1 PETORO 2

1 Jaanong bakelang bosula jotlhe le tsietso yotlhe le boitimokanyo le lefufa le ditshebo tsotlhe,

2 mme lo eletse mašwi a Lefoko a a sa pekwang, jaaka bana ba e leng gona ba tsalwang, gore lo tle lo golele pholosong ka ona,

3 fa lo lemogile gore Morena o pelontle.

4 Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong;

5 ineeleng go agiwa jaaka majwe a a tshelang go nna ntlo ya Mowa, ya boperesiti jo bo itshepileng, go tsisa ditlhabelo tsa Mowa tse di kgatlhang Modimo ka Jesu Keresete.

6 Gonne go kwadilwe mo Lokwalong ga twe:

“Bona, ke baya lentswe

la sekhutlo mo Sione

le le tlhophilweng

la botlhokwa;

yo o dumelang mo go lone ga

a kitla a tlhajwa ke ditlhong.”

7 Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng:

“Lentswe le baagi

ba le latlhileng

le dirilwe letlapa la sekhutlo,”

8 “lentswe le le kgopang,

letlapa la seru;”

bone ba a kgotšwa, ka ba sa utlwe Lefoko; ke sona se ba bileng ba se beetswe.

9 Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,

10 lona ba e rileng pele lwa bo lo se morafe, mme jaanong lo batho ba Modimo ba lo neng lo sa utlwelwe botlhoko, mme jaanong lo utlwetswe botlhoko.

Motsamao wa tlotlego mo gare ga Baditšhaba. A go ineelwe mebuso

11 Baratwi, ke kgothatsa lona, ba lo leng bajaki le baeng gore lo ikilele mo dikeletsong tsa nama tse di tlhabanang le mowa,

12 mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.

13 Ikokobeletseng melao yotlhe ya batho ka ntlha ya Morena, le fa e le kgosi, ka e le molaodi yo mogolo,

14 kampo dikgosana, ka e le tse di romilweng ke yona go betsa badiradibe le go tlotla ba ba dirang molemo;

15 gonne thato ya Modimo e ntse jaana gore lo didimatse go sa itseng ga batho ba ba bosilo ka go dira molemo,

16 lo le ba ba gololesegileng, mme lo sa dirise kgololesego jaaka seipato bosuleng, mme lo le batlhanka ba Modimo.

17 Tlotlang botlhe. Ratang bakaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi.

Ditshwanelo tsa batlhanka ba e leng Bakeresete

18 Lona batlhanka, utlwang beng ba lona ka poifo yotlhe, e seng ba ba molemo le ba ba bonolo fela, mme le bone ba ba kgopo.

19 Gonne moo go a lebosega, fa motho a ka itshokela ditlhokofatso ka ntlha ya segakolodi se se utlwang Modimo, a bogisiwa a se na molato.

20 E ka nna boipoko jwa eng, fa e ka re lo itewa lo sena go leofa, lo a go itshokela? Mme fa lo bogisiwa mogang lo dirang molemo, mme lo go itshokela, gone foo go lebosega fa pele ga Modimo;

21 gonne lo bileditswe gona moo. Keresete le ene o bogisitswe ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo gate motlhala wa gagwe;

22 yo o neng a sa dira boleo bope, le tsietso ga e a ka ya fitlhelwa mo molomong wa gagwe.

23 E rile a kgalwa, a se ka a ba a kgala; ya re a bogisiwa, a se ka a bôpa, mme a ineela fela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.

24 O ne a belegela maleo a rona ka boene ka mmele wa gagwe kwa sefapaanong, gore rona re nne ba ba suleng ntlheng ya boleo, mme re tshelele tshiamo; lo fodisitswe ka dintho tsa gagwe.

25 Gonne lo ne lo ntse jaaka dinku tse di timetseng, mme jaanong lo boetse go Modisa le Molebeledi wa mewa ya lona.