1 SAMUELE 20

Kgolagano ya ga Dafita le Jonathane e a tlhomamisiwa

1 Mme Dafita a tshaba, a tswa mo matlong a baporofeti kwa Rama, a fitlha fa go Jonathane, a mmotsa a re: “Ke dirileng? Molato wa me ke eng? Ke leofileng fa pele ga rraago mo a batlang go mpolaya?”

2 Mme Jonathane a mo raya a re: “A go nne kgakala. Ga o kitla o swa. Bona, rre ga a dire sepe se segolo gongwe se sebotlana a ise a se ntshenolele. E ka nna ka ntlha ya eng fa rre a ntobela selo se? Ga go na se se ntseng jalo.”

3 Mme Dafita a bile a ikana a re: “Rraago o itse sentle fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago. O akantse go re: ‘A Jonathane a se ka a itse e se re gongwe a hutsafala.’ Fela ruri ka bophelo jwaMorenale ka bophelo jwa gago go na le kgato e le nngwe fela fa gare ga me le loso.”

4 Ke fa Jonathane a raya Dafita a re: “Se o se eletsang ke tla se go direla.”

5 Dafita a raya Jonathane a re: “Kamoso ngwedi o tsoga o rogwa. Tota ke ne ke tshwanetse go nna le kgosi fa dijong. Mme nte ke iphitlhe mo nageng go fitlha mantsiboeng a letsatsi la boraro.

6 Fa rraago a ka ntlhoka, o bolele o re: ‘Dafita o ikopile mo go nna gore a tabogele kwa Betleheme motseng wa ga gabo. Gonne go na le tlhabelo ya ngwaga gona ya losika lwetsho.’

7 Fa a ka bua jaana a re: ‘Go siame!’ foo motlhanka wa gago o na le kagiso. Mme fa a galefa thata, o itse gore o setse a ikaeletse tatlhego ya me.

8 Jaanong direla motlhanka wa gago ka bopelotlhomogi, gonne o tsentse motlhanka wa gago mo kgolaganong yaMorenanao. Mme fa molato o le teng mo go nna, a ke bolawe ke wena. O tla bo o nkisetsang kwa go rraago?”

9 Mme Jonathane a re: “O se ka wa re jalo! Kana fa ke lemoga tota gore rre o ikaeletse go go isa mo tatlhegong, ga nka ke ka tlhoka go go itsise.”

10 Mme Dafita a botsa Jonathane a re: “Ke mang yo o tla mpegelang, fa rraago a go fetola ka tse di thata?”

11 Ke fa Jonathane a raya Dafita a re: “Tlaya, re tswele kwa nageng!” Ba tswela kwa nageng ka bobedi jwa bone.

12 Jonathane a ba a raya Dafita a re: “AMorena, Modimo wa Iseraele, e nne mosupi; ke tla botsolotsa rre kamoso mo nakong e le ka moso o mongwe; fa ke fitlhela go siametse Dafita foo ke tla roma kwa go wena, ke go senolela jalo.

13 AMorenaa direle Jonathane jaana a mo okeletse jaana: Fa go siametse rre go digela bosula mo go wena ruri ke tla go senolela jalo, ke go naya tsela gore o tsamae ka kagiso. Mme aMorenaa nne nao jaaka a ne a na le rre.

14 Ka thapelo, fa ke sa ntse ke phela ke kopa gore o ntirele ka bopelotlhomogi jwaMorena. Mme fa nka swa

15 o se ka wa tlosa bopelotlhomogi jwa gago mo lapeng la me ka bosakhutleng le e seng faMorenaa nyeletsa baba ba ga Dafita ka go latelana ga bone, a ba tlosa mo lefatsheng.”

16 Jonathane a dira kgolagano jalo le lelapa la ga Dafita, a re: “Morenao tla busolosa baba ba ga Dafita.”

17 Jaanong Jonathane a ikanisa Dafita gape ka lorato lo a mo ratang ka lone; gonne o ne a mo rata ka pelo yotlhe.

18 Jonathane a ba a mo raya a re: “Kamoso ngwedi o tsoga o rogwa. O tla tlhokwa fa o batlwa mo mannong a gago.

19 Mme ka letsatsi la boraro o fologe ka pele, o tle kwa felong fa o neng o iphitlhile teng maloba, o nne fa fatshe fa thoko ga lefika la Asele.

20 Jaanong ke tla hulela metsu e le meraro ka fa lotlhakoreng lwa lone jaaka e kete ke hula sengwe.

21 Bona, ke tla roma mosimane ke re: ‘Yaa o batle metsu.’ Jaanong fa ke raya mosimane ke re: ‘Bona, metsu e ka kwano ga gago, e tsee!’ gona o ka tla, gonne ka bophelo jwaMorenao mo kagisong; ga go na kotsi epe.

22 Mme fa ke raya lekau jaana ke re: ‘Bona, metsu e kwa pele ga gago!’ gona o tsamae, gonneMorenao tla bo a go neile tsela.

23 Mme fa e le lefoko le re buileng mmogo,Morenao fa gare ga rona bosakhutheng.”

24 Ke fa Dafita a iphitlha kwa nageng.

Ya re ka la ngwedi o o rogilweng, kgosi ya nna fa bojelong go ja.

25 Kgosi ya nna mo mannong a yona jaaka ka gale mo mannong a a fa loboteng, Jonathane a lebaganye nae. Abenere a nna fa thoko ga Saule. Manno a ga Dafita a tlhoka mong wa ona.

26 Ka letsatsi leo Saule a se ka a bua sepe; gonne o ne a gopola gore gongwe o dirafaletswe ke maila mangwe; go gongwe ga a itsheka, mme a ise a itshekisiwe.

27 Mme ya re kamoso ka letsatsi la bobedi la ngwedi o o rogilweng manno a ga Dafita a tlhoka mong wa ona gape, Saule a botsa Jonathane morwawe a re: “Ke ka ntlha ya eng fa morwa Isai a se ka a tla dijong maabane le kajeno?”

28 Jonathane a araba Saule a re: “Dafita o ikopile thata mo go nna go ka ya kwa Betleheme,

29 a re: ‘A ko o nte ke tsamae, gonne re na le tlhabelo ya losika kwa motseng wa ga etsho. E bile nkgonne o mpiditse ka esi. Jaanong he, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, nte ke itlhaganele ke ye go bona bomogolole.’ Ke ka moo a se kang a tla bojelong jwa kgosi.”

30 Ke fa Saule a tukela Jonathane bogale a mo raya a re: “Wena morwa borukhutlhi jo bo maswe! A o ithaya o re, ga ke itse fa o itlhaoletse morwa Isai? Mme e tla nna ditlhong tsa gago le ditlhong tsa mmele wa ga mmaago.

31 Gonne ka malatsi otlhe a morwa Isai o phelang ka ona mo lefatsheng ga o kitla o tlhomamisiwa le e seng go dirwa kgosi. Jaanong ka re, roma o mo tlise kwano go nna, gonne o tshwanetse go bolawa.”

32 Jonathane a araba Saule rraagwe a re: “O tla bo a bolaelwang? O dirile eng?”

33 Ke fa Saule a mo konopa ka lerumo, a re o a mo tlhaba. Jonathane a lemoga jalo fa rragwe a feditse pelo go bolaya Dafita.

34 Jaanong Jonathane a nanoga, a tlogela bojelo ka bogale jo bo tukang; a se ka a ja dijo ka letsatsi leo la bobedi la ngwedi o o rogilweng; gonne o ne a tshwenyegela Dafita, ka rraagwe a mo rogakile.

35 Ya re mo mosong Jonathane a tswela kwa nageng jaaka a dumalanye le Dafita, a na le mosimanyana.

36 A raya mosimane wa gagwe a re: “Siana o batle metsu e ke tla e fulang.” Ya re mosimane a taboga, a fula motsu, a o fetisa ka ene.

37 Ya re mosimane a fitlha fa motsu o wetseng teng o Jonathane a o hudileng, Jonathane a tlhaeletsa mosimane a re: “Kana motsu o kwa pele ga gago!”

38 Jonathane a ba a tlhaeletsa mosimane a re: “Dira ka pele, o itlhaganele, o se ka wa ema.” Ke fa mosimane wa ga Jonathane a nopa metsu, a ba a boela kwa go mongwagwe.

39 Mosimane a bo a sa itse sepe, tumelano ya bo e le sephiri sa ga Jonathane le Dafita fela.

40 Jaanong Jonathane a neela mosimane yo o neng a na nae dibolai tsa gagwe, a mo laela a re: “Tsamaya o di ise kwa motseng.”

41 Ya re mosimane a ntse a tsamaya go ya kwa gae, Dafita a nanoga, a tswa ka fa ntlheng ya borwa, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a inama gararo; ba atlana, ba lela mmogo; la bofelo Dafita a lela mo go fetisang.

42 Jaanong Jonathane a raya Dafita a re: “Tsamaya ka kagiso! Kana re ikanne ka bobedi jwa rona ka leina laMorenara re: ‘Morenao tla nna fa gare ga rona le fa gare ga losika lwa me le lwa gago ka bosakhutleng.’ ”

43 Ke fa Dafita a nanoga a tsamaya, Jonathane ene a boela kwa motseng.