Loso lwa ga Samuele
1 Jaanong Samuele a swa, mme Baiseraele botlhe ba kgobokana ba mo lelela, ba mo fitlha mo ntlong ya gagwe kwa Rama. Dafita ene a nanoga a fologela kwa sekakeng sa Pharane.
Dafita le Abikaile
2 Jaanong go ne go le monna kwa Maone, mme diruiwa tsa gagwe di le kwa motseng wa Karemele. Monna yoo o ne a humile thata, a na le dinku di le 3 000 le dipodi di le 1 000. A bo a beola dinku tsa gagwe kwa Karemele.
3 Leina la monna yoo e ne e le Nabale,leina la mosadi wa gagwe e le Abikaile. Mosadi yoo o ne a na le tlhaloganyo e e siameng, a bopegile sentle, monna ene a le peloethata, a le bosula mo ditirong, e le wa losika lwa ga Kalebe.
4 Jaanong ya re Dafita a utlwa a le kwa sekakeng gore Nabale o beola dinku tsa gagwe,
5 Dafita a roma makau a le some, a a laela a re: “Tlhatlogelang kwa Karemele, lo ye kwa go Nabale, lo mo mpoletse bophelo,
6 lo ree yo o phelang monate jaana lo re: ‘A kagiso e nne nao, a kagiso e nne mo lapeng la gago, a kagiso e nne le tsotlhe tse o nang natso!
7 Ke gona ke utlwang gore o na le babeodi ba dinku. Kana badisa ba gago ba ne ba ntse ba na le rona, re sa ba tshwenye, ba sa timelelwe ke sepe ka malatsi otlhe, fa ba ntse ba le kwa Karemele.
8 Botsa makau a gago, a tla go bolelela jalo. Jaanong a makau a me a bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago. Gonne re tsile ka letsatsi la letsema. A ko o nee batlhanka ba gago le morwao Dafita tse di leng mo seatleng sa gago.’ ”
9 Makau a ga Dafita a fitlha, a bua le Nabale mafoko otlhe ao jaaka a laetswe ke Dafita, a ba a letela.
10 Mme Nabale a fetola batlhanka ba ga Dafita a re: “Dafita ke mang? Morwa Isai ke mang? Kajeno go na le batlhanka ba bantsi ba ba thobang mo go beng ba bone.
11 A nka tsaya bogobe jwa me le dino tsa me le dinama tsa me tse ke di apeetseng babeodi ba dinku tsa me, ka di naya banna ba ke sa itseng kwa ba tswang gona?”
12 Ke fa makau a ga Dafita a retologa, a wela tseleng ya one, a boa a fitlha, a mmolelela mafoko otlhe ao.
13 Ke fa Dafita a raya banna ba gagwe a re: “A mongwe le mongwe a itlamelele tšhaka!” Mongwe le mongwe a itlamelela tšhaka; le Dafita a itlamelela tšhaka ya gagwe. Ba bolola ba sala Dafita morago, e ka nna banna ba le 400, ba le 200 ba sala le dithoto.
14 Mme lekau lengwe la makau la itsise Abikaile mosadi wa ga Nabale la re: “Itse gore Dafita o ne a romile barongwi ba tswa kwa sekakeng go dumedisa mong wa rona, mme o ba bifetse.
15 Kana banna bao ba ne ba re thusa thata; ga re ise re ke re direlwe bosula, le e seng go latlhegelwa ke sepe ka malatsi otlhe a re neng re ntse re na nabo kwa nageng ka ona.
16 Ba ne ba le lorako mo tikologong ya rona bosigo le motshegare ka malatsi otlhe, fa re ntse re na nabo, re disa dinku.
17 Jaanong he, akanya o bone se o ka se dirang. Gonne tatlhego e okame mong wa rona le lelapa lotlhe la gagwe. Mme ene o pelompe; motho ga a ka ke a bua nae.”
18 Ke fa Abikaile a itlhaganela a tsaya dinkgwe di le 200 le makuka a le mabedi a weine le dinku di le tlhano tse di buduleng le ditlatla di le tlhano tsa dipabe le dinkgwe di le 100 tsa maswabi a moweine le dinkgwe di le 200 tsa feie, a di belesa mo dieseleng.
19 A laela makau a gagwe a re: “Nketeleleng pele, nna ke tla akofa ke lo latela!” Mme a se ka a bolelela Nabale monna wa gagwe sepe.
20 Jaanong ya re a kgokologa a palame esele, a sirilwe ke thaba, a bona Dafita le banna ba gagwe ba fologa mo thabeng ba tla kwa go ene, a rakana nabo kwa tlase.
21 Mme Dafita o ne a bonye gore “Ke diretse lefela, fa ke disitse tsotlhe tse e leng tsa yole kwa sekakeng mo go se kang ga tlhokafala sepe sa tsotlhe tsa gagwe. Jaanong o ntebogetse molemo ka bosula.
22 A Modimo o direle Dafita jaana o mo okeletse jaana, fa nka sadisa a le mongwe fela yo motonanyana wa botlhe ba e leng ba gagwe go ya mo mosong.”
23 Ya re Abikaile a bona Dafita, a akofa a fologa mo eseleng, a wa fa pele ga Dafita ka sefatlhego, a ikobela fa fatshe;
24 a wela fa dinaong tsa gagwe a re: “Morena wa me, molato oo ke wa me. A lelata la gago le ke le bue mo ditsebeng tsa gago, a ko o utlwe mafoko a lelata la gago!
25 A morena wa me a ke a se ka a ela Nabale tlhoko, monna yoo wa bopelompe. Gonne ene o ntse jaaka leina la gagwe: Leina la gagwe ke Lesilo, mme bosilo bo mo go ene. Mme nna lelata la gago ga ke a ka ka bona makau a o neng o a romile, wena morena wa me.
26 Jaanong he, morena wa me, ka bophelo jwaMorenale ka bophelo jwa gago, wena yoMorenao go thibetseng go tla go tsholola madi le go itseela ka wesi. Mme jaanong a baba ba gago le ba ba batlelang morena wa me bosula ba nne jaaka Nabale.
27 Mme jaanong mpho e, e lelata la gago le e tliseditseng morena wa me, a e newe makau a a setseng morena wa me morago.
28 A ko o itshwarele molato wa lelata la gago. Gonne ka nnete,Morenao tla direla morena wa me ntlo e e tlhomameng, ka morena wa me a lwa dintwa tsaMorena, mme go se kitla go bonwa bosula mo go wena bophelong jotlhe jwa gago.
29 Mme fa motho a ka tsoga go go latelela le go tsoma bophelo jwa gago, mowa wa morena wa me o tla bo o bofeletswe mo ngateng ya baphedi faMoreneng, Modimo wa gago; mme o tla latlha mewa ya baba ba gago jaaka e kete e tswa mo letlalong la seragamajwe.
30 Jaanong faMorenaa direla morena wa me tse di molemo tsotlhe tse o di mo solofeditseng, a go dira moeteledipele wa Iseraele,
31 gona o tla tlhoka sekgopi le e seng go tshwenngwa ke segakolodi sa molato wa go tsholola madi ka bomo le go itseela ka wesi, morena wa me. Mme e reMorenaa sena go go direla sentle, o gakologelwe lelata la gago.”
32 Ke fa Dafita a raya Abikaile a re: “A go bakweMorena, Modimo wa Iseraele, yo o go romileng kajeno go nkgatlhantsha.
33 A go bakwe temogo ya gago, a go bakwe wena ka wesi yo o nthibetseng kajeno gore ke se wele mo molatong wa go tsholola madi le e seng go itseela ka nosi.
34 Mme ruri, ka bophelo jwaMorena, Modimo wa Iseraele, yo o nthibetseng go go direla bosula: Fa o ka bo o sa itlhaganela, wa tla go nkgatlhantsha, go ne go se kitla go salela Nabale ope yo motonanyana go ya leseding la moso.”
35 Jaanong Dafita a amogela tse o di mo tliseditseng, a mo raya a re: “Boela kwa ntlong ya gago ka kagiso. Bona, ke utlwile lentswe la gago, ka go tshola sentle.”
36 Ya re Abikaile a fitlha kwa go Nabale a fitlhela a na le moletlo mo ntlong ya gagwe o e keteng ke moletlo wa kgosi. Nabale o ne a itumetse a tagilwe gagolo thata. Mme Abikaile a se ka a mmolelela sepe, le fa e le se sebotlana gongwe se segolo go ya bo be bo se.
37 Ya re mo mosong weine e sena go tlhaphoga mo go Nabale, mosadi wa gagwe a mmolelela tse di dirafetseng. Ke fa pelo ya gagwe e swa mo teng ga gagwe, a fetoga lefika.
38 Ya re malatsi a a ka nnang some a sena go feta,Morenaa betsa Nabale, a ba a swa.
39 Ya re Dafita a utlwa gore Nabale o sule, a re: “A go bakweMorenayo o sekileng kgang ya kgobo e Nabale a e nkgobileng, a thibela motlhanka wa gagwe gore a se dire bosula, mmeMorenaa busetsa bosula jwa ga Nabale mo tlhogong ya gagwe.” Dafita a ba a roma, a bua le Abikaile gore a mo tsee go nna mosadi wa gagwe.
40 Ya re batlhanka ba ga Dafita ba fitlha kwa go Abikaile kwa Karemele, ba bua nae ba re: “Dafita o re romile kwa go wena, gore a go tsee go nna mosadi wa gagwe.”
41 Abikaile a nanoga, a ba a inamela fa fatshe ka sefatlhego a re: “Ke nna lelata la gago go nna modiredi wa go tlhapisa dinao tsa batlhanka ba morena wa me.”
42 Jaanong Abikaile a akofa a nanoga, a palama esele a na le basetsana ba gagwe ba le batlhano ba ba tsamayang nae, a latela barongwi ba ga Dafita, a ya go nna mosadi wa gagwe.
43 Dafita o ne a ntse a nyetse Ahinoame kwa Iserele (mo Juta), ba nna basadi ba gagwe ka bobedi jwa bone.
44 Fa e le Migale morwadia Saule, mosadi wa ga Dafita, Saule o ne a mo neetse Phaleti morwa Laiše yo e leng wa kwa Galeme.