1 SAMUELE 16

Go tlodiwa Dafita gore a nne kgosi

1 Morago ga mooMorenaa raya Samuele a re: “O tla hutsafalela Saule go fitlha leng? Kana ke mo latlhile gore a se ka a tlhola a nna kgosi ya Iseraele. Tlatsa lonaka lwa gago lookwane, o tsamae; ke go roma kwa go Isai wa Betleheme; gonne ke iponetse kgosi mo go bomorwawe.”

2 Samuele a botsa a re: “Nka ya jang? Fa Saule a ka utlwela, o tla mpolaya.”Morenaa re: “Gapa kgomo ya moroba, o ye nayo teng, o fete o re: ‘Ke tlile go tlhabelaMorenasetlhabelo.’

3 O be o laletse Isai tlhabelong. Ke tla go itsise se o tshwanetseng go se dira gore o ntloletse yo ke tla mo go kaelang.”

4 Samuele a dira seMorenaa se buileng, mme ya re a goroga kwa Betleheme bagolo ba motse ba mo kgatlhantsha ba tshogile ba re: “A o tla ka kagiso?”

5 A re: “Ka kagiso! Ke tlile go tlhabelaMorenasetlhabelo. Iitshepiseng, lo tle le nna moletlong wa tlhabelo.” Jaanong a itshepisa Isai le bomorwawe, a ba laleletsa moletlo wa tlhabelo.

6 Ya re ba tsena a bona Eliabe, a ithaya a re: “Ahee, ke ene motlodiwi waMorena!”

7 MmeMorenaa raya Samuele a re: “Se lebe ponalo ya gagwe le seemo se seleele sa gagwe, gonne ke mo ganne; kana Modimo ga o lebe jaaka motho a leba. Gonne motho o bona fela tse di lebaganyeng le matlho, mmeMorenao bona pelo.”

8 Ke fa Isai a bitsa Abinatabe a mo fetisa fa pele ga Samuele, mme Samuele a re: “Le ene yo ga se yoMorenao mo tlhophileng.”

9 Jaanong Isai a fetisa Sama, mme Samuele a re: “Le ene yo ga e ise e nne waMorena.”

10 Ya ba gona Isai a fetisang bomorwawe ba ba supa fa pele ga Samuele, mme Samuele a raya Isai a re: “Ga go ope mo go bone ba yoMorenao mo tlhophileng.”

11 Mme Samuele a botsa Isai a re: “A basimane ba ke bone botlhe?” A araba a re: “Go setse yo mmotlana; o disa dinku.” Samuele a raya Isai a re: “E re a ye go bidiwa; gonne ga re ka ke ra nnela go ja a ise a tle.”

12 A roma motho, mme a mo tlisa. O ne a le mohibidu, a na le matlho a mantle, a le sebopego se sentle. Ke faMorenaa re: “Nanoga o mo tlotse, gonne ke ene yoo.”

13 Samuele a tsaya lonaka lwa lookwane, a mo tlotsa mo gare ga bomogolowe. Mowa waMorenawa tsena mo go Dafita go tloga ka letsatsi leo go ya pele. Jaanong Samuele a nanoga, a boela kwa Rama.

Dafita o bidiwa go direla Saule

14 Mme Saule o ne a tlogetswe ke Mowa waMorena, a ntse a tshwenngwa ke mowa o o bosula o o romilweng keMorena.

15 Jaanong batlhanka ba ga Saule ba mo raya ba re: “A ko o bone, mowa o o bosula wa Modimo o go tshwenya.

16 A morena wa rona a bue lefoko fela, mme batlhanka ba gago ba ba go direlang, ba tla batla monna yo o itseng go letsa harepa gore e re fa mowa o o bosula wa Modimo o go tsena, a e letse ka seatla, mme ò nne botoka.”

17 Ke fa Saule a laela batlhanka ba gagwe a re: “A lo ko lo mpatlele monna yo o itseng go letsa sentle, lo mo tlise go nna.”

18 Ga araba mongwe wa makau a re: “Ke itse mongwe, ke morwa Isai wa kwa Betleheme. O itse go letsa; le gona ke senatla se se tiileng le mogale tlhabanong, e bile o itse go bua; ke monna yo montle, mmeMorenao na nae.”

19 Ke fa Saule a roma barongwi kwa go Isai a re: “Nthomele morwao Dafita yo o disang dinku.”

20 Jaanong Isai a tsaya esele, a e belesa dinkgwe le lekuka la weine, le potsane, a di romela Saule ka Dafita morwawe.

21 Dafita a ya kwa go Saule, a mo direla, mme Saule a mo rata thata, mme a nna morwadi wa dibolai tsa gagwe.

22 Ka moo Saule a roma kwa go Isai a re: “Ka thapelo, a Dafita a nne a ntirele; gonne ke a mo rata.”

23 Mme e ne ya re fa mowa o o bosula wa Modimo o tsena mo go Saule Dafita a tsee harepa, a e letse ka seatla, mme Saule a lapologe, a nne kaone, mme mowa o o bosula o mo tlogele.