1 PETORO 4

1 Mme jaanong e re ka Keresete a re bogetse ka fa mmeleng, le lona tlhomelang ona mogopolo oo; gonne yo o bogileng ka fa mmeleng o baketse boleo,

2 gore mo sebakeng se se sa ntseng se setse sa go phela a se tlhole a phelela dikeletso tsa batho, mme a phelele thato ya Modimo.

3 Gonne go lekanye, fa re dirisitse thato ya baheitane mo sebakeng se se fetileng ka go tsamaya ka boitaolo le dikeletso le botagwa le bojabele le tlhapelo le ditirelo tsa medimo e sele tse di maila.

4 Ke ka moo ba fitlhelang lo ba fetogetse baeng, ba a lo nyefola, ka lo sa tlhole lo tsamaya nabo mo boithatelong joo jwa tatlhego;

5 ke bone ba ba tla ikarabelang fa pele ga gagwe yo o iketleeleditseng go atlhola baphedi le baswi.

6 Ke ka ntlha ya moo baswi le bone ba reretsweng Efangele gore ba atlholwe ka fa mokgweng wa batho mo nameng, mme ka fa mokgweng wa Modimo ba phele mo moweng.

7 Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jaanong nnang tekano, lo iphe nako go rapela.

8 Bogolo go dilo tsotlhe ratanang thata; gonne lorato lo bipa dibe tsotlhe.

9 Tsholanang mo maetong go se na ngongorego.

10 Direlanang, mongwe le mongwe ka fa neong e o e amogetseng, lo nne badirisi ba ba molemo ba methale ya bopelontle jwa Modimo:

11 Fa mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko a Modimo; fa mongwe a direla, a a direle ka thata e Modimo o e mo abelang, gore mo dilong tsotlhe go galalediwe Modimo ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe le thata go ya bosakhutleng. Amen.

12 Baratwa, lo se ka lwa gakgamadiwa ke pogo e e fisang e e lo dirafalelang gore lo lekwe, jaaka e kete lo dirafalelwa ke se se ronang.

13 Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.

14 Lo sego, fa lo kgojwa ka ntlha ya leina la ga Keresete, ka Mowa wa kgalalelo wa Modimo o ntse mo go lona. Mo go bone le a kgalwa, mme mo go lona le a galalediwa.

15 Kana go se ka ga nna ope wa lona yo o bogisiwang, e le mmolai gongwe legodu gongwe modira-bosula gongwe yo o itsenyang mo dilong tse di sa mo tshwanelang.

16 Mme fa a bogisiwa, ka a le Mokeresete, a a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya leina leo, mme a a galaletse Modimo ka lone.

17 Gonne ke nako ya gore tshekiso e simologe mo ntlong ya Modimo. Mme fa e simologa mo go rona, bokhutlo jwa bone ba ba sa dumeleng Efangele ya Modimo e tla nna eng?

18 Mme

“Fa mosiami a batlile

go tlhaela go pholosiwa,

kana moikepi le moleofi

ba tla ya kae?”

19 Ka moo he, a ba ba bogang ka fa thatong ya Modimo ba neele Mmopi yo o boikanyo mewa ya bone ba ntse ba dira molemo.