Samuele o laelana le Baiseraele
1 Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Kana ke utlwile mantswe a lona mo go tsotlhe tse lo di buileng le nna, ke lo neile kgosi.
2 Jaanong he, kgosi e e tla lo etelelang pele ke e. Nna ke tsofetse, ke thuntse, bomorwaake ke bao, lo a ba bona; ke sa le ke sepela fa pele ga lona go tloga bonyaneng jwa me go fitlha letsatsing leno.
3 Ke fano. Supang ka ga me fa pele gaMorenale fa pele ga motlodiwa wa gagwe. Ke amogile mang pholo? Ke pitlagantse mang? Ke amogetse thelesetso mo seatleng sa ga mang, ka iphatlha ka yona? Kana nka lo busetsa.”
4 Ba araba ba re: “Nnyaya! Ga o a ka wa re gatelela le e seng go re pitlaganya; ga o a ka wa amogela sepe mo seatleng sa ope.”
5 A ba raya a re: “Morenake mosupi ka ga lona le motlodiwa wa gagwe ke mosupi ka letsatsi le fa lo sa fitlhela sepe mo seatleng sa me.” Ba re: “Ke ene mosupi.”
6 Samuele a ba a raya morafe a re: “Mosupi keMorenayo o dirileng Moše le Arone, yo o ntshitseng borraeno kwa lefatsheng la Egepeto.
7 Jaanong he, emang gore ke sekisanye le lona fa pele gaMorenaka ga ditiro tsotlhe tse di siameng tsaMorena, tse o di lo diretseng le borraeno.
8 E rile Jakobe a sena go fitlha kwa Egepeto, mme borraeno ba rapelaMorena,Morenaa roma Moše le Arone, mme ba ntsha borraeno kwa Egepeto, ba ba baya mo lefatsheng leno.
9 Mme ya re ba lebalaMorena, Modimo wa bone, a ba neela mo diatleng tsa ga Sisera molaodi wa mephato ya kwa Hasore, le mo diatleng tsa Bafelesita le mo diatleng tsa kgosi ya Moabe, mme ba tlhabana nabo.
10 Ke fa ba goelaMorenengba re: ‘Re leofile, gonne re go tlogetse,Morena, ra direla boBaale le boAšethorethe. Mme jaanong re golole mo diatleng tsa baba ba rona, foo re tla go direla.’
11 MmeMorenaa roma Jerubaale le Barake le Ifetha le Samuele, a lo golola mo diatleng tsa baba ba lona tikologong, lwa ba lwa aga lo iketlile.
12 Fela e rile lo bona Nahase kgosi ya Baamone a tla a lo tlhasela, lwa nthaya lwa re: ‘Nnyaya! A re busiwe ke kgosi!’ EtsweMorenaModimo wa lona e ntse e le kgosi ya lona.
13 “Jaanong he, kgosi e lo e tlhophileng lwa e kopa, ke e; ke yona kgosi eMorenao e lo neetseng.
14 E tla re fa lo boifaMorena, lo mo direla lo utlwa lentswe la gagwe, lo sa ganetsa molomo waMorena; fa lona le kgosi e e lo busang lo salaMorena, Modimo wa lona, morago – foo o tla nna le lona.
15 Mme fa lo ka gana go utlwa lentswe laMorena, lwa ganetsa molomo waMorena, foo seatla saMorenase tla lo betsa jaaka se beditse borraeno.
16 Mme jaanong emang lo bone selo se segolo seMorenao tla se dirang mo matlhong a lona.
17 A ga ke re, go thobo ya mabele kajeno? Ke tla rapelaMorenagore a dumise maru, a nese pula gore lo itse, lo be lo bone bosula jwa lona fa e le jo bogolo jo lo bo dirileng mo matlhong aMorenaka go ikopela kgosi.”
18 Ya re Samuele a rapelaMorena,Morenaa dumisa maru, a nesa pula ka letsatsi leo, mme morafe otlhe wa boifaMorenale Samuele thata.
19 Morafe otlhe wa raya Samuele wa re: “Rapelela batlhanka ba gago moMoreneng, Modimo wa gago, gore re se ka ra swa. Gonne re okeditse maleo otlhe a rona ka bosula jwa go ikopela kgosi.”
20 Ke fa Samuele a raya morafe a re: “Se boifeng. Maleo otlhe ao lo a dirile. Fela lo se ka lwa fapoga, lwa tlogelaMorena, mme lo direleMorenaka pelo yotlhe.
21 Lo se ka lwa fapoga, lwa latela medimo ya boithamako e e sa thuseng sepe, e e sa pholoseng ope, ka e le ya boithamako.
22 GonneMorenaga a kitla a latlha morafe wa gagwe ka ntlha ya leina le legolo la gagwe, kaMorenaa ratile go lo dira morafe wa gagwe.
23 Le gona a go nne kgakala le nna go ka leofelaMorenaka go khutla go lo rapelela, mme ke tla lo ruta tsela e e siameng e e tlhamaletseng.
24 Fela boifangMorena, lo mo direle ka boikanyo le ka pelo yotlhe; gonne lo bonye tse dikgolo tse o di lo diretseng.
25 Mme fa lo dira tse di bosula, lo tla latlhega, lona le kgosi ya lona.”