1 SAMUELE 31

Loso lwa ga Saule le lwa bomorwawe

1 Jaanong e rile Bafelesita ba tlhabana le Baiseraele, banna ba Iseraele ba lelekwa ke Bafelesita, mme ba wa ba bolailwe kwa dithabeng tsa Gileboa.

2 Jaanong Bafelesita ba khutšhela Saule le bomorwawe, ba bolaya Jonathane le Abinatabe le Malekhišua bomorwa Saule.

3 Ya re tlhabano e le bogale mo tikologong ya ga Saule, mme banna ba ba hulang ka mara ba mo lemoga, a tlhabakwa thata ke bahudi.

4 Ke fa Saule a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba mphololetsa, ba ntshotla.” Mme motshola-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Foo Saule a tsaya tšhaka, a itigela mo go yona.

5 Ya re motshola-dibolai wa gagwe a bona Saule a sule, le ene a itigela mo tšhakeng ya gagwe, a swa nae.

6 Saule le bomorwawe ba bararo le motshola-dibolai wa gagwe le banna botlhe ba gagwe ba ne ba swa jalo mmogo ka letsatsi leo.

7 Jaanong ya re banna ba Iseraele ba ba neng ba le kwa ntlheng ele ya leboa le ka kwano ga Joretane ba bona banna ba Iseraele ba tshabile, le Saule a sule le bomorwawe, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; ga tla Bafelesita ba nna mo go yona.

8 Ya re kamoso Bafelesita ba tla go thukhutha ba ba bolailweng dilo, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba bararo ba namaletse mo dithabeng tsa Gileboa,

9 ba mo kgaola tlhogo, ba mo apola dibolai, ba di romela kwa lefatsheng la Bafelesita ntlheng tsotlhe e le go utlwatsa phenyo mo tempeleng ya medimo ya bone le mo morafeng.

10 Dibolai tsa gagwe ba di baya mo tempeleng ya boAšethorethe; setoto sa gagwe ba se kokotela mo loboteng lwa Betšheane.

11 Ya re baagi ba Jabese kwa Gileate ba utlwela tse Bafelesita ba di diretseng Saule,

12 banna botlhe ba ba pelokgale ba nanoga, ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba tsaya setoto sa ga Saule le ditoto tsa bomorwawe kwa loboteng lwa Betšheane, ba di isa kwa Jabese, ba feta ba di fisa teng;

13 marapo one ba a fitlha fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Jabese, ba itima dijo malatsi a supa.