1 SAMUELE 18

1 E rile Dafita a sena go bua le Saule Jonathane a tsalana le Dafita, a mo rata fela jaaka a ithata.

2 Mme Saule a mo tsaya ka letsatsi leo, a se ka a mo lesa go boela kwa lapeng la ga rraagwe.

3 Jonathane a dira kgolagano le Dafita, ka gonne o ne a mo rata jaaka a ithata.

4 Jonathane a apola kobo e o neng a e apere, a e naya Dafita; a ba a mo naya diaparo tsa gagwe le tšhaka ya gagwe le bora jwa gagwe le moitlamo wa gagwe.

5 E ne ya re fa Dafita a bolola, a nne letlhogonolo gongwe le gongwe kwa Saule a mo romang teng mo Saule a bileng a mo laodisa batlhabani, mme ga itumedisa morafe otlhe le batlhanka ba ga Saule.

Saule o fufegela Dafita

6 Mme e rile ba boa le Dafita a sena go bolaya Mofelesita, basadi ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele, ba baka, ba bina, ba kgatlhantsha kgosi Saule ka meropana le ka boitumelo le ka diletso tsa ditshipi tse tharo.

7 Jaanong basadi ba ba duduetsang, ba baka ba re: “Saule o bolaile dikete, mme Dafita ene o bolaile dikete tse some.”

8 Ke fa Saule a tuka bogale thata. Lefoko leo la mo sudisa pelo, mme a re: “Ba neile Dafita dikete tse some, mme nna ba mpha dikete fela. O sa ntse a tlhaela bogosi fela.”

9 Mme Saule a nna a fufegela Dafita go tloga ka letsatsi leo go ya pele.

10 Ya re kamoso Saule a tsenwa ke mowa o o bosula wa Modimo, mme a galefa jaaka e kete o a tsenwa a le mo ntlong, Dafita a letsa harepa ka seatla jaaka ka metlha; Saule ene a bo a tshotse lerumo ka seatla.

11 Jaanong Saule a konopa ka lerumo, a re o tla tlhabakelela Dafita fa loboteng. Mme Dafita a le tila, a mo tshaba gabedi.

12 Ka moo Saule a boifa Dafita, kaMorenaa na nae, mme a tlogetse Saule.

13 Bakeng leo Saule a mo tlosa fa go ene, a mo dira molaodi wa ba le sekete. Jaanong a bolole, a ba a boe a ntse a eteletse banna pele.

14 Dafita a nna a tlhogonolofala mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe kaMorenaa na nae.

15 Ya re Saule a mmona a tshegofala thata a rerega ka ntlha ya gagwe.

16 Mme Baiseraele le Bajuta botlhe ba bo ba rata Dafita; gonne a ntse a tswa, a ba a tsena, a ba eteletse pele.

Dafita o nyala morwadia Saule

17 Jaanong Saule a raya Dafita a re: “Bona, morwadiake yo mogolo Merabe, ene ke tla mo go neela go nna mosadi wa gago. Fela o nne mogale wa me, o lwe dintwa tsaMorena.” Kana Saule a akanya jaana a re: “A a se ka a bolawa ke nna, a a bolawe ke Bafelesita.”

18 Mme Dafita a fetola Saule a re: “Nna ke mang? Lotso lwa me le losika lwa ga rre ke eng mo Iseraeleng mo nka nnang mogwe wa kgosi?”

19 Mme ya re ka sebaka sa go neela Dafita Merabe morwadia Saule a neelwa Ateriele wa kwa Mehola go nna mosadi wa gagwe.

20 Mme Migale morwadia Saule yo mmotlana o ne a rata Dafita. Ya re ba itsise Saule jalo a dumalelana le seo.

21 Saule a re: “Ke tla mo mo neela gore e nne ene serai mo go ene, mme a bolawe ke diatla tsa Bafelesita.” Mme Saule a raya Dafita a re: “O tla nna mogwe wa me kajeno ka go nyala morwadiake wa bobedi.”

22 Saule a laela batlhanka ba gagwe a re: “Buang le Dafita mo sephiring lo re: ‘Itse gore kgosi e kgatlhwa ke wena, batlhanka botlhe ba yona ba go rata. O tshwanetse gore o nne mogwe wa kgosi!’ ”

23 Batlhanka ba ga Saule ba bua mafoko ao mo ditsebeng tsa ga Dafita, mme Dafita a botsa a re: “A ke selo se se botlhofo mo matlhong a lona go nna mogwe wa kgosi? Kana ke monna fela yo o humanegileng, yo o se nang tlotlo.”

24 Batlhanka ba ga Saule ba mo itsise ba re: “Dafita o buile mafoko jaana le jaana.”

25 Saule a re: “Rayang Dafita jaana lo re: ‘Kgosi ga e kgatlhwe ke bogadi jo bongwe fa e se matlalo a a sa rupisiwang a le lekgolo a Bafelesita, e le go ipusolosetsa mo babeng ba kgosi.’ ” Saule a loga maano jalo go diga Dafita ka diatla tsa Bafelesita.

26 Ya re batlhanka ba gagwe ba bolelela Dafita mafoko ao, a a itumelela gore a nne mogwe wa kgosi. Mme ya re malatsi a a beilweng a ise a fete

27 Dafita a nanoga, a ya le banna ba gagwe, a bolaya banna ba le 200 ba Bafelesita. Dafita a ba a tlisa matlalo a a sa rupisiwang a bone, a neelwa kgosi e le palo e e tletseng gore Dafita a tle a nne mogwe wa kgosi. Ke fa Saule a mo neela Migale morwadie go nna mosadi wa gagwe.

28 Jaanong ya re Saule a bona le go lemoga faMorenaa na le Dafita, e bile Migale morwadie a mo rata,

29 Saule a oketsegelwa ke poifo ya go boifa Dafita, mme a nna mmaba wa ga Dafita ka metlha yotlhe.

30 Dikgosana tsa Bafelesita di ne di bolola, mme ka nako le nako fa di bolola Dafita a nne tlhogonolo go gaisa batlhanka botlhe ba ga Saule. Leina la gagwe la ba la tlotlega mo go fetisang.