1 DIKGOSI 15

Kgosi Abiame wa Juta

1 Abiame o ne a simolola go busa Juta ka ngwaga wa some robedi wa puso ya ga Jerobeame morwa Nebate.

2 A busa dinyaga di le tharo kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Maaga morwadia Abisalome.

3 A sepela mo maleong otlhe a ga rraagwe a o a dirileng pele ga gagwe; pelo ya gagwe e ne e sa goge leMorena, Modimo wa gagwe, ka botlalo jaaka pelo ya ga Dafita rraagwe.

4 GonneMorena, Modimo wa gagwe, o ne wa mo naya lobone mo Jerusalema ka ntlha ya ga Dafita fela ka go tlhoma morwawe bogosing sehularong sa gagwe le ka go boloka Jerusalema.

5 Ka gonne Dafita o ne a dirile tse di siameng mo matlhong aMorena, mme a se ka a fapoga mo go sepe sa tse a di mo laetseng ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe, fa e se ka go leofela Uria wa Mohethe fela.

6 Go ne go le ntwa fa gare ga Abiame le Jerobeame ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe.

7 Mme ditirafalo tse dingwe tsa ga Abiame le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Mme go ne go le ntwa fa gare ga Abiame le Jerobeame.

8 Mme Abiame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Asa morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Kgosi Asa wa Juta

9 Asa kgosi ya Juta a simolola go busa ka ngwaga wa soma mabedi wa puso ya ga Jerobeame kgosi ya Iseraele.

10 A busa dinyaga di le 41 kwa Jerusalema. Leina la ga koko-a-gwe e ne e le Maaga morwadia Abisalome.

11 Asa a dira tse di siameng mo matlhong aMorenajaaka Dafita rraagwe.

12 A leleka banna ba ba direlang medimo ka boaka mo lefatsheng, a ba a tlosa ditshwantsho tsotlhe tsa medimo ya maila tse borraagwe ba di dirileng.

13 Le gona a ntsha koko-a-gwe, e bong Maaga mo maemong a bommakgosi, ka a dirile setshwantsho se se maswe sa Ašera.Asa a rema setshwantsho se se maswe seo sa gagwe, a se fisa mo molapong wa Kiterone.

14 Legale dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa; fela pelo ya ga Asa e ne ya nna leMorenaka botlalo ka malatsi otlhe a gagwe.

15 Le gona a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga rraagwe le dineo tse di boitshepo tsa gagwe mo Ntlong yaMorena, e bong selefera le gouta le dilwana tsa mefutafuta.

16 Mme go ne go le ntwa fa gare ga Asa le Baesa kgosi ya Iseraele ka malatsi aotlhe a bone.

17 Baesa kgosi ya Iseraele e kile ya bololela Juta; ya ba ya agelela Rama gore e thibele batho go ka tsena gongwe go tswa kwa go Asa kgosi ya Juta.

18 Ke fa Asa a tsaya selefera yotlhe le gouta e e setseng mo mahumong a Ntlo yaMorenale a ntlo ya kgosi, a di neela batlhanka ba gagwe diatleng, mme a ba roma kwa go Benehatate morwa Taberimone morwa Hesione kgosi ya Siria e e neng e agile kwa Damaseko, a re:

19 “Go na le kgolagano gare ga me le wena le gare ga rre le rraago. Ke go romela neo ya selefera le gouta ke eo. Yaa o senye kgolagano ya gago le Baesa kgosi ya Iseraele gore e ntlogele.”

20 Benehatate a utlwana le kgosi Asa, a roma balaodi ba mephato ya gagwe go ya go tlhasela metse ya Iseraele; a senya motse wa Iyone le wa Dane le wa Abele-Bethe-Maaga le Khinerothe yotlhe le lefatshe lotlhe la Nafetale.

21 Mme ya re Baesa a utlwa jalo, a khutla go agelela Rama, a boela kwa Thiresa.

22 Ke fa kgosi Asa a kua Bajuta botlhe, a sa tlogele ope, mme ba tlosa mafika a Rama le dikgong tsa teng tse Baesa o neng a ageletse ka tsona, mme kgosi Asa a agelela Geba wa Benyamene le Mitsepha ka tsona.

23 Ditirafalo tsotlhe tse dingwe tsa ga Asa le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale le tsotlhe tse o neng a di dira le metse e o neng a e aga kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta. Fela e rile a sena go tsofala, a nna le bolwetse jwa maoto.

24 Mme Asa a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go bone mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Josafate morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Kgosi Natabe wa Iseraele

25 Natabe morwa Jerobeame a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta; a busa Baiseraele dinyaga di le pedi.

26 A dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a sepela mo tseleng ya ga rraagwe le mo boleong jwa gagwe jo o neng a leofisa Baiseraele ka jona.

27 Mme Baesa morwa Ahia wa lotso lwa ga Isašare a mo tsosetsa moferefere, a mmolaela kwa Gibethone motseng wa Bafelesita; gonne Natabe le Baiseraele botlhe ba ne ba dikanyetsa Gibethone ka ntwa.

28 Baesa a mmolaya ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a ba a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

29 Mme ya re a ntse a busa, a bolaya botlhe ba lelapa la ga Jerobeame, a se ka a sadisa ope wa ga Jerobeame ga tsamaya a ba nyeletsa ka fa lefokong laMorenale a le buileng ka motlhanka wa gagwe Ahia wa Silo

30 ka ntlha ya dibe tsa ga Jerobeame tse o neng a di dirile, a leofisa Baiseraele ka tsona le ka ntlha ya thumolo ya gagwe e o neng a galefisaMorena, Modimo wa Iseraele, ka yona.

31 Mme ditirafalo tse dingwe tsa ga Natabe le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.

32 Go ne go le ntwa fa gare ga Asa le Baesa kgosi ya Iseraele ka malatsi otlhe a bone.

Kgosi Baesa wa Iseraele

33 Baesa morwa Ahia o ne a simolola go busa Baiseraele botlhe kwa Thiresa ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le 24;

34 a dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a sepela mo tseleng ya ga Jerobeame le mo boleong jwa gagwe jo o neng a leofisa Baiseraele ka jona.