1 Banna ba Khiriathe-Jearime ba tla, ba tsaya Letlole laMorena, ba le isa kwa ntlong ya ga Abinatabe e e kwa thoteng; ba itshepisa Eleasare morwawe gore a dise Letlole laMorena.
Samuele o busa Baiseraele
2 Go tloga letsatsing leo Letlole le ileng go nna kwa Khiriathe-Jearime ka lone ga feta sebaka se seleele sa dinyaga di le 20, mme Baiseraele botlhe ba lela, ba lelaMoreneng.
3 Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwaMorenengka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineeleMorenaka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”
4 Ke fa Baiseraele ba tlosa boBaale le boAšethorethe, ba direlaMorenaa le esi.
5 Samuele a ba a re: “Phuthelang Baiseraele botlhe kwa Mitsepha gore ke lo rapeleleMorena.”
6 Ke fa ba phuthegela kwa Mitsepha, ba ga metsi, ba a tshololela fa pele gaMorena, ba itima dijo ka letsatsi leo, ba ipobola teng ba re: “Re leofetseMorena.” Mme Samuele a siamisa Baiseraele kwa Mitsepha.
7 Jaanong e rile Bafelesita ba utlwa gore Baiseraele ba phuthegetse kwa Mitsepha, dikgosana tsa Bafelesita tsa bololela Baiseraele; ya re Baiseraele ba utlwa jalo, ba boifa Bafelesita.
8 Mme Baiseraele ba raya Samuele ba re: “Se khutle go re rapelelaMorena, Modimo wa rona, gore a re pholose mo diatleng tsa Bafelesita.”
9 Ke fa Samuele a tsaya kwanyana e e anyang e le nngwe, a e tlhabelaMorenago nna setlhabelo se se fisiwang gotlhe; le gona Samuele a rapelaMorena, a rapelela Baiseraele, mmeMorenaa mo utlwa.
10 Jaanong ya re Samuele a sa ntse a fisa setlhabelo, Bafelesita ba atamela go tlhabana le Baiseraele. MmeMorenaa dumisa maru ka tumo e kgolo godimo ga Bafelesita ka letsatsi leo, a ba raraanya, mme ba fenngwa ke Baiseraele.
11 Mme banna ba Iseraele ba bolola kwa Mitsepha, ba khutšhela Bafelesita, ba ba bolaya go ya go fitlha kwa tlase ga Bethe-Kara.
12 Ke fa Samuele a tsaya lefika, a le tlhoma fa gare ga Mitsepha le Šene, a le taya leina la Ebenesere,a re: “Morenao re thusitse go fitlha kajeno.”
13 Bafelesita ba ne ba kokobediwa jalo, ba se ka ba tlhola ba tla gape mo nageng ya Iseraele. Mme seatla saMorenasa nna sa imela Bafelesita ka malatsi aotlhe a ga Samuele.
14 Le metse e Bafelesita ba neng ba e amogile Baiseraele ya boela kwa Baiseraeleng go tloga kwa Ekerone go fitlha kwa Gathe. Le naga ya yona Baiseraele ba e gapa mo diatleng tsa Bafelesita. Le gona ga nna kagiso fa gare ga Baiseraele le Baamori.
15 Samuele a siamisa Baiseraele ka malatsi aotlhe a botshelo jwa gagwe.
16 O ne a tle a tsamaya ka ngwaga le ngwaga, a etele Bethele le Gilegala le Mitsepha, a atlhole Baiseraele mo mafelong aotlhe ao.
17 A be a boele kwa Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gona; a atlhole Baiseraele gona. Le gona a agelaMorenaaletare teng.