Saule o fenya Baamone
1 Morago ga moo ga bolola Nahase wa Moamone, a dikanyetsa motse wa Jabese kwa Gileate ka ntwa; ke fa banna botlhe ba Jabese ba raya Nahase ba re: “Dira kgolagano le rona, mme re tla go direla.”
2 Mme Nahase wa Moamone a ba fetola a re: “Kgolagano e nke e dirang le lona ke ya go re: Lona lotlhe ke lo gonye matlho a le le jang, ke direle Baiseraele botlhe tshotlego jalo.”
3 Bagolo ba Jabese ba mo araba ba re: “Re fe sebaka sa malatsi a supa gore re rome barongwi kwa nageng yotlhe ya Iseraele. Jaanong e tla re fa go se na ope yo o re thusang, re go ineele.”
4 Barongwi bao ba fitlha kwa Gibea wa ga Saule, ba bolela mafoko ao mo ditsebeng tsa batho. Ke fa batho botlhe ba tlhatlosa mantswe ba lela.
5 E ne e le gona Saule a gorogang, a tswa kwa tshimong a setse dikgomo morago. Saule a botsa a re: “Batho ba lelelang?” Ba mmolelela mafoko a banna ba Jabese.
6 Ya re Saule a utlwa mafoko ao, Mowa wa Modimo wa mo tsena, mme a tuka bogale.
7 A tsaya dikgomo di le pedi, a di tlhaba, a di kgabetlela, a romela dinama kwa nageng yotlhe ya Iseraele ka barongwi a re: “Yo o sa bololeng a sala Saule le Samuele morago, dikgomo tsa gagwe di tla dirwa jalo.” Ke fa poifo yaMorenae wela batho, mme ba bolola jaaka monna a le mongwe.
8 Jaanong a ba bala kwa Beseke: Baiseraele ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.
9 A laela barongwi bale ba ba tlileng a re: “Bolelelang banna ba Jabese kwa Gileate jaana lo re: ‘E tla re kamoso fa letsatsi le le bolelo, lo bone thuso.’ ” Ya re barongwi ba fitlha, ba bolelela banna ba Jabese jalo, mme ba itumela.
10 Jaanong banna ba Jabese ba raya Baamone ba re: “Kamoso re tla ineela mo go lona gore lo re direle tsotlhe ka fa lo bonang ka teng.”
11 Ya re kamoso mo mosong Saule a kgaoganya banna ditlhopha di le tharo; ba tsena mo bothibelelong jwa Baamone ka tiso ya masa, ba bolaya Baamone go ya bolelong jwa motshegare. Masalela a bone a phatlalala, go se ba le babedi ba ba setseng mmogo.
12 Ke fa banna ba raya Samuele ba re: “Ke bomang ba ba boditseng ba re: ‘A Saule o tla re busa?’ Ntshang banna bao gore re ba bolae!”
13 Mme Saule a re: “A go se ka ga bolawa ope ka letsatsi le, gonneMorenao dirafaditse pholoso mo Iseraeleng kajeno.”
14 Samuele ene a raya banna a re: “Tlaang a re yeng kwa Gilegala, re tlhomamise bogosi teng sešwa.”
15 Ke fa banna botlhe ba ya kwa Gilegala, ba dira Saule kgosi sešwa fa pele gaMorenateng kwa Gilegala; ba tlhaba ditlhabelo tsa tebogo teng fa pele gaMorena. Saule le banna botlhe ba Iseraele ba itumela thata gona.