Dafita o dirwa kgosi ya Iseraele le Juta
1 Morago ga moo Baiseraele botlhe ba phuthegela kwa go Dafita kwa Heberone ba re: “Kana re lesapo la gago le nama ya gago!
2 O sa le o bolotsa Baiseraele le go ba gorosa, Saule a sa le kgosi. E bileMorena, Modimo wa gago, o go laetse wa re: ‘Wena o tla fudisa morafe wa me wa Iseraele, o nna moetapele wa ona, o o busa.’ ”
3 Ga ba ga tla bagolo botlhe ba Iseraele kwa kgosing kwa Heberone, mme Dafita a dira kgolagano nabo kwa Heberone fa pele gaMorena. Ba be ba tlotsa Dafita go nna kgosi ya Iseraele ka fa lefokong laMorenale o le buileng ka Samuele.
4 Morago ga moo Dafita a ya kwa Jerusalema yo e neng e le Jebusi, a na le Baiseraele botlhe. Teng go ne go agile Bajebusi mo lefatsheng leo.
5 Mme baagi ba Jebusi ba raya Dafita ba re: “Ga o kitla o tsena ka mo!” Mme Dafita a thopa thaba e e femetsweng ya Sione. Ke yona tshimologo ya motse wa ga Dafita.
6 Dafita o ne a buile a re: “Mangmang yo o ka fenyang Bajebusi e le wa ntlha o tla nna tlhogo le kgosana.” Mme Joabe morwa Seruya a palama pele, a nna tlhogo ya mephato.
7 Jaanong Dafita a nna mo thabeng e e femetsweng; ke ka moo e bidiwang motse wa ga Dafita.
8 Dafita a ba a agelela motse mo tikologong go tloga kagong ya phemelo ya Milo go ya go o dikologa otlhe. Joabe ene a tsosa dikarolo tse di senyegileng tsa motse.
9 Mme Dafita a nna a tia, kaMorenawa masomosomo a na nae.
Bagale ba ga Dafita
10 Ba ke ditlhogo tsa bagale ba ga Dafita ba ba neng ba mo emela thata gore a bone bogosi, ba na le Baiseraele botlhe gore ba mo dire kgosi ka fa lefokong laMorenaka ga Iseraele.
11 Palo ya bagale ba ga Dafita ke e: Jasobeame morwa Hagemoni, tlhogo ya ba bararo. Ene o kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba le 300 ba ba bolailweng ka nako e le nngwe.
12 A tlhomagannwa ke Eleasare morwa Doto wa kwa Ahohi; yoo e ne e le mongwe wa bagale ba bararo.
13 O ne a na le Dafita kwa Phase-Damime kwa Bafelesita ba phuthegetseng teng go tlhabana. Mme go ne go le tshimo e e lemilweng e e tletseng garase. Jaanong ya re batho ba tshaba Bafelesita,
14 ene a ikemisa mo gare ga tshimo eo a e amoga baba, a bolaya Bafelesita, mmeMorenaa ba naya phenyo e kgolo ka ene.
15 Ba le bararo ba ditlhogo di le 30 tsa bagale ba kile ba fologa, ba fitlha kwa go Dafita a le kwa lefikeng mo logageng lwa Adulame, mme bothibelelo jwa Bafelesita bo le kwa lebaleng la Refaime.
16 Ka sebaka seo Dafita o ne a le kwa thabeng e e femetsweng, mme balebedi ba puso ya Bafelesita ba le kwa Betleheme.
17 Foo Dafita a utlwa lenyora, mme a re: “Ke mang yo o ka nnosang metsi a a tswang go gelelwa kwa mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme?”
18 Ke fa ba bararo ba, ba sutlhelela bothibelelo jwa Bafelesita, ba gelela metsi mo mokweleng o o fa kgorong ya Betleheme, ba a tsaya ba a isa kwa go Dafita, mme Dafita a gana go a nwa, mme a a tshololelaMorena
19 a re: “A Modimo wa me o nthibele go ka dira jalo! A nka nwa madi a banna bao ba ba tsentseng maphelo a bone mo kotsing?” Mme a gana go a nwa. Bagale ba bararo ba dirile jalo.
20 Abisai monnaa Joabe e ne e le tlhogo ya ba bararo; o kile a kgadikanya lerumo la gagwe godimo ga ba le 300 ba o neng a ba bolaya, mme o ne a tumile mo go ba bararo.
21 Mo go ba bararo o ne a tlotlega bogolo go ba babedi, a nna molaodi wa bone, mme a se ka a lekana le ba bararo ba pele.
22 Benaya morwa Joyata morwa monna wa senatla wa ditiro tse dikgolo wa kwa Kapsheele ene a bolaya bagale ba babedi ba Moabe; a ba a fologa a bolaela tau mo mokweleng ka letsatsi la semathana.
23 E bile ke ene yo o kileng a bolaya Moegepeto, monna wa boleele jwa mabogo a le matlhano; Moegepeto a tshotse lerumo le lore lwa lone lo leng kana ka mosipuri wa balogi, mme Benaya a ya kwa go ene ka thobane fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lone lerumo leo la gagwe.
24 Ke tsona tse di dirilweng ke Benaya morwa Joyata; o ne a tumile mo bagaleng ba bararo.
25 Kana o ne a tlotlega bogolo go ba ba 30, mme a se ka a lekana le ba bararo bale. Mme Dafita a mo dira molaodi wa bafemedi ba gagwe.
26 Bagale ba bangwe ba pelokgale e ne e le Asahele monnaa Joabe le Elehanane morwa Doto wa kwa Betleheme;
27 le Samothe wa kwa Harote le Helese wa kwa Phelone
28 le Ira morwa Ikese wa kwa Thekoa le Abiesere wa kwa Anathothe
29 le Sibegai wa kwa Huša le Ilai wa kwa Ahohi
30 le Maharai wa kwa Netofa le Helete morwa Baana wa kwa Netofa
31 le Ithai morwa Ribai wa kwa Gibea wa Babenyamene le Benaya wa kwa Phirathone
32 le Hurai wa kwa Nagale-Gaaše le Abiele wa kwa Areba
33 le Asemawethe wa kwa Baharume le Eliaba wa kwa Saalebone
34 le bomorwa Haseme wa kwa Gisone le Jonathane morwa Sage wa kwa Harari
35 le Ahiame morwa Sagare wa kwa Harari le Elifale morwa Ure
36 le Hefere wa kwa Megera le Ahia wa kwa Phelone
37 le Hesero wa kwa Karemele le Naarai morwa Esebai
38 le Joele morwa rraagwe Nathane le Mibegare morwa Hageri
39 le Seleke wa Moamone le Naharai wa kwa Beerothe, morwala-dibolai wa ga Joabe morwa Seruya,
40 le Ira wa Moithere le Garebe wa Moithere
41 le Uria wa Mohethe le Sabate morwa Ahelai
42 le Adina morwa Sisa wa Morubene, tlhogo ya Barubene, a na le ba le 30;
43 le Hanane morwa Maaga le Josafate wa kwa Methene
44 le Usia wa kwa Asethera le Sama le Jehiele, bomorwa Hothame wa kwa Aroere;
45 le Jediaele morwa Simeri le Joha morwa-rraagwe, ba kwa Thisa;
46 le Eliele wa kwa Mahawime le Jeribai le Josabja bomorwa Elenaame le Ithema wa kwa Moabe
47 le Eliele le Obete le Jaasiele wa kwa Mesobaya.