1 DIKGOSI 13

1 Ke fa go tlhaga monna wa Modimo, a tswa kwa Juta ka taelo yaMorena, a fitlha kwa Bethele, Jerobeame a ntse a eme fa aletareng go tshuba maswalo.

2 Mme ene a kua a omanya aletare ka taelo yaMorenaa re: “Aletare! Aletare!Morenao bua jaana a re: ‘Bona, losika lwa ga Dafita lo tla tsalelwa morwa, leina la gagwe e le Josia. Baperesiti ba dithota tsa tlhabelo ba ba fisang maswalo mo go wena ene o tla ba tlhabela mo go wena, a fisetsa marapo a batho mo go wena.’ ”

3 Le gona a ba naya sesupo se se gakgamatsang ka letsatsi leo a re: “Sesupo sa go reMorenao buile jalo ke se: Bonang, aletare e tla phatloga, mme go tshologa molora o o mo go yona.”

4 Mme e rile kgosi Jerobeame a utlwa lefoko la monna wa Modimo le a le kuang a omanya aletare ya kwa Bethele, a otlola letsogo a le fa aletareng a re: “Mo tshwareng!” Mme letsogo la gagwe le a le mo otlololetseng la omelela, mme a palelwa ke go le gonyetsa.

5 Le gona aletare ya phatloga, mme molora wa tshologa mo go yona ka fa sesupong se monna wa Modimo a se ba neileng ka taelo yaMorena.

6 Ke fa kgosi e simolola go bua, e raya monna wa Modimo e re: “A ko o kope bopelotlhomogi mo sefatlhegong saMorena, Modimo wa gago, o nthapelele gore letsogo la me le boele go nna.” Monna wa Modimo a kopa bopelotlhomogi mo sefatlhegong saMorena. Mme letsogo la kgosi la boela kwa go yona, la nna jaaka pele.

7 Jaanong kgosi ya raya monna wa Modimo ya re: “Tla le nna kwa gae, o itapolose, mme ke tla go fa mpho.”

8 Mme monna wa Modimo a fetola kgosi a re: “Le fa o ka nnaya bontlhanngwe jwa ntlo ya gago, ga nka ke ka ya nao, ka ja dijo gongwe ka nwa metsi mono.

9 GonneMorenao ntaetse jalo ka lefoko la gagwe a re: ‘O se ka wa ja dijo le e seng go nwa metsi le e seng go boa ka tsela e o ileng ka yona!’ ”

10 A ba a tsamaya ka tsela e sele, a se ka a boa ka tsela e a ileng kwa Bethele ka yona.

Moporofeti wa motsofe wa kwa Bethele

11 Mme go ne go agile moporofeti mongwe wa motsofe kwa Bethele. Bomorwawe ba tla ba mmolelela tiro yotlhe e monna wa Modimo o e dirileng kwa Bethele ka letsatsi leo le mafoko a o a buileng le kgosi. Jaanong ya re ba sena go bolelela rraabo,

12 a ba botsa a re: “O tsamaile ka tsela efe?” Mme bomorwawe ba mo supetsa tsela e monna wa Modimo o tsamaileng ka yona yo o neng a dule kwa Juta.

13 Ke fa a raya bomorwawe a re: “Mpelesetseng esele.” Ba e belesa, mme a e palama

14 a latela monna wa Modimo, a mo fitlhela a dutse fa tlase ga setlhare sa motherebinthe, a mmotsa a re: “A ke wena monna wa Modimo yo o tswang kwa Juta?” A araba a re: “Ke nna.”

15 Jaanong a mo raya a re: “Tla le nna kwa gae o je dijo.”

16 Yole a re: “Ke palelwa ke go boa nao le go ya gae nao; le gona ga nka ke ka ja dijo, ka nwa metsi nao mono.

17 Gonne ke laetswe ka lefoko laMorenala re: ‘O se ka wa ja dijo le e seng go nwa metsi gona; o se ka wa boa ka tsela e o ileng ka yona.’ ”

18 Mme ena a mo raya a re: “Le nna ke moporofeti jaaka wena, mme moengele o buile le nna ka taelo yaMorenaa re: ‘Mmusetse nao kwa ntlong ya gago gore a ye go ja dijo le go nwa metsi.’ ” Mme a mo aketsa jalo.

19 Jaanong yole a boa nae, a ja dijo kwa lapeng la gagwe, a nwa metsi.

20 Mme ya re ba dutse fa tafoleng, lefoko laMorenala tla kwa go moporofeti yo o mmusitseng,

21 mme a kuela kwa monneng wa Modimo yo o neng a dule kwa Juta a re: “Morenao bua jaana a re: ‘E re ka o tlodile taolo yaMorena, o sa tshegetsa taolo yaMorena, Modimo wa gago, o e go laetseng,

22 mme wa boa wa ya go ja dijo le go nwa metsi mono, fa o go laetseng ka ga gona wa re: O se ka wa ja dijo le e seng go nwa metsi gona! ka moo setoto sa gago ga se ne se fitlhwa kwa mabitleng a borraago.’ ”

23 Jaanong ya re a sena go ja dijo le go nwa metsi, moporofeti yo o mmusitseng a mmelesetsa esele.

24 Mme ya re a ntse a tsamaya tau ya kgatlhana nae mo tseleng, ya mmolaya, mme setoto sa gagwe sa namalala mo tseleng, esele ya nna ya ema fa thoko ga gagwe le tau ya nna ya ema fa thoko ga gagwe.

25 Mme ya re batho ba feta, ba bona setoto se namaletse mo tseleng le tau e eme fa thoko ga setoto, ba fitlha ba bolela jalo mo motseng o moporofeti yo o tsofetseng a agileng mo go ona.

26 Ya re moporofeti yo o mmusitseng mo tseleng a utlwa, a re: “Ke ene monna wa Modimo yo o se kang a utlwa taelo yaMorena. Ke ka mooMorenaa mo neetseng tau, ya mo gagola, ya mmolaya ka fa lefokong laMorenale o le mmoleletseng.”

27 A ba a raya bomorwawe a re: “Mpelesetseng esele.” Mme ba e belesa.

28 A ya a fitlhela setoto sa gagwe se namaletse mo tseleng le esele le tau di eme fa thoko ga setoto, tau e sa ja setoto le e seng go gagola esele.

29 Moporofeti yo o tsofetseng a tsholetsa setoto sa monna wa Modimo, a se belesa mo eseleng, a se busetsa kwa motseng wa ga gabo go mo lelela le go mo fitlha.

30 A baya setoto sa gagwe mo lebitleng la gagwe, mme ba mo lelela ba re: “Ijoo! Ngwana wa ga rra!”

31 Mme ya re a sena go mo fitlha, a laela bomorwawe a re: “E re ke swa, lo mphitlhe mo phupung e monna yoo wa Modimo o fitlhilweng mo go yona, lo bee marapo a me fa thoko ga gagwe.

32 Gonne ruri, lefoko le tla dirafala le o le kuileng ka taelo yaMorenaa omanya aletare e e mo Bethele le ditempele tsotlhe tsa dithota tsa tlhabelo tse di mo metseng ya Samaria.”

Boleo jo bogolo jwa ga Jerobeame

33 Le morago ga tirafalo eo Jerobeame a se ka a boa mo tseleng e e bosula ya gagwe, mme a baya baperesiti ba dithota tsa tlhabelo gape ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa morafe; yo o neng a rata ene a mo tsenya tirong gore a nne moperesiti wa dithota tsa tlhabelo.

34 Go dira jalo ga nna boleo jwa ba ntlo ya ga Jerobeame jo bo dirileng gore ba tlosiwe le go nyelediwa mo lefatsheng.