Ditiro tsa baperesiti
1 Le boora Arone ba ne ba na le ditlhopha tsa bone. Bomorwa Arone e ne e le Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare.
2 Mme Natabe le Abihu ba swa pele ga rraabo ba se na bana; baperesiti ya nna Eleasare le Ithamare fela.
3 Dafita a ba dira ditlhopha, a na le Satoke wa losika lwa ga Eleasare le Ahimelege wa losika lwa ga Ithamare, a ba tsenya mo ditirong tsa bone ka fa ditlhopheng tsa bone.
4 Mme ga fitlhelwa ba losika lwa ga Eleasare ba le bantsi go feta ba losika lwa ga Ithamare, fa go balwa ditlhogo tsa banna. Ka moo ba ba kgaoganya jaana: Ditlhogo tsa dikgoro tsa losika lwa ga Eleasare ya nna di le 16, mme tsa dikgoro tsa losika lwa ga Ithamare ya nna di le robedi.
5 Ba kgaoganya bao le bao ka ditengwa; gonne go ne go le bagolo ba ba boitshepo, e bong bagolo ba Modimo mo losikeng lwa ga Eleasare le mo losikeng lwa ga Ithamare.
6 Mme mokwaledi Semaya morwa Nethanele mongwe wa Balefi a ba kwala fa pele ga kgosi le dikgosana le Satoke moperesiti le Ahimelege morwa Abjathare le ditlhogo tsa dikgoro tsa baperesiti le Balefi; ga ntshiwa dikgoro tse pedi ka tengwa tsa losika lwa ga Eleasare, ga ba ga ntshiwa e le nngwe ya losika lwa ga Ithamare.
7 Tengwa ya ntlha ya wela Joyaribe, ya bobedi ya wela Jetaya;
8 ya boraro ya wela Harime, ya bone ya wela Seorime;
9 ya botlhano ya wela Malekhia, ya borataro ya wela Miyamine;
10 ya bosupa ya wela Hakose, ya robedi ya wela Abia;
11 ya robongwe ya wela Jesua, ya some ya wela Seganya;
12 ya 11 ya wela Eliasibe, ya 12 ya wela Jakime;
13 ya 13 ya wela Hupha, ya 14 ya wela Jesebeabe;
14 ya 15 ya wela Bileka, ya 16 ya wela Imere;
15 ya 17 ya wela Hesire, ya 18 ya wela Haphisese;
16 ya 19 ya wela Phethaya, ya 20 ya wela Hesekiele;
17 ya 21 ya wela Jagine, ya 22 ya wela Gamule;
18 ya 23 ya wela Delaya, ya 24 ya wela Maasia.
19 Ke yona thulaganyo ya bone tirelong ya bone ya go tsena Ntlong yaMorenaka fa tshwanelong e ba e beetsweng ke Arone rraabo jaaka ene a laetswe keMorena, Modimo wa Iseraele.
Ditlhogo tsa Balefi di bolelwa gape
20 Fa e le boora Lefi ba bangwe go ne go le teng Subaele, oora Amerame le Jedia mongwe wa bomorwa Subaele;
21 le Isia yo mogolo oora Rehabja;
22 le Selomothe oora Isehare le Jahathe mongwe wa bomorwa Selomothe.
23 Bomorwa Heberone e ne e le Jeria wa ntlha, le Amaria wa bobedi, le Jahasiele wa boraro, le Jekameame wa bone.
24 Morwa Usiele e ne e le Miga, mongwe wa bomorwa Miga e le Samire.
25 Morwa-rraagwe Miga e ne e le Isia; mongwe wa bomorwa Isia e le Sagaria.
26 Bomorwa Merari e ne e le Magedi le Muši; ngwana wa ngwana wa gagwe e le Jaasia.
27 Boora Merari bomorwa Jaasia e ne e le Sohame le Sakhure le Iberi.
28 Magedi o ne a na le Eleasare yo o neng a se na bana le Khiše.
29 Fa e le Khiše morwawe e ne e le Jeramele.
30 Bomorwa Muši e ne e le Magedi le Etere le Jerimothe. Ke bone bomorwa Balefi ka fa dikgorong tsa bone.
31 Le bone ba tlhamelwa ditengwa fela jaaka ba ga bone boora Arone fa pele ga kgosi Dafita le Satoke le Ahimelege le ditlhogo tsa dikgoro tsa baperesiti le Balefi; tlhogo ya kgoro ya direlwa fela jaaka monnawe yo mmotlana.