1 DIKGOSI 12

Jerobeame o tswa kgosi ya ditso di le some

1 Rehabeame a ya kwa Šegeme, gonne Baiseraele botlhe ba ne ba ile kwa Šegeme go mo tlhoma mo bogosing.

2 Mme Jerobeame morwa Nebate a utlwa jalo. Kana ene o ne a sa ntse a le kwa Egepeto kwa a neng a tshabetse teng, a tshaba kgosi Salomo; Jerobeame o ne a ile go nna kwa Egepeto.

3 Baiseraele ba roma go ya go mmitsa. Jaanong Jerobeame a tla le phuthego yotlhe ya Iseraele, ba bua le Rehabeame ba re:

4 “Rraago o ne o imafatsa joko ya rona. Jaanong he, wena o re imolole mo tirong e e thata ya ga rraago le mo jokong e e makete ya rona e a e re rwesitseng, foo re tla go direla.”

5 Mme ene a ba raya a re: “Tsamayang lo iketle malatsi a le mararo, morago lo boele go nna.” Batho ba tsamaya.

6 Ke fa kgosi Rehabeame a gakololana le banna bagolo ba ba neng ba direla Salomo rraagwe a sa ntse a phela, a re: “Nkgakololang ka fa nka arabang morafe o ka teng.”

7 Ba mo raya ba re: “Fa o ka dumalelana le batho ba kajeno, wa ba direla, wa utlwana nabo, wa bua mafoko a a bopelonomi nabo, ba tla nna batlhanka ba gago ka malatsi otlhe.”

8 Mme a tlhokomologa kgakololo ya banna bagolo e ba e mo neileng; a ya a gakololana le ba bašwa ba ba godileng nae ba ba mo direlang,

9 a ba botsa a re: “Lona lo gakolola eng se re ka se arabang batho ba ba ntheileng ba re: ‘Tlhofofatsa joko e rraago a e re rwesitseng’?”

10 Ba bašwa ba ba godileng nae ba mo araba ba re: “O ree morafe o o buileng nao wa re: ‘Rraago o ne a imafatsa joko ya rona, mme wena o e re tlhofofaletse!’ O ba arabe jaana o re: ‘Monwana o monnye wa me o feta letheka la ga rre ka bokima.

11 Jaanong he, rre o ne a lo rwesa joko e e makete, mme nna ke tla okeletsa joko ya lona bokete; rre o ne o lo ôtla ka dime, mme nna ke tla lo otla ka diphepheng.’ ”

12 Ka letsatsi la boraro ga tla Jerobeame le morafe otlhe jaaka kgosi e laetse ya re: “Boelang kwano go nna ka letsatsi la boraro.”

13 Ke fa kgosi e naya morafe karabo e e thata, e tlogela kgakololo ya banna bagolo e ba neng ba e e file,

14 e bua nabo ka fa kgakololong ya ba bašwa e re: “Rre o imafaditse joko ya lona, mme nna ke tla okeletsa joko ya lona bokete. Rre o ne lo betsa ka dime, mme nna ke tla lo betsa ka diphepheng.”

15 Kgosi ya se ka ya utlwana le morafe. Mme e ne e le se se tswang kwaMorenenggore a tle a dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng le Jerobeame morwa Nebate ka Ahia wa Silo.

16 Ya re Baiseraele botlhe ba bona kgosi e sa utlwane nabo, ba fetola kgosi ba re: “Kabelo ya rona ke eng mo go Dafita? Le gona ga re na boswa mo go morwa Isai. Boelang kwa ditenteng tsa lona, Baiseraele! Sala jalo le lelapa la gago, Dafita!” Mme Baiseraele ba tsamaya ba boela kwa ditenteng tsa bone.

17 Rehabeame a busa Baiseraele fela ba ba neng ba agile mo metseng ya Juta.

18 Mme ya re kgosi Rehabeame a roma Atorame yo o neng a okametse badiri ba mekuio, Baiseraele botlhe ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa. Ke fa kgosi Rehabeame a itlhaganela, a palama koloi, a tshabela kwa Jerusalema.

19 Baiseraele ba ne ba ikepa jalo mo ntlong ya ga Dafita go fitlha letsatsing la kajeno.

20 E rile Baiseraele botlhe ba utlwa go twe, Jerobeame o boile! ba roma go mmiletsa kwa pitsong ya morafe, ba feta ba mo dira kgosi ya Baiseraele botlhe; ga se ka ga nna ope yo o gogang le lelapa la ga Dafita, fa e se lotso lwa Juta lo le losi fela.

Polelelopele ya Semaya

21 E rile Rehabeame a fitlha kwa Jerusalema, a kgobokanya lotso lwa Juta lotlhe le lotso lwa Benyamene, e le banna ba ba tlhaotsweng ba batlhabani ba le 180 000, go tlhabana le Baiseraele, e le go busetsa bogosi kwa go ene Rehabeame, morwa Salomo.

22 Mme lefoko la Modimo la tla kwa go Semaya, monna wa Modimo, la re:

23 “Raya Rehabeame morwa Salomo kgosi ya Juta le Bajuta botlhe le Babenyamene le batho ba bangwe o re:

24 ‘Morenao bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola go ya go tlhabana le Baiseraele bomorwa-rraalona. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Gonne selo seo se dirilwe ke nna.’ ” Ba utlwa lefoko laMorena, ba boela gae ka fa lefokong laMorena.

25 Mme Jerobeame a agelela Šegeme mo dithabeng tsa Eferaime a nna gona; a ba a tswa teng, a agelela le Phenuele.

Jerobeame o tlogela Morena

26 Jerobeame o ne a akanya mo pelong ya gagwe a re: “Kana bogosi bo ka boela kwa lapeng la ga Dafita.

27 Fa batho ba, ba tlhatlogela kwa Jerusalema go dira ditlhabelo mo Ntlong yaMorena, dipelo tsa batho ba di ka boela kwa moreneng wa bone kwa go Rehabeame kgosi ya Juta, mme ba ka mpolaya, ba boela kwa go Rehabeame kgosi ya Juta.”

28 Ka moo kgosi ya loga maano, ya dira dinamane di le pedi tsa gouta, ya ba raya ya re: “Ke sebaka se seleele lo ntse lo etela kwa Jerusalema, go lekanye. Bonang, Baiseraele, medimo ya lona ke e, e e lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

29 Ya baya nngwe kwa Bethele; e nngwe ya e baya kwa Dane.

30 Mme selo se sa nna boleo; batho ba ne ba di obamela kwa Bethele le kwa Dane.

31 Le gona a dira ditempele mo dithoteng tsa tlhabelo, a ba a baya baperesiti ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa morafe ba e seng Balefi.

Aletare ya kwa Bethele e a rogakwa

32 Ka letsatsi la some tlhano la kgwedi ya robedi Jerobeame a dira moletlo o o tshwanang le moletlo wa kwa Juta, a tlhatlogela kwa aletareng e e kwa Bethele go tlhabela dinamane tse o di dirileng. Baperesiti ba dithota tsa tlhabelo tse o di dirileng a ba tsenya mo tirong kwa Bethele.

33 A dira ditlhabelo mo aletareng e o e dirileng kwa Bethele e le ka letsatsi la some tlhano la kgwedi ya robedi, ka kgwedi e o e itaoletseng ka pelo ya gagwe, a direla Baiseraele moletlo, a palama fa aletareng go tshuba maswalo.