Dafita o tshabela kwa Bafelesiteng
1 Dafita o ne a akanya gore: “E tla re ka letsatsi le lengwe ke bolawe ke letsogo la ga Saule. Ga go ka tsela e nngwe fa e se go falolela kwa lefatsheng la Bafelesita gore Saule a ntlhoboge, a se tlhole a mpatla mo nageng yotlhe ya lseraele. Ke tla tšhomoga jalo mo diatleng tsa gagwe.”
2 Ke fa Dafita, ene le banna ba le 600 ba ba nang nae, a ya kwa go Agiše, morwa Maoge, kgosi ya kwa Gathe.
3 Dafita a nna jalo le Agiše kwa Gathe, ene le banna ba gagwe; mongwe le mongwe a na le ba lapa la gagwe. Dafita a na le basadi ba babedi ba gagwe, Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele.
4 Ya re Saule a sena go bolelelwa gore Dafita o tshabetse kwa Gathe, a se ka a tlhola a mmatla.
5 Letsatsi le lengwe Dafita a raya Agiše a re: “Fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a nke ke newe manno mo motseng mongwe wa metse e e kwa nageng gore ke nne teng. E ka nna ka ntlha ya eng, fa motlhanka wa gago a nna nao mo motseng wa kgosing?”
6 Ke fa Agiše a mo naya motse wa Sitlage ka letsatsi leo. Ke ka moo Sitlage e leng wa dikgosi tsa Juta go fitlha letsatsing leno.
7 Palo ya malatsi a Dafita o neng a nna mo nageng ya Bafelesita ka ona e ne e le ngwaga le dikgwedi di le nne.
8 Dafita le banna ba gagwe ba nna ba bolola ba tlhasela Bakesure le Bakiresi le Baamaleke. Gonne ke bone baagi ba lefatshe leo le le simologang kwa Telame le ya go fitlha kwa Sure le kwa lefatsheng la Egepeto.
9 Mme e ne ya re fa Dafita a itaya lefatshe leo, a se ke a rekegele monna ope gongwe mosadi, a ba amoge dinku le dikgomo le diesele le dikammele le diaparo, a be a boe a fitlhe kwa go Agiše.
10 Jaanong fa Agiše a botsa a re: “Lo tswa go tlhasela kae gompieno?” Dafita a arabe a re: “Kwa nageng ya borwa ya Juta le kwa nageng ya borwa ya Bajeramele le kwa nageng ya borwa ya Bakeni.”
11 Dafita o ne a sa lese monna gongwe mosadi go phela le e seng go isiwa kwa Gathe, gonne a re: “Ba ka tla ba supa ka ga rona ba re: ‘Dafita o dirile jaana le jaana.’ ” E ne e le ona mokgwa wa gagwe ka malatsi otlhe a o neng a nna mo nageng ya Bafelesita ka ona.
12 Agiše a ikanya Dafita a re: “Ruri, o nkgela morafe wa ga gabo, e bong Baiseraele. O tla nna motlhanka wa me ka metlha.”