Elia le baporofeti ba ga Baale
1 E rile malatsi a mantsi a sena go feta, ka ngwaga wa boraro lefoko laMorenala tla kwa go Elia la re: “Yaa o iponatse mo go Ahabe; gonne ke rata go nesa pula mo lefatsheng.”
2 Elia a ya go iponatsa mo go Ahabe.
Mme tlala e ne e le kgolo kwa Samaria.
3 Ke fa Ahabe a bitsa Obatya mookamedi wa ntlo ya kgosi. Obatya o ne a boifaMorenathata.
4 E rile Isebele a bolaya baporofeti baMorena, Obatya a tshabisa baporofeti ba le lekgolo, a ba suba mo dikgageng, banna ba ba 50 mo go lo longwe, ba ba 50 mo go lo longwe, a ba otla ka bogobe le metsi.
5 Jaanong Ahabe a raya Obatya a re: “Ralala lefatshe, o ye kwa metsweding yotlhe ya metsi le kwa dinokaneng tsotlhe. Ka gongwe re tla bona bojang gore re phedise dipitse le meboulwe, mme re se ka ra patelesega go bolaya diruiwa tse dingwe.”
6 Mme ba kgaogana lefatshe go le ralala. Ahabe a tsamaya a le esi ka tsela nngwe, le Obatya a tsamaya a le esi ka tsela e sele.
7 Jaanong ya re Obatya a le mo tseleng, a kgatlhana le Elia ka tshoganyetso, ya re a mo lemoga a wela fa fatshe ka sefatlhego, a botsa a re: “A ke wena Elia mong wa me?”
8 A mo araba a re: “Ke nna. Yaa o ree mong-wa-go o re: ‘Ke bonye Elia.’ ”
9 Mme Obatya a botsa a re: “Ke leofileng, fa o neela motlhanka wa gago mo diatleng tsa ga Ahabe gore a mpolae?
10 Ka bophelo jwaMorena, Modimo wa gago! Ga go na setšhaba sepe le e seng bogosi bope kwa mong wa me a sa romang teng go go batla. Mme e ne ya re fa ba re: ‘Ga a yo!’ a ikanise bogosi joo le setšhaba seo gore tota ga ba ise ba go bone.
11 Mme jaanong wena o re: ‘Yaa o ree mong-wa-go o re: Ke bonye Elia!’
12 E ka re gongwe ke go tlogela, Mowa waMorenawa sala o go isa kwa ke sa go itseng, mme ka feta ka bolelela Ahabe, a tla go go batla, mme a se ka a go bona, foo o tla mpolaya. Mme nna motlhanka wa gago ke boifaMorenago tswa bonyaneng jwa me.
13 A morena wa me ga a begelwa se nkileng ka se dira, fa Isebele a bolaya baporofeti baMorena? Ka suba baporofeti baMorenaba le lekgolo, ba ba 50 mo logageng lo longwe, ba ba 50 mo logageng lo longwe, ka ba otla ka bogobe le metsi!
14 Jaanong he, a tota o a re: ‘Yaa o ree mong-wa-go o re: Ke bonye Elia’? Kana o tla mpolaya!”
15 Mme Elia a re: “Ka bophelo jwaMorenawa masomosomo yo ke mo direlang! Ruri, ke tla iponatsa mo go ene kajeno!”
16 Obatya a ya a kgatlhantsha Ahabe a mo itsise jalo; mme Ahabe a ya a kgatlhantsha Elia.
17 Ya re Ahabe a bona Elia, Ahabe a mmotsa a re: “A ke wena mosenyetsi wa Iseraele?”
18 Mme Elia a re: “Ga se nna yo ke senyetsang Baiseraele, mme ke wena le ba lapa la ga rraago; ka go re lo tlogetse ditaolo tsaMorena, lwa sala boBaale morago.
19 Jaanong he, roma o phuthele go nna Baiseraele botlhe, ba tle kwa thabeng ya Karemele le baporofeti ba Baale ba ba 450 le baporofeti ba ba 400 ba Ašera ba ba jelang mo tafoleng ya ga Isebele.”
20 Ke fa Ahabe a roma kwa Baiseraeleng botlhe, a phuthela baporofeti bao kwa thabeng ya Karemele.
21 Mme Elia a atamela batho botlhe, a ba botsa a re: “Lo tla nna dimao tse di ntlha-pedi go fitlha leng? Fa Modimo e leMorena, mo saleng morago; mme fa e le Baale, mo lateleng!” Mme batho ba se ka ba mo araba sepe.
22 Ke fa Elia a raya batho a re: “Go setse nna ke le nosi mo baporofeting baMorena, mme baporofeti ba ga Baale ke banna ba le 450.
23 Jaanong he, a re neelwe dipoo di le pedi, mme bone ba itlhaolele poo nngwe, ba e kgabetlele, ba e bee mo dikgonnye, mme ba se ka ba gotsa molelo; le nna ke tla baakanya poo e nngwe, ke e baya mo dikgonnye, ke sa gotse molelo.
24 Lona lo bitse leina la modimo wa lona, nna ke tla bitsa leina laMorena, e le go re: Modimo o o tla arabang ka molelo, ke ona Modimo wa nnete.” Batho ba araba ba re: “Lefoko leo le siame.”
25 Jaanong Elia a raya baporofeti ba Baale a re: “Itlhopheleng poo nngwe, lo e baakanye pele; gonne lona lo bantsi; lo be lo bitse leina la modimo wa lona, fela lo se ka lwa gotsa molelo.”
26 Ba tsaya poo e ba e filweng, ba e baakanya, ba bitsa leina la ga Baale go tloga mosong go fitlha motshegare ba re: “Baala wee, re utlwe!” Mme ga se ka ga nna tumo le e seng yo o arabang. Mme ba tlolaka ba dikologa aletare e ba e dirileng.
27 Mme ya re go le motshegare, Elia a ba sotla a re: “Goang thata! Kana ke modimo. E kete o a akanya gongwe o tshwaregile gongwe o etile gongwe o thulametse, goang gore a thanye!”
28 Bone ba goa thata, ba iphatsa ka ditšhaka le ka marumo ka fa tlwaelong ya bone ga tsamaya ba tshologa madi.
29 Ya re motshegare o sena go feta, ba huduakana go ya nakong ya go dira tshupelo ya mantsiboa, mme ga se ka ga nna lentswe le e seng yo o arabang le e seng yo o utlwang.
30 Ke fa Elia a raya batho botlhe a re: “Atamelang kwano go nna!” Mme batho botlhe ba mo atamela. Jaanong a tsosa aletare yaMorenae e neng e thubagantswe.
31 Elia a tsaya majwe a le 12 ka fa palong ya ditso tsa bomorwa Jakobe yo lefoko laMorenale kileng la tla kwa go ene la re: “Leina la gago e tla nna Iseraele,”
32 a aga aletare ka majwe ao mo leineng laMorena, a dira mosele o o lekanyeng go tshola dikgamelo di le pedi tsa peo mo tikologong ya aletare.
33 A ba a tlhatlaganya dikgong, a kgabetlela poo, a e baya mo dikgonnye,
34 a re: “Tlatsang dinkgo di le nne metsi, lo a tshele mo setlhabelong le mo dikgonnye.” Ba dira jalo. A ba a re: “Boelelang!” Ba boelela. A ba a re: “Dirang la boraro.” Ba dira la boraro.
35 Mme metsi a ela mo tikologong ya aletare, le mosele ba o tlatsa metsi.
36 Ya re go le nako ya go dira tshupelo ya mantsiboa, moporofeti Elia a atamela a rapela a re: “Morena, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, a go itsiwe kajeno gore ke wena Modimo mo Iseraeleng, mme nna ke motlhanka wa gago, le gore ke dirile dilo tsotlhe tseo ka taelo ya gago.
37 NkutlweMorena, o nkarabe gore batho ba, ba tle ba itse gore wenaMorenao Modimo wa nnete le gore wena o sokololela dipelo tsa bone kwa go wena.”
38 Ke fa molelo waMorenao wa kwa legodimong, o ja setlhabelo le dikgong le majwe le mmu, wa ba wa latswa metsi a a mo moseleng.
39 Ya re batho botlhe ba bona, ba wela fa fatshe ka difatlhego ba re: “Modimo ke onaMorena! Modimo ke onaMorena!”
40 Mme Elia a ba raya a re: “Tshwarang baporofeti ba ga Baale, a go se falole ope wa bone.” Ba ba tshwara, mme Elia a ba folosetsa kwa nokaneng ya Kisone, a ba bolaela teng.
Leuba le a khutlisiwa
41 Jaanong Elia a raya Ahabe a re: “Tlhatloga o je o nwe! Gonne go utlwala mosumo wa pula.”
42 Ahabe a tlhatloga go ja le go nwa, mme Elia a tlhatlogela kwa setlhoeng sa Karemele, a inamela fa fatshe, a tsenya sefatlhego fa gare ga mangole.
43 A ba a raya modiredi wa gagwe a re: “A ko o tlhatloge o lebe ntlheng ya lewatle.” Mme a tlhatloga a leba a re: “Ga go na sepe.” Elia a re: “Boelela.” Ga dirafala jalo gasupa.
44 Mme ya re a tla la bosupa a re: “Lerunyana ke lele le le kanaka seatla sa motho le tlhatloga mo lewatleng.” Ke fa Elia a re: “Yaa o ree Ahabe o re: ‘Golega koloi o fologe gore pula e se ka ya go tshwara.’ ”
45 Mme ka tshoganyetso legodimo la ntshofala ka maru le phefo, ga na pula e kgolo. Mme Ahabe a palama koloi, a ya kwa Iserele.
46 Mme seatla saMorenaSa nna mo go Elia, a ba a itlama letheka, a taboga fa pele ga Ahabe go ya go fitlha kwa Iserele.