1 Mme Dafita a re: “Felo fa e tla nna ga Ntlo yaMorenaModimo le aletare ya ditlhabelo tsa phiso tsa Baiseraele e tla nna fa.”
Dafita o etleeletsa kago ya Tempele
2 Dafita a ba a laela gore go phuthwe baeng ba ba mo lefatsheng la Iseraele. A ba a tlhoma babetli go betla majwe a go aga Ntlo ya Modimo.
3 Le gona Dafita a thula tshipi e ntsi, a dira dimapo tsa ditswalo tsa dikgoro le dipataganyo le kgotlho e ntsi e e sa itsiweng bokete;
4 a kgobokanya dikota tsa mesetere tse di se nang palo; gonne ba Sitone le ba Tiro ba ne ba tlisetsa Dafita bontsi jwa dikgong tsa mesetere.
5 Kana Dafita o ne a re: “Salomo morwaake o sa le mošwa o tlhoka temogo, mme Ntlo e e tshwanetseng go agelwaMorenae tshwanetse ya nna e kgolo mo go feteletseng e e tumileng e e kgabetseng mafatshe otlhe. Nte ke mo etleeletse.” Mme Dafita o ne a etleetsa ka tse dintsi a ise a swe.
6 A ba a bitsa Salomo morwawe, a mo laela gore a tle a ageleMorena, Modimo wa Iseraele, Ntlo.
7 Dafita a raya Salomo a re: “Morwaaka, ke ne ke ikaeletse ka nosi go agela leina laMorena, Modimo wa me, Ntlo.
8 Mme lefoko laMorenala tla kwa go nna la re: ‘O tsholotse madi a mantsi, o lole dintwa tse dikgolo. Ga o a tshwanela go agela leina la me Ntlo; ka gonne o tshololetse madi a mantsi fa fatshe fa pele ga me.
9 Bona, morwa yo ò tla mmelegelwang o tla nna monna wa boikhutso, mme ke tla mo ikhutsisa go se na mmaba ope tikologong; gonne leina la gagwe e tla nna Salomo,mme ke tla naya Baiseraele kagiso le boikhutso malatsing a gagwe.
10 Ene o tla agela leina la me Ntlo; o tla nna morwaake, nna ke nne rraagwe, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa bogosi jwa gagwe mo go Iseraele ka bosakhutleng.’
11 “Jaanong he, morwaaka, aMorenaa nne nao, o nne maatlametlo go ka aga Ntlo yaMorena, Modimo wa gago, jaaka a buile ka ga gago.
12 Fela aMorenaa go nee kutlwisiso le tlhaloganyo, a go laodise Baiseraele, a go thuse go tshegetsa molao waMorena, Modimo wa gago.
13 Foo o tla tshegofala fa o ela tlhoko go dira ka melao le ka ditshwanelo tseMorenao di laetseng Baiseraele ka Moše. Tia o tlhomame! Se boife le e seng go tshoga!
14 Bona, le fa ke ne ke le pogisegong, ke etleeleditse Ntlo yaMorenaditalente di le 100 000 tsa gouta le ditalente di le 1 000 000 tsa selefera le kgotlho le tshipi tse di sa kakeng tsa lekanngwa bokete. Ke bile ke etleeditse ka dikgong le majwe, mme tsona o ka di oketsa ka tse dingwe.
15 Le gona o na le badiri ba bantsi, e bong babetli ba mafika le baagi le babetli ba dikgong le batlhalefi ba mefutafuta mo ditirong tse dintsi
16 tsa gouta le selefera le kgotlho le tshipi tse di se nang palo. Nanoga he, o simolole tiro, mme aMorenaa nne nao!”
17 Dafita a ba a laela dikgosana tsotlhe tsa Iseraele gore di thuse Salomo morwawe a re:
18 “A ga ke re,Morena, Modimo wa lona, o na le lona, o bile o lo neile boikhutso ntlheng tsotlhe. Gonne o ne wa neela baagi ba pele ba lefatshe le mo diatleng tsa me, mme lefatshe le la tsenngwa mo taolong yaMorenale ya morafe wa gagwe.
19 Jaanong ineeleng ka dipelo le mewa go batlaMorena, Modimo wa lona, lo nanoge lo age Ntlo e e Boitshepo yaMorenaModimo gore lo itse go tsenya Letlole la Kgolagano yaMorenale didiri tse di boitshepo tsa Modimo mo Ntlong e e tla agelwang leina laMorena.”