Letlole la Kgolagano le imela Bafelesita
1 Bafelesita ba ne ba tsaya Letlole la Modimo kwa Ebenesere, ba le isa kwa Ašetote.
2 Jaanong Bafelesita ba tsaya Letlole la Modimo, ba le isa kwa ntlong ya Dagone,ba le baya fa thoko ga Dagone.
3 Mme ya re ba Ašetote ba phakela kamoso, ba fitlhela Dagone a ole, a patlame fa pele ga Letlole laMorena. Ke fa ba tsaya Dagone, ba mmaya gape mo felong ga gagwe.
4 Jaanong ya re ba phakela ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone gape a ole, a patlame fa pele ga Letlole laMorena, a kgaotswe tlhogo le diatla di le fa serepoding; go setse mmele wa gagwe fela.
5 Ke ka moo baperesiti ba Dagone le botlhe ba ba tsenang mo ntlong ya Dagone ba sa gateng mo serepoding sa Dagone kwa Ašetote go fitlha letsatsing la kajeno.
6 Seatla saMorenasa nna sa imela ba Ašetote jalo, a ba senya, a ba otla ka ditlhagala, ba Ašetote le ba dinaga tsa teng.
7 Ya re banna ba Ašetote ba bona go le jalo, ba re: “A Letlole la Modimo wa Iseraele le se ka la nna mo go rona; gonne seatla sa ona se re imela le Dagone modimo wa rona.”
8 Jaanong ba roma, ba phuthela dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita kwa go bone ba re: “Re ka dira eng ka Letlole la Modimo wa Iseraele?” Tsa re: “A Letlole la Modimo wa Iseraele le isiwe kwa Gathe.” Ke fa ba le isa teng.
9 Mme ya re ba sena go le isa teng, seatla saMorenasa lwa le motse oo ka tlhakatlhakanyo e kgolo thata, a otla banna ba motse oo ba bagolo le ba bannye, ba duwa ke ditlhagala.
10 Ke fa ba romela Letlole la Modimo kwa Ekerone. Mme ya re Letlole la Modimo le fitlha kwa Ekerone, ba Ekerone ba goa ba re: “Ba tlisitse Letlole la Modimo wa Iseraele kwa go rona go re bolaya le morafe wa rona.”
11 Ke fa ba roma ba phutha dikgosana tsotlhe tsa Bafelesita ba re: “Romelang Letlole la Modimo wa Iseraele kwa gongwe, a le boele kwa felong ga lone gore le se ka la re bolaya le morafe wa rona.” Motse otlhe o ne o tshogile lwa go swa. Seatla sa Modimo sa ba imela thata gona.
12 Batho ba ba se kang ba swa ba bediwa ka ditlhagala; go lela ga motse ga tlhatlogela kwa legodimong.