Ditiro tsa ga Dafita kwa Jerusalema
1 Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babopedi ba dipota le babetli ba dikgong gore ba mo agele ntlo.
2 Dafita o na a lemoga jalo, faMorenaa mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, a bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele.
3 Dafita a tswelela go tsaya basadi ba bangwe gape a le mo Jerusalema; a ba a tsala bomorwa le bomorwadi gape.
4 Maina a bona ba o ba belegetsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo
5 le Ibegare le Elisua le Elephelete
6 le Noga le Nefege le Jafia
7 le Elisama le Beleyata le Elifelete.
Bafelesita ba a fenngwa
8 E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Baiseraele botlhe, ba bolola botlhe go mmatla; ya re a utlwa jalo, a bolola go ba kgatlhantsha.
9 Bafelesita ba tla ba anama mo lebaleng la Refaime.
10 Ke fa Dafita a botsa Modimo a re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?”Morenaa mo raya a re: “Bolola, ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.”
11 Jaanong ya re Bafelesita ba bolola kwa Baale-Pherasime, Dafita a ba fenya teng; a ba a re: “Modimo o gogotse baba ba me ka letsogo la me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Baale-Pherasime.
12 Ba tlogela medimo ya bone teng, mme Dafita a laela gore e fisiwe ka molelo.
13 Mme Bafelesita ba boelela ba anama mo lebaleng.
14 Ya re Dafita a botsa Modimo gape, wa mo raya wa re: “O se ka wa bolola go ba latelela; ba pote ka fa, o ba tlhasele ntlheng ya ditlhatshana tsa boroku.
15 Mme e re ò utlwa mosumo wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku foo o bolole go ya go tlhabana; gonne Modimo o tla bo o bolotse o go eteletse pele go fenya mephato ya Bafelesita.”
16 Dafita a dira ka fa Modimo o mo laetseng ka teng. Ba fenya mephato ya Bafelesita go tloga kwa Gibeone go fitlha kwa Gesere.
17 Tumo ya ga Dafita ya utlwala kwa mafatsheng otlhe.Morenaa dira gore ditšhaba tsotlhe di mmoife.