Letlole la Modimo le busediwa kwa Baiseraeleng
1 Letlole laMorenale ne le le mo nageng ya Bafelesita dikgwedi di supa.
2 Jaanong Bafelesita ba bitsa baperesiti le baitseanape ba re: “Re ka dirang ka Letlole laMorena? Re akanyetseng gore re ka le romela jang kwa felong ga lone?”
3 Ba re: “Fa lo rata go romela Letlole la Modimo wa Iseraele, lo se ka lwa le romela le se na sepe. Gonne lo tshwanetse go o ntshetsa setlhabelo sa molato. Foo lo tla fodisiwa, mme lo tla itse gore ke ka ntlha ya eng fa seatla sa ona se ne se sa lo tlogele.”
4 Ba botsa ba re: “Setlhabelo sa molato re ka o ntshetsa se se ntseng jang?” Ba re: “A e nne ditlhagala di le tlhano tsa gouta le dipeba di le tlhano tsa gouta ka fa palong ya dikgosana tsa Bafelesita, gonne petso e lo wetse le dikgosana tsa lona ka go tshwana.
5 Dirang ditshwantsho he tsa ditlhagala tsa lona le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona tse di senyang lefatshe le, lo neele Modimo wa Iseraele tlotlo. Ka gongwe o tla tlhofofatsa letsogo la ona, le sa tlhole le lo imela le modimo wa lona le lefatshe la lona.
6 Ke ka ntlha ya eng fa lo thatafatsa dipelo tsa lona jaaka Baegepeto le Farao ba ne ba thatafaditse dipelo tsa bone? A ga ke re, e rile Modimo o sena go ba bontsha thata ya ona, ba naya Baiseraele tsela, ba tsamaya!
7 Mme jaanong tsayang tse di batlegang, lo dire koloi e ntšhwa, lo tsee dikgomo tse pedi tse di amusang, tse di iseng di ke di rwesiwe joko; lo golege dikgomo mo koloing, lo busetse dinamane tsa tsona kwa sakeng, di di hularele.
8 Lo be lo tsee Letlole laMorena, lo le bee mo koloing le dilo tsa gouta tse lo di mo ntsheditseng go nna tshupelo ya molato, lo di tsenye mo letlojaneng fa thoko ga lone. Lo le bolotse jalo, le tsamae!
9 Mme elang tlhoko: Fa le ya kwa nageng ya lone, le tlhatlogela kwa Betšhemeše, foo e tla bo e le ona Modimo o o re diretseng petso e kgolo e; mme fa go sa nna jalo, foo re tla itse gore ga se letsogo la ona le le re iteileng. Ke kotsi fela e e re wetseng e sa romelwa ke ope.”
10 Batho ba dira jalo, ba tsaya dikgomo tse pedi tse di amusang, ba di golega mo koloing, ba tlhatlhela dinamane tsa tsona mo lesakaneng.
11 Ba pega Letlole laMorenamo koloing le letlojana le le nang le dipeba tsa gouta le ditshwantsho tsa ditlhagala tsa bone.
12 Mme dikgomo tsa tlhamalala fela le tsela e e yang kwa Betšhemeše; tsa tsamaya mo tseleng e kgolo e le nngwe di ntse di lela, mme di sa fapogele mo ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema. Dikgosana tsa Bafelesita tsa di sala morago go ya go fitlha nageng ya Betšhemeše.
13 Ba Betšhemeše ba ne ba roba mabele mo lebaleng. Ya re ba tsholetsa matlho, ba bona Letlole, ba itumela go le bona.
14 Koloi ya gorogela fa tshimong ya ga Jošua wa kwa Betšhemeše, ya ema teng. Ga bo go le lefika le legolo teng. Jaanong ba fatsa dikgong tsa koloi, dikgomo ba di tlhabelaMorena, ba dira setlhabelo sa phiso.
15 Balefi ba ne ba folositse Letlole laMorenale letlojana le le nang nalo le dilo tsa gouta di neng di le mo go lone, ba di beile mo lefikeng le legolo leo. Ka letsatsi leo banna ba Betšhemeše ba direlaMorenaditlhabelo tsa phiso, ba mo tlhabela ditlhabelo.
16 Ya re dikgosana tse tlhano tsa Bafelesita di sena go bona jalo, tsa boela kwa Ekerone ka letsatsi leo.
17 Ditlhagala tsa gouta tse Bafelesita ba neng ba di direlaMorenago nna tshupelo ya molato ke tse: Nngwe e ne e le ya Ašetote, e nngwe e le ya Gasa, e nngwe e le ya Ašekalone, e nngwe e le ya Gathe, e nngwe e le ya Ekerone.
18 Ba di okeletsa dipeba tsa gouta ka fa palong ya metse yotlhe ya Bafelesita e e leng ya dikgosana tse tlhano, ya metse e e femetsweng le ya metsana e e sa agelelwang ya naga fela. Mme lefika le legolo le ba beileng Letlole laMorenamo go lone e ntse e le sesupo kwa tshimong ya ga Jošua wa kwa Betšhemeše go fitlha letsatsing la kajeno.
19 Mme bomorwa Jegonya ba se ka ba itumela le batho ba Betšhemeše ba ba neng ba lebile Letlole laMorenaka boitumelo. Ke faMorenaa bolaya banna ba le 70 mo go bone. Mme morafe wa hutsafala, kaMorenaa bolaile ba ba kalo ba bone.
Letlole la Morena le isiwa kwa Khiriathe-Jearime
20 Jaanong banna ba Betšhemeše ba re: “Ke mang yo o ka kgonang go ema fa pele gaMorena, Modimo o o boitshepo o? Mme o tla ya kwa ga mang, fa o tloga mo go rona?”
21 Ka moo ba roma barongwi kwa baaging ba Khiriathe-Jearime ba re: “Bafelesita ba busitse Letlole laMorena. Fologang, lo le tsee, lo le ise kwa ga lona.”