1 PETORO 5

Ditshwanelo tsa bagolo ba phuthego

1 Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,

2 ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe;

3 e seng jaaka barena ba diphuthego, mme lo nne dikao tsa letsomane.

4 Mme lo tla bona serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng mogang Modisa yo mogolo a bonalang.

Batho ba bašwa ba kaelwa gore ba ikokobetse le go itisa

5 Le lona ba bašwa, utlwang bagolo, mme lotlhe direlanang ka boikokobetso; gonne “Modimo o ganetsa ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba naya boitshwarelo.”

6 Ka moo, ikokobeletseng letsogo le le thata la Modimo gore o tle o lo godise ka nako e e leng yona.

7 Latlhelang matshwenyego otlhe a lona mo go one, gonne lo tlamelwa ke one.

8 Nnang tekano lo itise; gonne Diabolo, moganetsi wa lona, o kgarakgatshega jaaka tau e e dumang, a batla yo a ka mo metsang.

9 Lo emelane nae ka go tlhomama mo tumelong, ka lo itse gore tsona dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.

Dikeleletso le tumediso

10 Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.

11 Kgalalelo le thata ke tsa ona go ya bosakhutleng. Amen.

12 Ke lo kwaletse ka bokhutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o ikanyegang, ka fa ke mo lebileng ka teng, ke lo kgothatsa, ke supa gore ke jona bopelotlhomogi jwa nnete jwa Modimo jo lo emeng mo go jona.

13 Phuthego e e tlhaotsweng le lona ya mono Babilone le Mareko, morwaake, ba a lo dumedisa.

14 Dumedisanyang ka katlo ya lorato.

A kagiso e nne le lona lotlhe, ba lo leng mo go Keresete!