Baperesiti ba a bolawa
1 Ke fa Dafita a tloga teng a falolela kwa logageng lwa Adulame. Ya re bomogolowe le ba lapa la ga rraagwe botlhe ba utlwa jalo ba ya kwa go ene.
2 A ba a kgobokanelwa ke banna botlhe ba ba mo pitlaganyong le banna botlhe ba ba tsereng melato le banna botlhe ba ba pelo-di-botlhoko, a nna molaodi wa bone; ba nna nae e ka nna banna ba le 400.
3 Dafita a ba a tloga teng a ya kwa Mitsephe wa Moabe, a raya kgosi ya Moabe a re: “A rre le mme ba tshabele kwano go lona go tsamaya ke be ke itse se Modimo o tla se ntirelang.”
4 Jaanong a ba tlisa fa pele ga kgosi ya Moabe, ba nna nayo ka malatsi otlhe a Dafita a ntseng a le kwa botshabelong jo bo femetsweng ka ona.
5 Mme moporofeti Gate a raya Dafita a re: “O se ka wa nna mo botshabelong joo. Tloga o ye kwa nageng ya Juta.” Dafita a ya a fitlha kwa sekgweng sa Herethe.
6 E rile Saule a sena go utlwela Dafita le banna ba ba nang nae, a nna fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Gibea mo thoteng a tshotse lerumo la gagwe ka seatla, mme batlhanka botlhe ba gagwe ba eme fa go ene.
7 Ke fa Saule a raya batlhanka ba gagwe ba ba emeng fa go ene a re: “Utlwang tlhe, lona Babenyamene! A le morwa Isai o tla lo naya lotlhe masimo le masimo a meweine? A o tla lo dira lotlhe balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo,
8 fa lo ikgolagantse lotlhe go lwa le nna, go se na ope yo o ntshebelang fa morwaake a dira kgolagano le morwa Isai; go se na ope mo go lona yo o nkutlwelang botlhoko, a nkitsise, fa morwaake a tlhotlheletsa motlhanka wa me gore a ntsogele, a ntalele jaaka go ntse kajeno?”
9 Ga fetola Doege wa Moetomo a ntse a eme le batlhanka ba ga Saule a re: “Ke bonye morwa Isai a tla kwa Nobe kwa go Ahimelege morwa Ahitube.
10 Ahimelege a mmoletsaMorena, a mo naya mfago, a ba a mo naya tšhaka ya ga Goliathe wa Mofelesita.”
11 Ke fa kgosi e roma go bitsa moperesiti Ahimelege morwa Ahitube le botlhe ba lapa la ga rraagwe, e bong baperesiti ba ba neng ba le kwa Nobe. Ba tla botlhe kwa kgosing.
12 Jaanong Saule a re: “A ko o utlwe wena morwa Ahitube.” A araba a re: “Ke fano, morena wa me.”
13 Saule a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo ikgolagantse go lwa le nna, wena le morwa Isai? Ka gonne o mo neile dijo le tšhaka, wa mmoletsa Modimo gore a ntsogele, a ntalele jaaka go ntse kajeno.”
14 Ahimelege a fetola kgosi a re: “Ke mang mo batlhankeng botlhe ba gago yo o ikanyegang jaaka Dafita? E bile ke mogwe wa kgosi le molaodi wa ba ba go femelang, a tlotlega mo lapeng la gago.
15 A ke sa ntlha ke mmoletsa Modimo? Ga go a nna jalo. A kgosi e se ka ya baya motlhanka wa yona le botlhe ba lelapa la ga rraagwe molato; gonne motlhanka wa gago ga a ka a itse sepe sa dilo tsotlhe tseo, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo.”
16 Mme kgosi ya re: “Ahimelege, ruri o tsile go swa, wena le botlhe ba lelapa la ga rraago.”
17 Ke fa kgosi e raya batlhanka ba ba emeng fa go yona e re: “Atamelang lo bolae baperesiti baMorena, gonne le bone ba goga le Dafita. Le fa ba ne ba itse gore ene o a tshaba, ga ba a ka ba nkitsise.” Mme batlhanka ba kgosi ba gana go ntsha mabogo go wela baperesiti baMorena.
18 Ke fa kgosi e raya Doege e re: “Atamela wena, o wele baperesiti.” Doege wa Moetomo a atamela, a wela baperesiti, a bolaya banna ba le 85 ba ba apereng lesela la khiba ya boperesiti ka letsatsi leo.
19 A ba a bolaya Nobe, ona motse wa baperesiti ka bogale jwa tšhaka, banna le basadi le bana le masea le dikgomo le diesele le dinku ka bogale jwa tšhaka.
20 Mme ga falola morwa a le mongwe wa ga Ahimelege morwa Ahitube; leina la gagwe e ne e le Abjathare; a tshaba, a latela Dafita.
21 Abjathare a feta a itsise Dafita a re: “Saule o bolaile baperesiti baMorena.”
22 Dafita a raya Abjathare a re: “Ke sa le ke itse ka letsatsi lele jale fa Doege wa Moetomo a ne a le teng gore ke ene yo o tla bolelelang Saule. Ke ka ntlha ya me fa go bolailwe botlhe ba lapa la ga rraago.
23 Nna le nna, o se ka wa boifa; gonne yo o ratang go go bolaya o rata go bolaya nna. O mo tshireletsong, fa o na le nna.”