1 SAMUELE 13

Go lowa le Bafelesita

1 E rile Saule a simolola go busa a bo a le dinyaga di le;ya re a sena go busa Iseraele dinyaga di le pedi,

2 Saule a itlhophela banna ba le 3 000 mo Baiseraeleng; ba le 2 000 ba nna le Saule kwa Migemase le mo thabeng ya Bethele; ba le 1 000 ba nna le Jonathane kwa Gibea wa Benyamene. Banna ba bangwe a ba naya tsela gore mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe.

3 Jaanong Jonathane a bolaya balebeledi ba puso ya Bafelesita ba ba neng ba le kwa Geba. Bafelesita ba utlwa jalo. Mme Saule a letsa lonaka mo lefatsheng lotlhe a re: “A Bahebere ba utlwe!”

4 Baiseraele botlhe ba utlwa go twe: “Saule o bolaile balebeledi ba puso ya Bafelesita; le gona Baiseraele ba itlhoisitse Bafelesita.” Mme banna ba kuiwa gore ba latele Saule go ya kwa Gilegala.

5 Le Bafelesita ba phuthega go tlhabana le Baiseraele ba na le dikoloi tsa ntwa di le 3 000 le bapalami ba dipitse ba le 6 000, le banna ba ba kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Ba bolola, ba thibelela kwa Migemase mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethawene.

6 Ya re banna ba Iseraele ba ipona fa ba le mo tlalelong, mme morafe o pitlagantswe, ba iphitlha mo dikgageng le mo sekhung le mo dipharong le mo mesimeng le mo dikgatamping.

7 Bahebere bangwe ba tshela Joretane, ba ya kwa nageng ya Gate le ya Gileate, mme Saule a sa ntse a le kwa Gilegala, batho botlhe ba mo setse morago ba tshogile.

8 Saule a letela nako e e beilweng ke Samuele malatsi a supa, mme Samuele a se ka a tla kwa Gilegala. Jaanong ya re morafe o phatlalala, o mo tlogela,

9 Saule a re: “Ntlisetseng setlhabelo sa phiso le ditlhabelo tsa tebogo.” A ba a dira setlhabelo sa phiso.

10 Ya re e le gona a fetsang go dira setlhabelo sa phiso a bona Samuele a tla. Saule a ya go mo kgatlhantsha le go mo dumedisa.

11 Mme Samuele a botsa a re: “O dirileng?” Saule a re: “E rile ke bona morafe o phatlalala o ntlogela, mme wena o sa tle ka nako e e beilweng. Bafelesita ba ntse ba phuthegile kwa Migemase,

12 ka re jaanong Bafelesita ba tla nkwela mono Gilegala ke ise ke kope bopelotlhomogi moMoreneng; ka nametsa pelo, ka dira setlhabelo sa phiso.”

13 Mme Samuele a raya Saule a re: “O dirile ka bosilo; ga o a tshegetsa taolo yaMorena, Modimo wa gago, e o e go laetseng; gonne fooMorenao ka bo a tlhomamisitse bogosi jwa gago mo Iseraeleng ka bosakhutleng.

14 Mme jaanong bogosi jwa gago ga bo kitla bo tlhomama.Morenao setse a ipatletse monna yo o utlwanang le pelo ya gagwe. E bileMorenao mo laetse go nna moeteledipele wa morafe wa gagwe; gonne wena ga o a ka wa tshegetsa tseMorenao di go laetseng.”

15 Ke fa Samuele a nanoga, a tloga kwa Gilegala, a ya kwa Gibea wa Benyamene, mme Saule a bala banna ba ba nang nae, e ka nna banna ba le 600.

16 Jaanong Saule le Jonathane morwawe le batho ba ba nang nabo ba sala kwa Geba wa Benyamene, Bafelesita bone ba thibeletse kwa Migemase.

17 Mme lekoko la bathukhuthi la bolola kwa bothibelelong jwa Bafelesita e le masomo a mararo. Lesomo lengwe la fapogela kwa ntlheng ya Ofera kwa lefatsheng la Suale;

18 lesomo le lengwe la fapogela kwa ntlheng ya Bethorone; lesomo la boraro la fapogela kwa ntlheng ya Geba yo o okameng Mokgatsha wa Diphiri a lebile kwa sekakeng.

19 Mme mo lefatsheng lotlhe la Iseraele go ne go sa dumelelwe mothudi; gonne Bafelesita ba re: “E se re gongwe Bahebere ba dira tšhaka le lerumo.”

20 Mongwe le mongwe wa Baiseraele botlhe o ne a tshwanetse go fologela kwa Bafelesiteng go thulelwa ege le petlwana le selepe le sekara sa mogoma

21 fa di titinegile, e bong dikara tsa megoma le dipetlwana le diforoko tse di maphatamararo le dilepe; le go tlhamalatsa lešwane.

22 Jaanong ya re ka letsatsi la tlhabano kwa Migemase ga bo go sa bonwe tšhaka le lerumo mo banneng botlhe ba ba nang le Saule le Jonathane; di tshotswe ke Saule le Jonathane morwawe fela.

23 Balebeledi ba puso ya Bafelesita ba ne ba bololela kwa phateng ya Migemase.