Dafita o rekegela Saule la bobedi
1 Basife ba tla kwa go Saule kwa Gibea ba re: “Kana Dafita o ntse a iphitlha mo thabaneng ya Hagila ntlheng ya botlhabatsatsi ya naga e e senya.”
2 Ke fa Saule a nanoga a fologela kwa sekakeng sa Sife, a na le banna ba le 300 ba ba tlhophilweng ba lseraele go batla Dafita kwa sekakeng sa Sife.
3 Saule a thibelela mo thabaneng ya Hagila e e fa tseleng mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya naga e e senya, mme Dafita a ntse a le mo sekakeng. Ya re Dafita a utlwa go twe Saule o tlile go mo tsoma kwa sekakeng,
4 a roma batlhodi, mme a utlwa ka bone, fa Saule a tlile ka nnete.
5 Ke fa Dafita a nanoga, a fitlha kwa felong fa Saule a thibeletseng teng. Saule a bo a robetse fa gare ga magololo a dikoloi, banna ba mo dikanyeditse. Mme Dafita a bona felo fa Saule a robetseng teng le Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya gagwe.
6 Jaanong Dafita a botsa Ahimelege wa Mohethe le Abisai morwa Seruya morwa-rraagwe Joabe a re: “Ke mang yo o tla fologelang le nna kwa go Saule kwa bothibelelong?” Abisai a re: “Ke tla fologa nao.”
7 Jaanong ya re Dafita le Abisai ba fitlha kwa banneng bothibelelong bosigo, ba fitlhela Saule a robetse a thulametse fa gare ga dikoloi; lerumo la gagwe le tsepame fa fatshe fa tlhogong ya gagwe; Abenere le banna ba robetse ba mo dikanyeditse.
8 Ke fa Abisai a raya Dafita a re: “Modimo o neetse mmaba wa gago mo diatleng tsa gago kajeno. Nte ke mo tlhabakelele fa fatshe ka lerumo la gagwe gangwe fela; ga go kitla go batlega la bobedi.”
9 Dafita a raya Abisai a re: “O se ka wa mmolaya! Gonne ga go ope yo o ka ntshetsang motlodiwa waMorenaletsogo, mme a se ka a bona petso.”
10 Dafita a ba a re: “Ka bophelo jwaMorena! Ruri,MorenaO tla mo itaya gongwe go tla tla letsatsi la gagwe la go swa gongwe o tla bolawa mo ntweng.
11 AMorenaa nthibele go ka ntshetsa motlodiwa waMorenaletsogo. Jaanong he, tsaya lerumo le le fa tlhogong ya gagwe le modutwana wa metsi, re tsamae.”
12 Jaanong Dafita a tsaya lerumo le modutwana wa metsi fa tlhogong ya ga Saule, ba tsamaya go se na ope yo o ba bonang gongwe yo o lemogang sepe gongwe yo o thanyang; gonne ba ne ba robetse botlhe, ba thulameditswe keMorena.
13 Dafita a ba a tshelela kwa moseja ga molapo, a ema mo setlhoeng sa thaba kwa kgakala go le sebaka se segolo fa gare ga bone.
14 Jaanong Dafita a tlhaeletsa banna le Abenere morwa Nere a re: “A ga o arabe, Abenere?” Abenere a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeletsang kgosi?”
15 Mme Dafita a fetola Abenere a re: “A ga o monna? Ke mang yo o tshwanang nao mo Iseraeleng? Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o sa disa morena wa gago, kgosi? Gonne mongwe wa banna o fitlhile koo, a re o bolaya kgosi morena wa gago.
16 Se o se dirileng ga se a siama. Ka bophelo jwaMorena! Lo tshwanetswe ke loso, gonne ga lo a disa morena wa lona, motlodiwa waMorena. Jaanong he, tlhola gore lerumo la kgosi le kae? Modutwana wa metsi o o neng o le fa tlhogong ya yona o kae?”
17 Ke fa Saule a lemoga lentswe la ga Dafita a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” Dafita a araba a re: “Ke lone, kgosi, morena wa me.”
18 A ba a re: “Ke ka ntlha ya eng fa morena wa me a latelela motlhanka wa gagwe? Naare ke dirile eng? Go na le bosula bofe mo seatleng sa me?
19 Jaanong he, a kgosi morena wa me e ke e reetse mafoko a motlhanka wa yona: FaMorenaa go tlhotlheletsa gore o lwe le nna, a a utlwisiwe monko wa tshupelo! Mme fa e le batho, a ba hutsege fa pele gaMorena! Gonne ba nteleka kajeno, ba ntlhokisa legae mo nageng yaMorenaba re: ‘Yaa o direle medimo e sele.’
20 Mme jaanong, a madi a me a se ka a tshologela fa fatshe ke le kgakala le sefatlhego saMorena! Gonne kgosi ya Iseraele e bolotse go batla letsetse le le lengwe fela, jaaka go tsongwa lesogo kwa majweng.”
21 Saule a re: “Ke leofile. Boa, morwaaka Dafita! Gonne ga nkitla ke tlhola ke go direla bosula, ka gonne bophelo jwa me bo ne bo tlotlega thata kajeno mo matlhong a gago. Ka nnete, ke dirile bosilo, ka fosa gagolo thata”
22 Mme Dafita a fetola a re: “Bona, lerumo la kgosi ke le. A mongwe wa makau a tshelele kwano, a tle go le tsaya.
23 MmeMorenao tla duela mongwe le mongwe ka fa tshiamong ya gagwe le boikanyegong jwa gagwe; gonneMorenao ne a go neetse mo diatleng tsa me kajeno, mme ka bo ke sa rate go ntshetsa motlodiwa waMorenaletsogo.
24 Bona, bophelo jwa gago bo ne bo kaiwa segolo kajeno mo matlhong a me, a bophelo jwa me bo kaiwe segolo jalo mo matlhong aMorena, a mpholose mo tlalelong yotlhe.”
25 Jaanong Saule a raya Dafita a re: “O tshegofaditswe, morwaaka Dafita. Ruri, o tla dirafatsa, o tswelela pele.” Jaanong Dafita a wela tseleng ya gagwe, Saule le ene a boela kwa felong ga gagwe.