1 DIKGOSI 21

Tshimo ya moweine ya ga Nabothe

1 Morago ga dilo tseo ga dirafala se: Nabothe wa Iserele a bo a na le tshimo ya moweine mo Iserele, e bapile le ntlo ya bogosi ya ga Ahabe kgosi ya Samaria.

2 Jaanong Ahabe a bua le Nabothe a re: “Nneele tshimo ya gago ya moweine gore e nne tshimo ya me ya merogo, ka e le gaufi le ntlo ya me. Boemong jwa yona ke tla go naya tshimo ya moweine e e e gaisang, gongwe fa o rata ke tla go naya madi a tlhwatlhwa ya yona.”

3 Mme Nabothe a raya Ahabe a re: “AMorenaa nkganele go go neela boswa jwa borre.”

4 Ahabe a ba a fitlha kwa ntlong ya gagwe a ngadile a galefile ka ntlha ya lefoko le Nabothe wa Iserele o le buileng nae a re: “Ga nkitla ke go neela boswa jwa borre!” A ba a robala mo bolaong jwa gagwe a fitlhile sefatlhego, a sa batle le dijo.

5 Mme Isebele mosadi wa gagwe a tla kwa go ene, a mmotsa a re: “Ke eng fa mowa wa gago o ngadile mo o bileng o sa je dijo?”

6 A mo araba a re: “Ke ka gonne ke buile le Nabothe wa Iserele, ka mo raya ka re: ‘Nneela tshimo ya moweine ya gago ka madi, gongwe fa go go kgatlha ke ka go naya tshimo e nngwe ya moweine mo boemong jwa yona.’ Mme ene a re: ‘Ga nka ke ka go neela tshimo ya me ya moweine.’ ”

7 Ke fa Isebele mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A ke gona go busa Baiseraele? Tsoga o je dijo, mme pelo ya gago e itumele! Ke nna ke tla go neelang tshimo ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele.”

8 Jaanong mosadi a kwala dikwalo ka leina la ga Ahabe, a di kana ka sekano sa gagwe, a di romela kwa bagolong le kwa batlotleging ba ba agileng le Nabothe mo motseng wa ga gabo.

9 A kwala mo dikwalong a re: “Tlhabang mokgosi lo re: Itimeng dijo! Lo bee Nabothe fa pele ga morafe.

10 Lo be lo bee banna ba le babedi ba ba maaka, lo ba lebaganye nae, ba supe ka ga gagwe ba re: ‘O hutsitse Modimo le kgosi.’ Jaanong lo mo ntshetse kwa ntle, lo mo kgobotletse ka majwe gore a swe.”

11 Banna ba motse wa ga gabo, e bong bagolo le batlotlegi ba ba neng ba agile mo motseng wa ga gabo ba dira ka fa taelong e ba e rometsweng ke Isebele, jaaka go ne go kwadilwe mo dikwalong tse o di ba rometseng:

12 Ba tlhaba mokgosi ba re: “Itimeng dijo!” Ba baya Nabothe fa pele ga morafe.

13 Ke fa go tla banna ba babedi ba balotsana, ba nna fa pele ga gagwe; banna bao ba balotsana ba supa ka ga Nabothe fa pele ga morafe ba re: “Nabothe o hutsitse Modimo le kgosi.” Ba be ba mo ntshetsa kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa.

14 Jaanong ba roma kwa go Isebele ba re: “Nabothe o kgobotleditswe, o bile o sule.”

15 Ya re Isebele a utlwa go twe, Nabothe o kgobotleditswe, o bile o sule, a raya Ahabe a re: “Nanoga o ye go tsaya tshimo ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele yo o ganneng go e go neela ka madi. Gonne Nabothe ga a tlhole a phela, mme o sule.”

16 Ya re Ahabe a utlwa gore Nabothe o sule, a nanoga a fologela kwa tshimong ya moweine ya ga Nabothe wa Iserele go e tsaya.

17 Mme lefoko laMorenala tla kwa go Elia wa Thišebe la re:

18 “Nanoga o fologe go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele yo o nnang kwa Samaria. O kwa tshimong ya ga Nabothe, o fologetse teng go e tsaya.

19 O mo ree o re: ‘Morenao bua jaana a re: A o bolaile, o bile o tsere?’ O be o mo ree o re: ‘Morenao bua jaana a re: Mo felong kwa dintšwa di latswitseng madi a ga Nabothe teng madi a gago le ona dintšwa di tla a latswa teng.’ ”

20 Ahabe a fetola Elia a re: “A o ntshwere, mmaba wa me?” Elia a re: “Ke go tshwere, ka o ineetse go dira tse di bosula mo matlhong aMorena.

21 Morenaa re: ‘Bona, ke tla go tlisetsa tatlhego, ke go feela, ke nyeletsa ba batonanyana botlhe ba gago, Ahabe, mo Iseraeleng, ke sa rekegele ope.

22 Ke tla dira lelapa la gago jaaka lelapa la ga Jerobeame morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baesa morwa Ahia ka ntlha ya sekgopi se o se dirileng, wa leofisa Baiseraele ka sona.’

23 Le gonaMorenao buile ka ga Isebele a re: ‘Dintšwa di tla ja Isebele fa loboteng lwa Iserele.

24 Wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintšwa; yo o swelang kwa nageng o tla jewa ke manong a loapi.’ ”

25 Go ne go ise go ke go nne ope yo o tshwanang le Ahabe yo o neng a ineela go dira tse di bosula mo matlhong aMorena, ka ene Isebele mosadi wa gagwe a mo tlhotlheletsa jalo.

26 A dira tse di maswe thata ka go latela medimo e e tenang, fela jaaka go ne go dira Baamori baMorenao neng a ba leleka fa pele ga Baiseraele.

27 Ya re Ahabe a utlwa mafoko ao, a ikgagola diaparo, a apara kgetse mo mmeleng, a itima dijo, a lala a e apere, a tsamaya ka khutsafalo.

28 Ke fa lefoko laMorenale tla kwa go Elia wa Thišebe le re:

29 “A o bonye jaaka Ahabe a ikokobetsa fa pele ga me? E re ka a ikokobetsa fa pele ga me, ga ke ne ke tlisa tatlhego mo malatsing a gagwe, ke tla e tlisetsa lelapa la gagwe mo malatsing a ga morwawe.”