Ntwa ya ga Benehatate kgosi ya Siria le Ahabe
1 Mme Benehatate kgosi ya Siria ya kgobokanya mephato yotlhe ya yona, e na le dikgosi di le 32 mmogo le dipitse le dikoloi tsa ntwa, ya bolola, ya dikanyetsa motse wa Samaria ka ntwa, ya o tlhasela;
2 ya ba ya roma barongwi kwa go Ahabe kgosi ya Iseraele kwa teng ga motse
3 go ya go mo raya ba re: “Benehatate o bua jaana a re: ‘Selefera ya gago le gouta ya gago ke tsa me, le basadi ba gago ba bantle le bana ba gago ba bantle ke ba me.’ ”
4 Mme kgosi ya Iseraele ya araba ya re: “A go nne ka fa o buileng ka teng, kgosi morena wa me, ke wa gago le tsotlhe tse ke nang natso.”
5 Mme barongwi ba be ba tla gape ba re: “Benehatate o bua jaana a re: ‘Kana nkile ka roma koo go wena ka re: Mphe selefera ya gago le gouta ya gago le basadi ba gago le bana ba gago.
6 Mme e tla re fa ke roma batlhanka ba me koo go wena kamoso ka nako e, foo ba tla fukutsa ntlo ya gago le matlo a batlhanka ba gago, mme tsotlhe tse di rategang mo matlhong a gago ba tla baya diatla tsa bone mo go tsone, ba di tsaya.’ ”
7 Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa bagolo botlhe ba lefatshe e re: “A ko lo lemoge, lo bone gore yoo o batla bosula. Gonne o ne a romile kwano go nna, a batla basadi ba me le bana ba me le selefera ya me le gouta ya me, mme ga ke a ka ka gana ka tsona.”
8 Mme bagolo botlhe le morafe otlhe ba e araba ba re: “Se tlhole go mo utlwa le e seng go dumela.”
9 Ka moo a raya barongwi ba ga Benehatate a re: “Rayang kgosi mong wa me lo re: ‘Tsotlhe tse o neng o romile go di batla mo motlhankeng wa gago pele, ke ne ka utlwisisa go di dira. Mme se o se bolelang jaanong ke palelwa ke go se dira.’ ” Ke fa barongwi ba tsamaya ba mmusetsa karabo.
10 Mme Benehatate a roma gape kwa go ene a re: “A medimo e ntirele jaana, e be e nkokeletse jaana, fa lerole la Samaria le ka lekana go tlala diatla tsa banna botlhe ba ba ntshetseng morago.”
11 Mme kgosi ya Iseraele ya araba ya re: “Mo reeng lo re: ‘Yo o ikgatlhang ka tsa tlhabano, a se ka a ipoka jaaka yo o di ikgatlhololang.’ ”
12 Ya re Benehatate a utlwa lefoko le – a ntse a nwa bojalwa ene le dikgosi tsele mo maobong – a raya batlhanka ba gagwe a re: “Tlhaselang!” Mme ba tlhasela motse.
13 Ke fa moporofeti mongwe a atamela Ahabe kgosi ya Iseraele a re: “Morenao bua jaana a re: ‘A o bona masomo a magolo otlhe a? Bona, ke tla a neela mo diatleng tsa gago kajeno gore o tle o itse, fa e le nnaMorena.’ ”
14 Ahabe a re: “Ka mang?” Yole a re: “Morenao bua jaana a re: ‘Ka makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga.’ ” Ahabe a boela a re: “Ke mang yo o tshwanetseng go simolola ntwa?” Yole a re: “Ke wena.”
15 Ke fa Ahabe a bala makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga, mme a ne a le 232; morago ga one a bala batlhabani ba Baiseraele botlhe, ba nna dikete di supa.
16 Mme ba bolola motshegare Benehatate a ntse a nwa, a tagwa mo maobong le dikgosi tsele; e ne e le dikgosi di le 32 tse di mo thusang.
17 Makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga a bolola pele. Benehatate o ne a romile batlhodi, mme ba mo itsise ba re: “Banna ba setse ba bolotse kwa Samaria.”
18 Mme ene a re: “Ba tshwareng fela, lo se ba bolae, le fa ba bololetse kagiso gongwe tlhabano.”
19 Jaanong e rile Baiseraele ba sena go bolola mo motseng, e bong makau a dikgosana tsa dikarolo tsa naga le mephato e e a latelang,
20 mongwe le mongwe a bolaya yo a mo tshwarang, Basiria ba tshaba, mme Baiseraele ba ba khutšhela. Benehatate, kgosi ya Siria yona ya falola e palame pitse e na le bapalami ba bangwe.
21 Kgosi ya Iseraele e ne ya bolola jalo, ya thopa dipitse le dikoloi tsa ntwa, ya gaila Basiria ka polao e kgolo.
22 Ke fa moporofeti yole a atamela kgosi ya Iseraele a e raya a re: “Yaa o ithatafatse, o ele tlhoko o bone se o ka se dirang; gonne e tla re isago ka nako e kgosi ya Siria e go bololele gape.”
Tlhaselo ya bobedi ya Basiria
23 Mme batlhanka ba kgosi ya Siria ba e raya ba re: “Medimo ya bone ke medimo ya dithaba, ke ka moo ba re paletseng; mme fa re ka tlhabana nabo mo lebaleng, ruri, re ka ba fenya!
24 Ka moo dira jaana: Tlosa dikgosi tsele mo mannong a tsone, o bee balaodi mo boemong jwa tsona.
25 O be o kue mephato e e lekanang le e e go latlhegetseng le dipitse tse di kana ka tsa pele le dikoloi tsa ntwa tse di kana ka tsa pele, mme a re tlhabaneng nabo mo lebaleng. Ruri, re tla ba fenya!” Kgosi ya utlwa se ba se bolelang, ya dira jalo.
26 Mme ya re ngwaga o sena go feta, Benehatate a bala Basiria, a bolola a tla kwa Afeke go tlhabana le Baiseraele.
27 Ya re Baiseraele ba sena go balwa le go fiwa mefago, ba ya go ba kgatlhantsha. Baiseraele ba thibelela fa pele ga bone, ba tshwana le matsomanenyana a mabedi a dipodi, mme Basiria ba saila mo nageng.
28 Ke fa monna wa Modimo yole a atamela kgosi ya Iseraele gape a re: “Morenao bua jaana a re: ‘E re ka Basiria ba rile,Morenake Modimo wa dithaba fela, e seng Modimo wa melapo, ke ka moo ke tla neelang bontsi jotlhe jo bogolo jole mo diatleng tsa gago gore lo tle lo itse tota, fa e le nnaMorena.’ ”
29 Mme ba thibelela ba lebaganye nabo malatsi a supa. Mme ka letsatsi la bosupa tlhabano ya simologa. Ke fa Baiseraele ba bolaya Basiria ba le 100 000 e le ba dinao ka letsatsi le le lengwe.
30 Ba ba setseng ba tshabela kwa Afeke kwa motseng, mme lobota lwa wela banna ba le 27 000 ba ba setseng. Le Benehatate a tshaba, a tsena mo motseng, a tsena ntlo le ntlwana.
31 Mme batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “A ko o bone, re utlwile go twe, dikgosi tsa Baiseraele ke dikgosi tse di bopelotlhomogi. Nte re apare dikgetse mo mathekeng, re rwale dikgole mo ditlhogong, re tswele kwa kgosing ya Iseraele. E ka re gongwe ya rekegela bophelo jwa gago.”
32 Ke fa ba itlama matheka ka dikgetse tsa bohutsana, ba ithara ditlhogo ka dikgole, ba tla kwa kgosing ya Iseraele ba re: “Benehatate motlhanka wa gago a re: ‘Nte ke phele!’ ” Mme Ahabe a re: “A o sa ntse a phela? Fa go le jalo, ke morwa-rre!”
33 Mme banna bao ba fitlhela mafoko a e le sesupo se se molemo, ba a amogela ka pele mo go ene ba re: “Benehatate ke morwa-rraago!” Ene a re: “Yaang go mo tsisa.” Ke fa Benehatate a tswela kwa go ene, mme Ahabe a mo palamisa mo koloing, a bapa nae.
34 Ke fa Benehatate a mo raya a re: “Metse e rre o neng a e amoga rraago ke tla e busa. Le gona o ka itirela mafelo a go bapatsa kwa Damaseko jaaka go dirile rre kwa Samaria.” Ahabe a mo raya a re: “Ke tla go naya tsela ka kutlwano e e ntseng jalo.” Mme a dira kgolagano nae, a mo lesa a tsamaya.
Kgosi Ahabe o kgalemelwa ke moporofeti
35 Ke fa monna mongwe wa barutwana ba boporofeti a raya molekane wa gagwe ka taelo yaMorenaa re: “Ntitee tlhe!” Mme monna yoo a gana go mo itaya.
36 A ba a mo raya a re: “E re ka o ganne go utlwa lentswe laMorena, bona, fa re kgaogana, o tla bolawa ke tau.” Mme ya re a sena go tloga fa go ene, tau ya kgatlhana nae, ya mmolaya.
37 A ba a bona monna yo mongwe gape a re: “A ko o ntitee!” Monna yoo a mo itaya a mo ntsha dintho.
38 Jaanong moporofeti yo a ya a emela kgosi mo tseleng, a e ikgakisa ka go iphapa matlho ka lesela.
39 Jaanong ya re kgosi e feta, a goela kgosing a re: “Motlhanka wa gago o ne a bolotse a ya tlhabanong. Ka bona monna mongwe a fapoga a tlisa monna go nna a re: ‘Disa monna yo! Fa a ka timela, bophelo jwa gago bo tla emela bophelo jwa gagwe gongwe o tla lefa talente ya selefera.’
40 Mme ya re motlhanka wa gago a ntse a tshwere tiro fa le fale, a timela.” Ke fa kgosi ya Iseraele e mo raya e re: “Katlholo ya gago e ntse jalo. O ikatlhotse ka wesi.”
41 Ke fa a akofa a iphapolola lesela mo matlhong, mme kgosi ya Iseraele ya mo itse, fa e le mongwe wa baporofeti.
42 Jaanong a e raya a re: “Morenao bua jaana a re: ‘E re ka o lesitse monna yole a tšhomola mo diatleng tsa gago yo ke mo hutsitseng, ka moo o tla swa mo boemong jwa gagwe le morafe wa gago mo boemong jwa morafe wa gagwe.’ ”
43 Ke fa kgosi ya Iseraele e ya kwa gae e ngadile e galefile; ya tsena teng kwa Samaria.