1 Mme lefoko laMorenala tla kwa go moporofeti Jehu morwa Hanani la bôpela Baesa la re:
2 “E re ka ke go godisitse, ka go ntsha leroleng, ka go dira moetapele yo o busang morafe wa me wa Iseraele, mme wena o sepetse mo tseleng ya ga Jerobeame, wa leofisa morafe wa me wa Baiseraele gore ba nkgalefise ka maleo a bone,
3 ka moo ke tla go feela, Baesa le ba lapa la gago; ke dira ka lelapa la gago jaaka ke dirile ka lelapa la ga Jerobeame morwa Nebate.
4 Wa ga Baesa yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintšwa; wa gagwe yo o swelang kwa nageng o tla jewa ke manong a loapi.”
5 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Baesa le tse o di dirileng le ditiro tsa gagwe tsa bopelokgale kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
6 Mme Baesa a robala le borraagwe a fitlhwa kwa Thiresa, mme Ela morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
7 Lefoko laMorenala tla ka moporofeti Jehu morwa Hanani ka ga Baesa le ka ga lelapa la gagwe, mme e ne e se ka ntlha ya tse di bosula tsotlhe fela tse o di dirileng mo matlhong aMorena, a mo galefisa ka tiro ya diatla tsa gagwe, a dira jaaka ba lapa la ga Jerobeame, mme le gona e le ka a mmolaile.
Kgosi Ela wa Iseraele
8 Ela morwa Baesa a simolola go busa Baiseraele kwa Thiresa ka ngwaga wa 26 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le pedi.
9 Mme Simeri motlhanka wa gagwe molaodi wa bontlhanngwe jwa dikoloi tsa ntwa a mo tsosetsa leferetlho. Ya re Ela a le kwa Thiresa a nwa, a tagwa mo ntlong ya ga Aresa yo o neng a okametse ntlo ya kgosi kwa Thiresa,
10 Simeri a tsena a mo itaya, a mmolaya, e le ka ngwaga wa 27 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a ba a nna kgosi mo boemong wa gagwe.
11 Mme ya re a ntse a le kgosi, a dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi a bolaya botlhe ba lelapa la ga Baesa, a se ka a mo sadisetsa yo motonanyana ope le e seng ba losika lwa gagwe le e seng ditsala tsa gagwe.
12 Simeri a fetsa lelapa lotlhe la ga Baesa jalo, e le ka fa lefokong laMorenale o le buileng ka ga Baesa ka moporofeti Jehu;
13 e le ka ntlha ya maleo otlhe a ga Baesa le a ga Ela morwawe a ba a leofileng, a ba leofisitseng Baiseraele ka ona, mme ba galefisaMorena, Modimo wa Iseraele, ka medimo ya bone ya boithamako.
14 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ela le tsotlhe tse o di dirileng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
Kgosi Simeri wa Iseraele
15 Simeri o ne a busa jalo malatsi a supa kwa Thiresa ka ngwaga wa 27 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, morafe o ntse o dikanyetsa motse wa Gibethone wa Bafelesita ka ntwa.
16 Mme ya re banna botlhe ba Iseraele ba ba neng ba thibeletse ba utlwa gore Simeri o tsositse moferefere, o bile o bolaile kgosi, ba tsaya Omeri molaodi wa mephato, ba mo dira kgosi ya Iseraele ka letsatsi leo kwa bothibelelong.
17 Ke fa Omeri a bolola a tloga kwa Gibethone a na le Baiseraele botlhe ba dikanyetsa Thiresa ka ntwa.
18 Mme ya re Simeri a bona motse o thopilwe, a tsena mo kagong ya phemelo ya ntlo ya kgosi, a tshuba ntlo ya kgosi ka molelo a le mo teng ga yona, a swa nayo;
19 e le ka ntlha ya maleo a gagwe, ka a dirile tse di bosula mo matlhong aMorena, a sepela mo tseleng ya ga Jerobeame le mo boleong jwa gagwe jo o bo dirileng go leofisa Baiseraele.
20 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Simeri le khuduego e o tsositseng kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
Kgosi Omeri wa Iseraele
21 Ka sebaka seo morafe wa Iseraele wa tswa ditlhopha tse pedi: Bontlhanngwe jwa morafe jwa tshaba le Thibeni morwa Ginathe jwa re bo mo dira kgosi, mme bontlhanngwe jwa goga le Omeri.
22 Mme batho ba ba neng ba goga le Omeri ba ne ba le thata bogolo go batho ba ba tshabang le Thibeni morwa Ginathe. Ya re Thibeni a swa, Omeri a nna kgosi ya Baiseraele botlhe.
23 Omeri a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa 31 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta, a busa dinyaga di le 12, a busa dinyaga di le thataro kwa Thiresa.
24 A ba a reka thaba ya Samaria mo go Semere ka ditalente di le pedi tsa selefera, a aga motse mo thabeng eo, a o bitsa Samaria, a o reelela Semere mong wa thaba.
25 Omeri a dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a senya go feta botlhe ba ba neng ba le teng pele ga gagwe;
26 a sepela gotlhe mo tseleng ya ga Jerobeame morwa Nebate le mo maleong a gagwe a o neng a leofisa Baiseraele ka ona, mme ba galefisaMorena, Modimo wa Iseraele, ka medimo ya bone ya boithamako.
27 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Omeri le tse o di dirileng le boganka jwa gagwe jo o neng a dira ka jona kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
28 Mme Omeri a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria, mme Ahabe morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Kgosi Ahabe wa Iseraele
29 Ahabe morwa Omeri a simolola go busa Baiseraele ka ngwaga wa 38 wa puso ya ga Asa kgosi ya Juta; a busa Baiseraele kwa Samaria dinyaga di le 22.
30 Ahabe morwa Omeri a dira tse di bosula mo matlhong aMorena, a senya go feta botlhe ba ba neng ba le teng pele ga gagwe.
31 O ne a galala go sepela mo maleong a ga Jerobeame morwa Nebate, o bile a oketsa ka go nyala Isebele morwadia Ethebaale, kgosi ya Basitoni, a tloga gape a direla Baale a mo obamela.
32 A agela Baale aletare mo tempeleng ya ga Baale e o neng a e agile kwa Samaria.
33 Le gona Ahabe a betla Ašera;Ahabe a ba a oketsa ka go dira tse di galefisangMorena, Modimo wa Iseraele, go feta dikgosi tsotlhe tsa Iseraele tse di neng di le teng pele ga gagwe.
34 Ka malatsi a ga Ahabe Hiele wa Bethele a tsosa motse wa Jerigo; ya re a o thaya, a swelwa ke Abirame morwawe yo mogolo; ya re a tsenya ditswalo tsa dikgoro tsa ona, a swelwa gape ke Segube morwawe yo mmotlana; e le ka fa lefokong laMorenale o le buileng ka Jošua morwa Nune.