Salomo o ipaakanyetsa go aga Tempele
1 Hirame kgosi ya Tiro e ne ya roma batlhanka ba yona kwa go Salomo; ka gonne e ne e utlwile, fa a tloditswe go nna kgosi boemong jwa ga rraagwe. Kana Hirame o ne a tsalanye le Dafita ka malatsi otlhe.
2 Jaanong Salomo a roma batho kwa go Hirame a re:
3 “O itse ka wesi fa Dafita rre a se ka a kgona go agela leina laMorena, Modimo wa gagwe, ntlo ka ntlha ya dintwa tse di neng di mo dikanyeditse ga tsamayaMorenaa baya baba ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.
4 Mme jaanongMorena, Modimo wa me, o mphile boikhutso mo ntlheng tsotlhe; ga go na moganetsi le e seng kgoreletso epe e e bosula.
5 Ke ka moo ke ikaeletseng go agela leina laMorena, Modimo wa me, ntlo jaakaMorenaa reile rre Dafita a re: ‘Morwao yo ke tla mmayang mo sedulong sa bogosi sa gago boemong jwa gago ke ene yo o tla agelang leina la me ntlo.’
6 Ka moo he, ba ree ba nthemele mesetere kwa Lebanone. A batlhanka ba me ba dire mmogo le ba gago. Mme tuelo ya batlhanka ba gago ke tla go neela fela jaaka o e batla. Gonne o itse ka wesi gore ga go na ope mo go rona yo o itseng go rema ditlhare jaaka Basitone.”
7 Mme e rile Hirame a utlwa mafoko a ga Salomo, a itumela thata a re: “A go bakweMorenakajeno yo o neileng Dafita morwa yo o botlhale go busa morafe o mogolo oo!”
8 Hirame a ba a roma batho kwa go Salomo a re: “Ke utlwile mafoko a o a nthometseng. Ka ga dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese ke tla dira tsotlhe ka fa o eletsang ka teng.
9 Batlhanka ba me ba tla di folosa kwa Lebanone ba di isa kwa lewatleng. Ke tla di bofaganya di kokobala mo lewatleng, di isiwa kwa o di batlang teng, ke di bofolola, wena o be o di tsaya teng. Mme le wena o ntirele se ke se kopang o fe ba lapa la me dijo.”
10 Hirame a naya Salomo dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese fela jaaka a kopile.
11 Mme Salomo a naya Hirame dikgetse di le 70 000 tsa mabele go nna dijo tsa lapa la gagwe, le difaki di le 182 tsa lookwane lo lo tlhotlhilweng. Salomo a naya Hirame tseo ka ngwaga le ngwaga.
12 Morenaa naya Salomo botlhale jaaka a mo solofeditse. Go ne go le kagiso gare ga Hirame le Salomo; bona ba babedi ba dira kgolagano.
13 Jaanong kgosi Salomo a kua mephato mo Baiseraeleng botlhe; ba ba kuilweng e ne e le banna ba le dikete di le 30.
14 A romela ba le 10 000 kwa Lebanone ka kgwedi ba fapaana: Kgwedi e le nngwe ba le kwa Lebanone, kgwedi tse pedi ba nna kwa gae. Atonirame e ne e le molaodi wa banna bao ba mekuio.
15 Le gona Salomo o ne a na le basikari ba merwalo ba le 70 000 le ba le 80 000 ba ba betlang majwe kwa dithabeng
16 go sa balwe baokamedi ba bagolo ba le 3 300 ba ba beilweng ke Salomo go okamela tiro le go laola badiri.
17 Kgosi e ne e laetse gore ba epe majwe a magolo, majwe a tlhwatlhwa e kgolo gore go thaiwe motheo wa Ntlo ya Modimo ka majwe a a betlilweng.
18 Mme baagi ba ga Salomo le baagi ba ga Hirame le banna ba Gebale ba a betla, ba baakanya dikgong le majwe gore Ntlo ya Modimo e agiwe.