Dafita o thusa baagi ba Kehila
1 Dafita o ne a begelwa ga twe: “Bona, Bafelesita ba tlhabana le Kehila, e bile ba ba thukhutha mabele mo diboaneng.”
2 Ke fa Dafita a botsaMorenaa re: “A ke ye ke bolae Bafelesita bao?”Morenaa araba Dafita a re: “Yaa o bolae Bafelesita bao, o thuse Kehila.”
3 Mme banna ba ga Dafita ba mo raya ba re: “Kana re setse re boifa mono mo Juta, jaanong fa re le kwa Kehila kwa mephatong ya Bafelesita, gona go tla nna jang?”
4 Dafita a ba a botsaMorenagape.Morenaa mo araba a re: “Nanoga o fologele kwa Kehila; gonne ke tla neela Bafelesita mo diatleng tsa gago.”
5 Ke fa Dafita a ya kwa Kehila a na le banna ba gagwe, a tlhabana le Bafelesita, a gapa diruiwa tsa bone, a ba bolaya ka polao e kgolo. Dafita a pholosa baagi ba Kehila jalo.
6 Kana e rile Abjathare morwa Ahimelege a tshabela kwa go Dafita kwa Kehila, a eta a tshotse khiba ya boperesiti.
7 Jaanong ya re Saule a itsisiwe gore Dafita o tsenye kwa Kehila, Saule a re: “Modimo o mo neetse mo diatleng tsa me; gonne o itswaletse ka go tsena mo motseng o o nang le ditswalo le mephakarego.”
8 Ka mo Saule a kua banna botlhe go ya kwa ntweng kwa Kehila go dikanyetsa Dafita le banna ba gagwe ka ntwa.
9 Mme ya re Dafita a lemoga, fa Saule a mo logela maano a a bosula, a raya Abjathare moperesiti a re: “Tlisa khiba ya boperesiti kwano.”
10 Jaanong Dafita a botsa a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, motlhanka wa gago o utlwile gore Saule o rata go tla kwano Kehila le go senya motse o ka ntlha ya me.
11 A beng ba Kehila ba tla nneela mo diatleng tsa gagwe? A Saule o tla fologela kwano jaaka motlhanka wa gago a utlwile?Morena, Modimo wa Iseraele, a ko o itsise motlhanka wa gago jalo.”Morenaa re: “O tla fologa.”
12 Dafita a boela a botsa a re: “A beng ba Kehila ba tla nneela mo diatleng tsa ga Saule, nna le banna ba me?”Morenaa re: “Ba tla lo neela.”
13 Ke fa Dafita a nanoga a na le banna ba gagwe – e ka nna banna ba le 600 – ba tloga kwa Kehila, ba itsamaela mo ba itsamaelang teng. Ya re Saule a begelwa gore Dafita o falotse kwa Kehila, a thinya.
Dafita o iphitlha mo dithabeng
14 Morago ga moo Dafita a nna kwa sekakeng mo dikgageng, a nna mo dithabeng kwa sekakeng sa Sife. Saule a nna a mmatla ka malatsi otlhe, mme Modimo wa se ka wa mo neela mo diatleng tsa gagwe.
15 Mme Dafita a lemoga fa Saule a bolotse go tsoma botshelo jwa gagwe. E rile Dafita a le mo sekgweng kwa sekakeng sa Sife,
16 Jonathane morwa Saule a nanoga, a ya kwa go Dafita kwa sekgweng, a mo nametsa pelo ka Modimo.
17 A mo raya a re: “Se boife! gonne seatla sa ga rre Saule ga se kitla se go tshwara, mme wena o tla nna kgosi ya Iseraele, nna ke go loma serota. Le rre Saule o itse jalo.”
18 Jaanong bone babedi ba dira kgolagano fa pele gaMorena. Dafita a sala kwa sekgweng sele, Jonathane ene a boela kwa gae.
19 Mme Basife ba tlhatlogela kwa go Saule kwa Gibea ba re: “Kana Dafita o iphitlhile kwa go rona mo dikgageng mo sekgweng kwa thabaneng ya Hagila mo ntlheng ya borwa ya naga e e senya.
20 Jaanong he, kgosi, fologela teng fela ka fa pelo ya gago e eletsang ka teng go fologela gona. E tla nna tiro ya rona go mo neela mo diatleng tsa kgosi.”
21 Ke fa Saule a re: “AMorenaa lo tshegofatse, gonne lo ntlhomogetse pelo.
22 Yaang he, lo tlhotlhomise gape, lo lemoge felo ga gagwe, lo bone fa motlhala wa gagwe o leng teng le yo o mmonyeng teng. Gonne ke boleletswe gore ke rramaano-a-mantsi.
23 Okomelang lo lotolotse maiphitlho otlhe kwa a iphitlhang teng, lo be lo boele kwa go nna, fa lo itse sentle. Foo ke tla ya le lona. Fa a le teng mo lefatsheng le, ke tla mmatla mo dinageng tsotlhe tsa Juta.”
24 Jaanong ba nanoga, ba boela kwa Sife, ba etelela Saule pele. Dafita le banna ba gagwe ba bo ba le mo sekakeng sa Maone mo lebaleng ntlheng ya borwa ya naga e e senya.
25 Mme ya re Saule a ya a na le banna ba gagwe go mmatla, Dafita a sebelwa jalo, a fologela kwa lefikeng le le mo sekakeng sa Maone. Ya re Saule a utlwa jalo, a letelela Dafita kwa sekakeng sa Maone.
26 Saule le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwano, mme Dafita le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwa. Mme ya re Dafita a itlhaganela go tshaba, ka a boifa Saule, Saule le banna ba gagwe ba dikanyetsa Dafita le banna ba gagwe gore ba ba tshware.
27 Ke fa go tla morongwi kwa go Saule a re: “Itlhaganele o tle, gonne Bafelesita ba tlhasetse lefatshe.”
28 Jaanong Saule a boa a khutlela Dafita, a ya go kgatlhantsha Bafelesita. Ke ka moo felo foo go teilweng leina go twe: Lentswe la go falola.