Saule o batla go bolaya Dafita
1 Jaanong Saule a bua le Jonathane morwawe le batlhanka botlhe ba gagwe, a rata go bolaya Dafita. Mme Jonathane morwa Saule o ne a kgatlhwa thata ke Dafita.
2 Jonathane a sebela Dafita a re: “Rre Saule o batla go go bolaya. Jaanong a ko itise mo mosong, o nne fa o fitlhegileng teng, o iphitlhe.
3 Ke tla tswa ka nosi, ke ema le rre kwa nageng fa o leng teng, ke bua nae ka ga gago. Se ke tla se lemogang ke tla se go sebela.”
4 Mme Jonathane a bua tse di molemo ka ga Dafita le Saule rraagwe, a mo raya a re: “A kgosi e se ka ya leofela Dafita motlhanka wa yona, gonne ga a ise a ke a go leofele. E bile ditiro tsa gagwe di go thusa thata.
5 Kana o ne a sa rekegele bophelo jwa gagwe ka go bolaya Mofelesita yole, mmeMorenaa direla Baiseraele botlhe pholoso e kgolo ka ene. Seo o se bonye, wa ba wa itumela. Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o rata go leofela motho yo o se nang molato ka go bolaya Dafita kwa ntle ga lebaka.”
6 Saule a kgonwa ke lentswe la ga Jonathane, a ba a ikana a re: “Ka bophelo jwaMorenaDafita ga a kitla a bolawa.”
7 Ke fa Jonathane a bitsa Dafita, a mo itsise mafoko otlhe ao, a mo isa kwa go Saule. Mme Dafita a mo direla gape jaaka gale.
8 Jaanong ya re go tsoga ntwa gape, Dafita a bolola go tlhabana le Bafelesita, a ba bolaya ka polao e kgolo, mme ba tshaba ba hulere.
9 Mme Saule a tsenwa ke mowa o o bosula waMorenagape a ntse a dutse mo ntlong ya gagwe, a tshwere lerumo la gagwe mme Dafita a letsa harepa ka seatla.
10 Ke fa Saule a re o tlhabakelela Dafita fa loboteng ka lerumo, mme ene a le tila, a thiboga fa pele ga Saule, mme a tlhaba lobota ka lerumo mme Dafita a tshaba, a falola.
Bosigong joo
11 Saule a roma barongwi kwa lapeng la ga Dafita gore ba mo lalele, ba mmolae mo mosong. Mme Migale mosadi wa gagwe a itsise Dafita a re: “Fa o sa pholose bophelo jwa gago bosigo jono o tla tsoga o bolawa kamoso.”
12 Jaanong Migale a folosa Dafita ka fenstere; a tloga, a tshaba, a falola.
13 Migale a ba a tsaya setshwantsho sa modimo wa ntlo, a se robatsa mo bolaong, a baya lesire la boboa jwa dipodi mo tlhogong ya sona, a se khurumetsa ka kobo.
14 Mme ya re Saule a roma barongwi go tshwara Dafita, Migale a re: “O a lwala.”
15 Saule a roma barongwi bao gape ba ye go bona Dafita, a re: “Mo tliseng kwano go nna ka bolao gore ke mmolae.”
16 Ya re barongwi bao ba tsena ba fitlhela setshwantsho sa modimo wa ntlo se le mo bolaong le lesire la boboa jwa dipodi le le mo tlhogong ya sona.
17 Ke fa Saule a raya Migale a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ntsieditse jalo, wa lesa mmaba wa me a falola?” Mme Migale a raya Saule a re: “Ene o ntheile a re: ‘Nte ke tsamae! Go seng jalo ke tla go bolaya.’ ”
18 Mme Dafita a tshaba, a falola, a fitlha kwa go Samuele kwa Rama, a mo itsise tsotlhe tse Saule o di mo diretseng. Mme ene le Samuele ba ya ba nna mo matlong a baporofeti.
19 Mme Saule a sebelwa ga twe: “Itse gore Dafita o mo matlong a baporofeti kwa Rama.”
20 Ke fa Saule a roma barongwi go tshwara Dafita. Ya re ba bona lesomo la baporofeti le duduetsa le Samuele a eme e le tlhogo ya bone, barongwi ba ga Saule ba tsenwa ke Mowa wa Modimo le bone ba duduetsa.
21 Ya re Saule a sena go begelwa jalo, a roma barongwi ba bangwe, le bone ba duduetsa. Gape Saule a roma barongwi lwa boraro, le bone ba duduetsa.
22 Jaanong Saule a ya kwa Rama ka esi, a fitlha kwa sedibeng se segolo se se kwa Segu, a botsa a re: “Samuele le Dafita ba kae?” Ba re: “Ba mo matlong a baporofeti kwa Rama.”
23 A ya teng kwa matlong a baporofeti kwa Rama, mme le ene a tsenwa ke Mowa wa Modimo, a tsamaya a ntse a duduetsa go ya go fitlha teng.
24 Ke fa le ene a apola diaparo tsa gagwe a duduetsa fa pele ga Samuele, a namalala fa fatshe, a sa ikatega motshegare otlhe oo le bosigo jotlhe joo. Ke ka moo go tweng: “A Saule le ene ke moporofeti?”