Tumediso
1 Nna Petoro, moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baeng ba e leng bafaladi kwa Ponto le Galatia le Kapatokia le Asia le Bithinia, ba ba tlhaotsweng
2 ka fa maikaelelong-pele a Modimo Rara ka boitshepiso jwa Mowa, gore ba utlwe Jesu Keresete, ba kgatshiwe ka madi a gagwe:
A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele!
Tebogo ka ntlha ya tsholofelo ya pholoso
3 A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,
4 re tle re rue boswa jo bo sa nyeleleng, jo bo se nang sebala, jo bo sa swabeng, jo lo bo boloketsweng kwa legodimong,
5 lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.
6 Ke tsona tse lo di itumelelang, ba lo hutsafaditsweng kajeno go le gonnye ka diteko tsa mefutafuta ka fa go batlegang ka teng,
7 gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,
8 yo lo mo ratang, le fa lo sa mmona, yo lo dumelang mo go ene, le fa jaanong lo sa mmone, mme lo tla itumela ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo galaleditsweng,
9 lo amogela bofelelo jwa tumelo ya lona, e bong pholoso ya mewa ya lona.
10 Fa e le pholoso eo, baporofeti ba ba boletseng pele ka ga bopelotlhomogi jo bo laotsweng gore lo bo bone, ba ne ba e batlisisa, ba e tlhotlhomisa;
11 ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang.
12 Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba.
Kaelo ya go nna boitshepo
13 Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.
14 Nnang bana ba ba utlwang, se laolweng ke dikeletso tsa pele tsa go tlhoka kitso ga lona,
15 mme le lona lo nne boitshepo mo tsamaong yotlhe ya lona, jaaka ene yo o lo biditseng a le boitshepo,
16 ka go kwadilwe ga twe: “Nnang boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”
17 Jaanong e re ka lo mmitsa Rara yo o atlholang ka fa tirong ya mongwe le mongwe, a sa gobelelele ope, tsamayang ka poifo mo sebakeng sa boeng jwa lona,
18 ka lo itse gore mo tsamaong ya boithamako ya lona e lo e bonyeng mo go borraeno, ga lo a gololwa mo go yona ka dilo tse di nyelelang, jaaka selefera le gouta,
19 mme e le ka madi a a molemolemo a ga Keresete, e le a kwana e e se nang nyatsego le fa e le sebala,
20 yo o sa leng a itsiwe pele, lefatshe le ise le tlholwe, mme a bonadiwa mo metlheng ya bofelo ka ntlha ya lona
21 ba lo dumetseng ka ene mo Modimong o o mo tsositseng mo baswing, wa mo naya kgalalelo, gore tumelo ya lona le tsholofelo di nne mo Modimong.
22 E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang,
23 lo le ba ba tsetsweng gape, e seng ka peo e e nyelelang, mme e le ka e e sa nyeleleng, e bong ka Lefoko la Modimo le le tshelang, le le nnetseng ruri.
24 Gonne:
“Nama yotlhe
e ntse jaaka bojang,
kgalalelo yotlhe ya motho
e ntse jaaka
sethunya sa bojang.
Bojang bo a swaba
le sethunya se tlhotlhorege,
25 mme Lefoko la Morena
le ntse ka bosakhutleng.”
Lefoko leo ke lone le lo le reretsweng.