Modimo o bua le Samuele
1 Samuele wa lekau o ne a ntse a direlaMorenafa pele ga Eli, mme lefoko laMorenale ne le tlhokafala thata ka sebaka seo, go se na dipono tse dintsi.
2 Jaanong ga dirafala ka sebaka seo Eli a bo a robetse mo felong ga gagwe, mme matlho a gagwe a ne a simolotse go koafala, a sa kgone go bona sentle;
3 lobone lwa Modimo lo ise lo time, Samuele ene a robetse mo Tempeleng yaMorenakwa Letlole la Modimo le leng teng.
4 Ke faMorenaa bitsa Samuele. A araba a re: “Ke fano.”
5 A ba a tabogela kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o no o mpitsa.” Mme a fetola a re: “Ga ke a go bitsa. Boa o ye go robala.” A ya go robala.
6 JaanongMorenaa bitsa Samuele gape. Samuele a tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” A fetola a re: “Ga ke a go bitsa, morwaaka. Boa o ye go robala.”
7 Kana Samuele o ne a ise a itseMorena; a ise a senolelwe lefoko laMorena.
8 Morenaa boela a bitsa Samuele la boraro. A tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” Ke fa Eli a lemoga gore lekau le bidiwa keMorena.
9 Ka moo Eli a raya Samuele a re: “Yaa o robale. Mme e re fa o bidiwa gape, o arabe o re: ‘Bua,Morena, gonne motlhanka wa gago o reeditse.’ ” Samuele a ya, a robala gape mo felong ga gagwe.
10 Ke faMorenaa tla, a ema, a bitsa jaaka kgantele a re: “Samuele, Samuele!” Samuele a araba a re: “Bua, gonne motlhanka wa gago o reeditse.”
11 Morenaa raya Samuele a re: “Bona, ke tla dira tiro mo Iseraeleng e ditsebe tse pedi tsa mongwe le mongwe yo o e utlwang di tla kuruetsang ka yona.
12 Ka letsatsi leo ke tla dirafaletsa Eli tsotlhe tse ke di buileng ka ga lelapa la gagwe go tswa tshimologong go ya bokhutlong.
13 Kana ke mo itsisitse ka re, ke tla atlhola lelapa la gagwe go ya bosakhutleng ka ntlha ya molato, ka a ne a itse gore bomorwawe ba dira se se ba ronang, mme a se ka a ba omanya.
14 Ke ka moo ke ikanetseng lelapa la ga Eli ka re, molato wa lelapa la ga Eli ga o kitla o itshwarelwa ka setlhabelo le e seng ka tshupelo go ya bosakhutleng.”
15 Samuele a lala fa fatshe go ya mosong. A tsoga phakela, a bula Ntlo yaMorena. Fela Samuele a boifa go begela Eli pono eo.
16 Ke fa Eli a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka!” A araba a re: “Ke fano.”
17 A mmotsa a re: “Ke eng se o se boleletsweng? A ko o se ntobele sepe. A Modimo o go betse jaana, o go okeletse jaana, fa o ka ntobela sengwe sa tsotlhe tse o di boleletsweng.”
18 Ke fa Samuele a mmolelela mafoko aotlhe, a se ka a mo lobela sepe. Mme Eli a re: “KeMorena. A a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.”
19 Samuele a gola, mmeMorenaa na nae, a se ka a leseletsa lefoko lepe la mafoko a gagwe go wela fa fatshe.
20 Baiseraele botlhe go tswa kwa Dane go fitlha kwa Bereseba ba lemoga gore Samuele ke moporofeti yo o ikanyegang waMorena.
21 Morenaa tswelela pele go iponatsa kwa Silo. GonneMorenao ne a itshenolela Samuele kwa Silo ka lefoko laMorena.