1 SAMUELE 10

1 Ke fa Samuele a tsaya kurwana ya lookwane, a lo tshela mo tlhogong ya gagwe, a mo atla a re: “Morenao go tloditse gore o nne moeteledipele wa boswa jwa gagwe. Mme sesupo sa teng ke se:

2 Fa o tloga mo go nna kajeno, o tla fitlhela banna ba le babedi fa phupung ya ga Ragele mo nageng ya Benyamene kwa Selesa, ba tla go raya ba re: ‘Diesele tse dinamagadi tse o ileng go di batla, ba di bonye. E bile rraago o setse a tlhokomologile kgang ya diesele, mme o tshwenyegela lona a re: Ke tla dirang gore ke bone morwaake?’

3 E tla re o sena go tloga teng le go etela pele le go fitlha kwa setlhareng sa eike sa Thabore, banna ba le bararo ba go fitlhele teng ba ba tlhatlogelang kwa Modimong kwa Bethele; mongwe a rwele dipotsane di le tharo, yo mongwe a rwele dinkgwe di le tharo, wa boraro a rwele lekuka la weine.

4 Ba tla go botsa matsogo, ba go naya dinkgwe di le pedi; o di amogele mo diatleng tsa bone.

5 Morago ga moo o tla fitlha kwa thabaneng ya Modimo kwa balebeledi ba puso ya Bafelesita ba leng teng. Mme e tla re o fitlha teng mo motseng, o kgatlhane le setlhopha sa baporofeti, ba fologa mo thabaneng ya tlhabelo, ba eteletswe pele ke baletsi ba harepa le moropana le lotlhaka le lengope, ba ntse ba bua ka mokgwa wa baporofeti.

6 Foo mowa waMorenao tla go tsena, mme o tla itshola jaaka moporofeti nabo, o fetoga monna o sele.

7 Mme e re ditshupo tseo di sena go go dirafalela, o dire se se gaufi le seatla sa gago; gonne Modimo o na nao.

8 Jaanong nketelele pele, o fologele kwa Gilegala. Le nna ke tla fologa, ke go latela ke tla go fisa ditlhabelo tsa phiso le go tlhaba ditlhabelo tsa tebogo. O ntete malatsi a supa go fitlhelela ke be ke fitlhe kwa go wena, ke go itsise se o tla se dirang.”

9 Ya re a hulara go tlogela Samuele, Modimo wa mo fetola pelo, ya nna e sele. Le gona ga dirafala ditshupo tsotlhe tseo ka letsatsi leo.

10 E rile ba fitlha teng kwa thabaneng ya Modimo, setlhopha sa baporofeti sa mo kgatlhantsha, mme Mowa wa Modimo wa tsena mo go ene, mme a itshola jaaka moporofeti mo gare ga bone.

11 Botlhe ba ba neng ba ntse ba mo itse, ya re ba mmona a duduetsa le baporofeti, ba botsana ba re: “Ke eng se se dirafaletseng morwa Khiše? A Saule le ene ke moporofeti?”

12 Ga fetola monna wa teng a re: “Kana rraabo ke mang?” Ke ka moo go simologileng seane se se reng: “A Saule le ene ke moporofeti?”

13 Ya re a sena go fetsa go duduetsa, a fitlha kwa Gibea.

14 Ke fa rrangwanaagwe Saule a mmotsa le motlhanka wa gagwe a re: “Lo ne lo ile kae?”

A araba a re: “Re ne re ile go batla diesele tse dinamagadi; ya re re di tlhoka, ra ya kwa go Samuele.”

15 Mme rrangwanaagwe Saule a re: “A ko o mpolelele tse Samuele o di buileng le lona.”

16 Saule a araba rrangwanaagwe a re: “O re itsisitse a re: ‘Diesele tse dinamagadi di bonywe.’ ” Mme a se ka a mmolelela tsa bogosi tse Samuele o di buileng.

Saule o amogelwa ke Baiseraele e le kgosi ya bone

17 Jaanong Samuele a biletsa morafe kwaMorenengkwa Mitsepha,

18 a raya Baiseraele a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke nna ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto, ka lo golola mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa magosi aotlhe a a neng a lo pitlaganya.’

19 Mme lona lo latlhile Modimo wa lona kajeno o o lo thusitseng mo ditlalelong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tsa lona, lwa o raya lwa re: ‘Re tlhomele kgosi!’ Jaanong he, emang fa pele gaMorenaka fa ditsong tsa lona le ka fa diketeng tsa lona!”

20 Ya re Samuele a atametsa ditso tsotlhe tsa Iseraele, ga tshwarwa lotso lwa Benyamene.

21 Ya re a atametsa lotso lwa Benyamene ka fa ditshikeng tsa lone, ga tshwarwa losika lwa ga Materi; ya re a atametsa losika lwa ga Materi, ga tshwarwa Saule morwa Khiše, mme ya re ba mmatla, a bo a se yo.

22 Ke fa ba botsaMorenagape ba re: “A monna yoo o setse a tlile kwano?”Morenaa re: “O teng, o iphitlhile kwa dithotong tsa leeto.”

23 Ba taboga, ba mo tsaya teng. Ya re a ema mo gare ga morafe, a bo a le moleele, a feta batho botlhe, ba mo khutlela fa legetleng.

24 Ke fa Samuele a raya morafe otlhe a re: “A lo a mmona yoMorenao mo tlhophileng? Gonne ga go na ope yo o tshwanang nae mo morafeng otlhe.” Ke fa morafe otlhe o tlhaba mokgosi o re: “A kgosi e phele!”

25 Samuele a ba a bolelela morafe tse ba tshwanetseng go di direla kgosi, a di kwala mo lokwalong, a lo boloka fa pele gaMorena. Jaanong Samuele a naya morafe otlhe tsela, mongwe le mongwe a boela kwa lapeng la gagwe.

26 Saule le ene a ya kwa lapeng la gagwe kwa Gibea, mme baetleetsi ba mephato ba ya nae, ba Modimo o neng o ba ratisitse jalo.

27 Mme banna ba e seng ba sepe ba ne ba re: “Yoo, o tla re thusa eng?” Ba mo nyatsa jalo, ba se ka ba mo tlisetsa mpho, mme a ba tlhokomologa.