1 DIKGOSI 9

Modimo o iponatsa gape mo go Salomo

1 E rile Salomo a sena go fetsa Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi le dilo tsotlhe tse o neng a rata go di dira,

2 Morenaa iponatsa la bobedi mo go Salomo jaaka a kile a iponatsa mo go ene kwa Gibeone.

3 MmeMorenaa mo raya a re: “Ke utlwile thapelo ya gago le mokokotlelo wa gago o ò o kokotletseng fa pele ga me. Ke itshepisitse Ntlo e, e o e agileng, ka go baya leina la me teng ka bosakhutleng; mme matlho a me le pelo ya me di tla nna teng ka malatsi otlhe.

4 Jaanong fa le wena o sepela fa pele ga me jaaka Dafita rraago ka pelo e e se nang molato le ka nnete, ka go dira fela jaaka ke go laetse; fa o tshegetsa melao ya me le ditshiamelo tsa me,

5 foo ke tla tlhomamisa sedulo sa bogosi sa gago sa go busa Iseraele ka bosakhutleng jaaka ke solofeditse Dafita rraago ka re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna yo o dutseng mo sedulong sa bogosi sa Iseraele.’

6 Mme fa lo ka ntlhanogela, lwa ntlogela, lona le bana ba lona, lo sa tshegetse ditaolo tsa me le melao ya me e ke e beileng fa pele ga lona, mme lwa ya lwa direla medimo e sele lwa e obamela,

7 gona ke tla nyeletsa Baiseraele mo nageng e ke e ba neileng. Le Ntlo e ke e itshepiseditseng leina la me ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, mme Baiseraele ba tla fetoga seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe.

8 Mme Ntlo e e godimodimo e, e tla nna letlotla. Botlhe ba ba fetang fa go yona ba tla rerega ba botsa ba re: ‘Ke ka ntlha ya eng faMorenaa diretse lefatshe le, le Ntlo e tse di ntseng jaana?’

9 Foo ba tla re: ‘Ke ka gore ba tlogetseMorena, Modimo wa bone, o o ntshitseng borraabo kwa lefatsheng la Egepeto, ba ineela medimo e sele, ba e obamela, ba e direla. Ke ka mooMorenaa tlisitseng tatlhego yotlhe e mo go bone.’ ”

Tumalano ya Salomo le Hirame

10 E rile dinyaga di le 20 di sena go feta tse Salomo o neng a aga matlo a mabedi ka tsona, e bong Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi,

11 kgosi Salomo a naya Hirame metse e le 20 kwa lefatsheng la Galelea. Ke ka go re Hirame kgosi ya Tiro e ne e thusitse Salomo ka dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese le ka gouta fela ka fa a ratang ka teng.

12 Ke fa Hirame a bolola kwa Tiro, a ya go sekaseka metse e Salomo o e mo fileng, fela a se ka a e itumelela.

13 A feta a re: “Morwa-rra, metse eo e o e mphileng ke metse e e ntseng jang?” Ke ka moo e bidiwang lefatshe la Kabulego fitlha letsatsing leno.

14 Mme Hirame o ne a rometse kgosi ditalente di le 120 tsa gouta.

Ditiro tse dingwe tsa ga Salomo

15 Kgang ke e ya banna ba mokuio ba kgosi Salomo o neng a ba kuile go aga Ntlo yaMorenale ntlo ya gagwe le kago ya phemelo ya Milo le lobota lwa Jerusalema le motse wa Hasore le Megito le Gesere.

16 Ka sebaka sele go ne ga bolola Farao, kgosi ya Egepeto a thopa motse wa Gesere, a o fisa ka molelo, a bolaya Bakanana ba ba neng ba agile mo motseng oo, a o abela morwadie mosadi wa ga Salomo, e le neo ya nyalo.

17 Mme Salomo a aga Gesere gape – le Bethorone o o kwa tlase

18 le Baalathe le Thamare kwa sekakeng mo lefatsheng la Juta

19 le metse yotlhe ya dipolokelo tsa mabele e Salomo o neng a na nayo, le metse ya dikoloi tsa ntwa le metse ya bapalami ba dipitse le tse Salomo o neng a eletsa go di aga mo Jerusalema le kwa Lebanone le mo lefatsheng lotlhe la puso ya gagwe.

20 Batho botlhe ba masalela a Baamori le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ba e seng ba Baiseraele,

21 bana ba bone ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng sehularong sa bone, ba Baiseraele ba paletsweng ke go ba fedisa ka polao e e laetsweng ke Modimo, ke bone ba Salomo o neng a ba bolotsa go ya ditirong tsa mekuio. Ba sa ntse jalo le kajeno.

22 Mme Salomo ga a ka a dira ope lekgoba mo Baiseraeleng; gonne bone e ne e le batlhabani le badiredi ba gagwe le dikgosana le ditlhogo tsa mephato le balaodi ba dikoloi tsa ntwa le ba bapalami ba dipitse.

23 Baokamedi ba bagolo ba ba beilweng ke Salomo ba ba okamelang tiro ba ne ba le 550; bone ba ne ba laola batho ba ba dirang tiro.

24 E rile e le gona morwadia Farao o tlogang kwa motseng wa ga Dafita, a hudugela kwa ntlong e Salomo o e mo agetseng, ya ba gona Salomo a agang kago ya phemelo ya Milo.

25 Salomo o ne a tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo gararo ka ngwaga mo aletareng e o e agetsengMorena, e bile a tshuba maswalo mo aletareng e e neng e le fa pele gaMorena, a sena go fetsa Ntlo ya Modimo.

26 Le gona kgosi Salomo o ne a dira dikepe kwa Esione-Gebere yo o bapileng le Elothe fa losing lwa Lewatle la Motlhaka mo lefatsheng la Baetomo.

27 Mme Hirame a roma batlhanka ba gagwe ka dikepe tseo, e le banna ba dikepe ba ba itseng lewatle, mmogo le batlhanka ba ga Salomo.

28 Ba fitlha kwa Ofire, ba tsaya ditalente di le 420 tsa gouta teng, ba di isa kwa go kgosi Salomo.