tsone di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a ga Salomo.

42 Sebaka se Salomo o busitseng Baiseraele botlhe ka sona kwa Jerusalema e ne e le dinyaga di le 40.

43 Mme Salomo a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Rehabeame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.