1 Ya re ba sena go fitlhisa Letlole la Modimo, ba le baya mo teng ga tente e Dafita o neng a e le tlhometse, ba feta ba tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo fa pele ga Modimo.
2 Ya re Dafita a sena go dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a tshegofatsa morafe ka leina laMorena.
3 A ba a abela mongwe le mongwe wa Baiseraele, banna le basadi, senkgwe se le sengwe le nama le senkgwana sa maswabi a moweine.
4 Mme bangwe ba Balefi a ba dira badiredi fa pele ga Letlole laMorenagore ba tumiseMorena, Modimo wa Iseraele, ba o leboge ba o bake:
5 E bong Asafe yo e leng tlhogo le Sagaria yo o tlhomaganang nae le Jehuele le Semiramothe le Jehiele le Mathitya le Eliabe le Benaya le Obete-Etomo le Jegiele ba tshotse diletso tsa diharepa le dikwadi, mme Asafe a letsa matlhao-a-mabogo.
6 Mme baperesiti Benaya le Jahasiele ba nna ba letsa diphala ka metlha fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Modimo.
Sefela sa tebogo le pako
7 E ne e le ga ntlha ka letsatsi leo, fa Dafita a opedisa Asafe le ba ga gabo “LebogangMorena.”
8 LebogangMorena,
bitsang leina la gagwe,
utlwatsang ditiro tsa gagwe
mo merafeng.
9 Mo opeleleng,
mo leletseng,
akanyang dikgakgamatso
tsotlhe tsa gagwe.
10 Ikgantsheng ka leina
le le boitshepo la gagwe;
a go itumele dipelo
tsa ba ba batlangMorena.
11 ElangMorenatlhoko
le thata ya gagwe,
lo nne lo batle
sefatlhego sa gagwe ka gale.
12 Gopolang dikgakgamatso
tsa gagwe tse o di dirileng
ditshupo tsa metlholo
tsa gagwe le dikatlholo
tsa molomo wa gagwe,
13 lona bana ba ga Iseraele
motlhanka wa gagwe,
lona bomorwa Jakobe,
baitlhophelwi ba gagwe.
14 Morenake ene
Modimo wa rona;
dikatlholo tsa gagwe
di mo lefatsheng lotlhe.
15 Gopolang kgolagano ya gagwe
ka bosakhutleng
le lefoko le o le laetseng
ditshika di le sekete;
16 kgolagano e o e dirileng
le Aborahame
le ikano e o e ikanetseng
Isaka.
17 A e beela Jakobe molao
le Iseraele kgolagano
e e sa khutleng,
18 fa a re:
“Ke tla go naya lefatshe
la Kanana go nna kabelo
ya boswa jwa lona;”
19 jale fa ba sa le bannye
mo palong,
ba se kae, ba jaka mo go lone.
20 Ba itsamaela,
ba tswa setšhabeng
ba ya setšhabeng,
ba tlogela bogosi bongwe
ba ya kwa morafeng
o mongwe.
21 A se ka a letlelela ope
go ba gatelela, a betsa dikgosi
ka ntlha ya bone a re:
22 “Lo se ka lwa ama batlodiwa
ba me
le e seng go direla
baporofeti ba me bosula.”
23 OpelelangMorena,
lona ba lefatshe lotlhe;
utlwatsang boitumelo jwa
pholoso ya gagwe
ka letsatsi le letsatsi.
24 Bolelang kgalalelo ya gagwe
mo ditšhabeng
le dikgakgamatso tsa gagwe
mo merafeng yotlhe.
25 GonneMorenao mogolo,
o tshwanetse go bakwa segolo;
o bile o a boitshega
bogolo go medimo yotlhe.
26 Gonne medimo yotlhe ya
merafe ke ditshwantsho fela,
mmeMorenao dirile legodimo.
27 Borena le kgalalelo di fa pele
ga sefatlhego sa gagwe;
nonofo le boitumelo
di mo felong ga gagwe.
28 Lona ditshika tsa merafe,
neelangMorena,
lo neeleMorena
tlotlo le thata.
29 NeelangMorena
tlotlo ya leina la gagwe;
tlisang tshupelo,
lo tle fa pele
ga sefatlhego sa gagwe;
obamelangMorenalo kgabile
ka boitshepo.
30 Tlakaselang fa pele ga gagwe,
lona ba lefatshe lotlhe;
kana lefatshe le tlhomame,
ga le reketle.
31 A magodimo a itumele,
a lefatshe le ipele!
A go buiwe mo ditšhabeng
go twe:
“Kgosi keMorena!”
32 A lewatle le sume
le tse di tletseng mo go lone!
A naga e duduetse
le tsotlhe tse di mo go yona!
33 Foo ditlhare tsa sekgwa
di tla ipela fa pele gaMorena;
gonne o e tla
go atlhola lefatshe.
34 LebogangMorena,
gonne o molemo;
gonne bopelotlhomogi jwa
gagwe ke jo bo sa khutleng.
35 E reng: “Re pholose,
Modimo wa pholoso
ya rona;
re phuthe,
re golole mo ditšhabeng
gore re leboge leina
le le boitshepo la gago,
re ipelafatse
ka go baka wena.”
36 A go tumisiweMorena
Modimo wa Iseraele
go tswa bosenang-tshimologo
go ya bosakhutleng!
Ke fa batho botlhe ba re: “Amen! BakaMorena!”
37 Mme Dafita a tlogela Asafe le ba ga gabo gona fa pele ga Letlole la Kgolagano yaMorenagore ba nne ba direle fa pele ga Letlole ka gale ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi le letsatsi.
38 Mme Obete-Etomo morwa Jeduthune le Hosa le ba ga bone, banna ba le 68, a ba dira badisa ba mojako.
39 A ba a tlogela Satoke moperesiti le ba ga gabo ba e leng baperesiti fa pele ga Tente ya Boipontsho yaMorenakwa thoteng ya tlhabelo e e neng e le kwa Gibeone
40 gore ba nne ba direleMorenaditlhabelo tsa phiso mo aletareng ya tsona ka gale mo mosong le mantsiboa le go dira tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong waMorenao a o laetseng Baiseraele.
41 Ba bo ba na le Hemane le Jeduthune le ba bangwe ba ba tlhaotsweng ba ba boletsweng ka maina gore ba lebogeMorenaka bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng.
42 Mme Hemane le Jeduthune ba ne ba na le diphala le matlhao-a-mabogo le diletso tsa difela tsa Modimo, e le tsa ba ba di letsang. Mme bomorwa Jeduthune bone ba disa kgoro.
43 Jaanong batho botlhe ba ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe; le Dafita a boa go dumedisa ba lapa la gagwe.